LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 11/15 ts. 30-31
  • Bosupi jwa Tshireletso ya Bomodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bosupi jwa Tshireletso ya Bomodimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditemana di Boikanngo go le Kana Kang?
  • Karolwana e e Botlhokwa ya Efangele ya ga Johane
  • Letlotlo la Bogologolo le Bonwa mo Matlakaleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A Baebele E na Le Pego e e Nepileng ya Botshelo Jwa ga Jesu?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Mekwalo ya Seatla ya Bogologolo—Re Itse Jang Gore e Kwadilwe Leng?
    Tsogang!—2008
  • Thuto ya bo 6—Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo tse di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 11/15 ts. 30-31

Bosupi jwa Tshireletso ya Bomodimo

LEFOKO le le tlhotlheleditsweng la Modimo le tlisitswe mo go rona le ntse le tlhomame, mme re tshwanetse go leboga Mokwadi wa Bibela segolo bogolo ka go e boloka jalo ka mo go gakgamatsang. Go na le mekwalo e e ka nnang 6 000 va Dikwalo tsa Sehebera tsotlhe kana dikarolo tsa vone le e e ka nnang 5 000 va Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.

“Lehoko va ga Yehofa le nntse ka bosakhutleñ.” (1 Petere 1:25) Mme babatlisisi ba motlha wa segompieno ba lemogile eng mabapi le go sirelediwa ga Lefoko la gagwe le le Boitshepo?

Ditemana di Boikanngo go le Kana Kang?

Tota ditemana tsa Dikwaio tsa Bokeresete tsa Segerika di ka ikanngwa go le kana kang? Di boikanngo eleruri, bogolo jang fa re tihatlhoba Dikwaio tse dingwe tse di neng tsa nna gone bogologolo. Ntiha eno e ne ya tlotlomadiwa mo bukeng ya Auf den Spuren Jesu (Mo Dikgatong tsa ga Jesu), e e kwadilweng ke Gerhard Kroll. Ka sekai, mokwadi o bontshitse gore, ke mekwalo ya koma e le merataro fela e e neng ya bolokwa ya motlhalefi wa Mogerika Aristotle, (lekgolo la bone la dingwaga B.C.E.), tseo gantsi letlha la tsone e leng la lekgolo la bosome la dingwaga C.E. kana morago ga moo. Dikwalo tsa ga Plato (lekgolo la bo-4 la dingwaga B.C.E.) di ne tsa atlega go sekaenyana. Go na le mekwaio e le bosome ya gagwe eo letlha la yone e leng pele ga lekgolo la bo-13 la dingwaga. Mabapi le Herodotus (lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.), go na le dikarolwana tse di ka nnang 20 tsa mekwalo ya koma tseo letlha la tsone eleng lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. le morago ga lone. Letlha la mekwaio ya gagwe ya ntlha e e feletseng ke go tloga ka lekgolo la bolesome la dingwaga. Mme letlha la mekwalo ya ntlhantlha e e kwadilweng ke Josephus le fitlha fela mo lekgolong la bo-11 la dingwaga.

Go farologana le seno, ditemana tsa Dikwaio tsa Segerika tsa Bokeresete (tseo di feleleditsweng ka lekgolo lantlha la dingwaga C.E.) di supelwa ke dikarolwana tsa lekgolo la bobedi la dingwaga le ke di}melo tse di feletseng tsa tsone tsa lekgolo la bone la dingwaga. Go ya ka Kroll, go na le dikoma di le 81 tsa lekgolo la bo-2 la dingwaga go fitlha ka la bo-7, dikwalo di le 266 tsa mokwaio wa uncial tsa go tloga ka lekgolo la bo-4 la dingwaga go ya go lekgolo la bo-10 la dingwaga, le dikwalo tse 2 754 tsa mokwalo o o sekameng tsa go tloga ka lekgolo la bo-9 go fitlha go la bo-15 la dingwaga, gammogo le dikwalo dingwe gape tse 2 135. Tsotlhe tseno di re thusa go tlhomamisa ditemana tsotlhe tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete. Ee, ka jalo, di supela gore di boammaaruri eleruri.

Karolwana e e Botlhokwa ya Efangele ya ga Johane

Ke mang yo o neng a ka lebelela go bona bontlhanngwe jwa mokwaio o o tihokegang thata-thata wa Bibela mo thothobolong ya matiakala? Lefa go le jalo, ke gone koo karolo e e ootihokwa thata ya kgaolo ya bo-18 ya Efangele ya ga Johane e neng e fitlhelwa gone. E jaanong e itsegeng jaaka John Rylands Papyrus 457 (P52), e bolokilwe kwa Manchester mo Ennyelane. E bonwe jang, mme ke ka ntlhayang fa e le botihokwa jaana?

Fa lekgolo leno la dingwaga le simologa, bafatolodi ba ne ba epolola dikarolwana di le dintsi tsa koma, go akareletsa le makwaio, dirasiti, dithapedi, le dikwaio tsa go bala batho, gammogo le makwaio a mangwe gape ka kwantle ga toropo ya Oxyrhynchus mo kgaolong ya El Faiyom, kwa Egepeto. Bontsi jwa yone e kwadilwe ka Segerika, yotlhe e ne e bolokilwe mo motihabeng o o omileng ka makgolokgolo a dingwaga.

Ka ngwaga wa 1920, John Rylands Library ya Manchester e ne ya kgobokanya dikwaio tseno tsa koma. Dingwaga di le some le bone moragonyana, fa motlhotihomisi mongwe ebong C. H. Roberts a ne a ntse a baya dikarolwana dingwe ka thulaganyo, o ne a bona mafoko mangwe a a neng a lebega a tlwaelegile mo go ene. A o ko o akanye fela kafa a neng a itumela ka teng fa a ne a lemoga gore a ne a tswa mo go Yohane kgaolo 18, dikarolo tsa ditemana 31 go ya go 33 di le kafa letlhakoreng le lengwe la karolwana le dikarolo dingwe tsa temana ya 37 le 38 di le kafa letlhakoreng je lengwe (letlhakore la malema la letlhare). Karolwana eno ya koma e ne ya itshupa e le karolwana ya ntlha-ntlha ya go itsege ya mokwalo wa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete e e kileng ya bonwa. E ne e kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo tsa Segerika tse di bidiwang uncials, mme e nnile gone mo karolong ya ntlh8. ya lekgolo la bobedi la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng.

Karolwana eno e disentimetara di le 8,9 ka boleele le 6,4 ka bophara. Letlha la dikarolwana tseno le kgona go tlhomarnisiwajang ka tsepamo? Gantsi ke ka go tlhatlhoba tsela ya mokwalo, ebong boitseanape jo bo bidiwang paleography. Mekwalo yotlhe ya seatla e nna e ntse e fetoga fa dingwaga di ntse di tsamaya, mme diphetogo tseno ke tsone di bontshang bogologolo jwa mokwalo, mme go na le selekanyo se se rileng sa diphoso dingwe tse di neng tsa nna gone mo dingwageng dingwe le dingwe. Mokwalo o o feletseng oo karolwana e leng bontlhanngwe fela o ne wa kwalololwa gape ka nako e e atamalaneng thata le ya fa Johane ka boene a ne a kwala Efangele eo ya pele. Go bonala gore, go ne go na le pharologano ya dingwaga tse di ka nnang 30 kana 40 fela. Mme re ka tlhomarnisega gore pego ya ga Johane e ne ya seka ya fetolwa ke bakwadi ha moragonyana, ka go bo ditemana tsa karolwana eo di dumalana sentle fela le tseo di neng tsa bonwa mo mekwalong ya moragonyana.

Pele go bonwa tseno, baganetsi ha ne ba tatalala gore Efangele ya ga Johane e ne e se dikwalo tse di tlhomameng tsa moaposetoloi yono wa ga Jesu mme di ne di kwadilwe nako nngwe moragonyana, go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga. Go farologana le seo, go phepafetse jaanong gore karolwana ya Efangele eno ya ga Johane e ne e le gone mo karolong ya ntlha ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. kwa Egepeto, mme eseng jaaka momeno, mme e le buka ya mofuta wa codex. Abo go ne go gakgamatsa jang gore karolwana ya koma e e bonweng koo e e neng e bonala e se botlhokwa e ne ya didimatsa haganetsi bao ka botlalo!

[Lebokoso mo go tsebe 31]

KOMA

KOMA ke setlhatshana seo se tlhogang mo metsing a a seng boteng, a a sa eleleng, kana go hapa le matshitshi a dinoka tse di elelang di iketlile, jaaka ya Nile. (Yobe 8:11) Pampiri ya koma e ka nna ya bo e ile ya dirisiwa jaaka sekwalelo ka nako ya ga Aberahame. Moragonyana, madirelo a yone e ne e le mangwe a a magolo thata mo Egepeto wa bogologolo. Fa ha e dira, ha ne ha latela mokgwa o o motlhofo. Bogare jwa yone bo ne bo segiwa ka boloole mme diphatsa tse di segilweng di bo di hapisiwa mmogo, mme sekgethe sengwe se bo se ngaparediwa go kgabaganya tse dingwe. Di ne di gatisediwa di bo di dirwa pampiri, di omisiwa mo letsatsing, mme morago di bo di tshasiwa ka galase e e sitsweng, dikgapa, kana lonaka lwa tlou. Ditsebe tseno di ne di tshwaraganngwa go dira momeno, oo boloole jwa one bo neng bo ka nna fa gare ga dimitara di le nne le di le thataro, lefa go na le o mongwe o o bolokilweng o o dimitara tse 41 ka boloole. Ka tsela nngwe gape, go ne go ka nna ga menwa makakaba go dira buka ya mofuta wa codex, eleng mofuta wa mokwalo o o neng o itsege thata mo Bakereseteng ba pele.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

LETLALOKWALO LE KWITISO

ALEXANDRINE CODEX ya lekgolo la botlhano la dingwaga, eo kwa tshimologong e neng e na le Bibela yotlhe, e kwaletswe mo kwitisong. Sekwalelo sena ke eng, mme se farologana jang le letlalokwalo?

Go tswa mo metlheng ya pele, letlalokwalo le ne le dirwa ka letlalo la nku, letlalo la podi, kana letlalo la namane. Le ne le dirwa ka go fala boboa mo matlalong a a tlhatswitsweng, ao jaanong a neng a hapolwa gore a orne. (Bapisa 2 Timotheo 4:13.) Mo lekgolong la boraro le la bo-ne la dingwaga la Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng, go ne ga dirwa pharologano gareng ga mefuta ya dikwalelo, tseo di neng di le magwata di ne tsa tswelela go itsiwe jaaka letlalokwalo, tse di boleta, jaaka kwitiso. Go dira kwitiso, go ne go dirisiwa fela matlalo a namane, kana potsane kana sefolotsane sa namane kana a dikonyana. A ne a dira dikwalelo tse di tshesane tse di boleta tse ditshweu tse di dirisiwang mo dibukeng tse di botlhokwa go fitlhelela go tlharniwa tsela ya kgatiso-ditlhaka, koo go neng go dirisiwa pampiri eo e neng e le botoka ebile e le tlhwatlhwa e potlana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela