LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 11/15 ts. 25-29
  • Go Bulatsela mo Dintshing tsa Amazon

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bulatsela mo Dintshing tsa Amazon
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Mekgwa e e Rulagantsweng ya go Rera
  • Maitemogelo a a Omosang Pelo
  • Kganetso ya Moruti e a Palelwa
  • Go Agiwa ga Holo ya Bogosi ya kwa Kgakala
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 11/15 ts. 25-29

Go Bulatsela mo Dintshing tsa Amazon

DIKGWA tsa Amazon! Mongwe le mongwe o ka ne a setse a utlwile ka tsone. Mme ke ba le mmalwa fela ba ba ileng ba nna le sebaka sa go ya go di bona. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, babulatsela ba le mmalwa, kana badihedi ba nako e e tletseng ba ne ba dira fela jalo. Se se botlhokwa le eleng go feta, ba ne ba isa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo koo. Ba di ris a mokoro wa Mokgatlho wa Watch Tower El Refugio (The Refuge, [Botshabelo]), ba ile ba kgabaganya dikgwa tsa Amazon ka dinoka tse di fapaanang le go kgabaganya bokonebotlhaba jwa Peru.

Abo sena e nnile kabelo e e itumedisang jang ne! Meratshwana e le mentsinyana ya Ba-India e gasagane mo tshimong eno e kgolo. Chacras tse dinnye, kana masimo, di fitlhelwa go bapa le Noka go iphaphatha le lotshitshi le mo teng ga dikgwa tse di lefifi. Lefa ba nna kwa bothokong, batho bano le bone ba tshwanetse go ikamogelela molaetsa wa botshelo wa Bibela.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

Gaufi le toropo e e mo sekgweng ya Iquitos, dinoka tse pedi tse dikgolo—tse di bofefo le tse di itsoketsang tsa Ucayali le Marañón—di kopana go dira Amazon e kgolo. Dinoka tse di elelang di sa kgaotse tseno, tse di itsoketsang, le go dira makhubu, di gogola matshitshi di bile di khumola ditlhare tse dikgolo fa di elela. Di dira matshitshi a metlhaba nako le nako ka jalo di fetole tsela ya go elela ga tsone.

Fa se ntse se lelemela go bapa le noka ya Ucayali, El Refugio se ne sa tsenelela mo lotshitshing lo lo motlhaba lo lo khurumeditsweng ke metsi. Go kgotlhokgotshega ga tshoganyetso go ne ga phepheula bapalami mme go itshwarelela ga bone ka ditshipi le mephakalego ya mokoro go ne ga dira gore ba seka ba wela ka kwantle ga mokoro. Mokgweetsi o ne a leka go busetsa mokoro kwa morago, mme ga seka ga thusa sepe. O ne o ikepetse. Jalo bakaulengwe ba barataro ba ba neng ba le mo mokorong ba ne ba tlhobola diaparo mme ba sala fela ka marokgwe a makhutshwane, ba tlolela mo lotshitshing lo lo motlhaba, mme ba simolola go folosa mabokoso a dibuka a le 40 go leka go tlhofofatsa morwalo. Ka bofefo fela, mongwe wa bapalami o ne a goa are: “Bonang! Noga ya noka e palama mo mokorong.” Go ne go le jalo eleruri, noga e e botala jo bo phatsimang jwa tlhaga e e boleele jwa dimitara di le pedi e ne e iphaphathile go palamela kafa thoko ga mokoro. Mme morago ga go itewa go sekae ka bofefo ka mootlwana, e ne ya boela gape mo nokeng. Go ise go e kae, fa morwalo o sena go tlhofofadiwa, mokoro o ne wa tswa foo mme wa tsamaya gape.

Mekgwa e e Rulagantsweng ya go Rera

El Refugio ga se mokoro o mogolo, ebile ga o bofefo thata. Tota-tota o tsamaya ka bonya thata fa o tsamaya o lebagane le noka e e elelang ka bofefo. Ka jalo, go akofisa go kopanngwa ga tshimo e e mo metseng, babulatsela ba ile ba loga leano. Pele ba tloga mo bothibelelong jwa mo motseng wa Iquitos, ba ne ba leka go batlisisa gore go na le eng mo lefelong lengwe leo ba eletsang go le akareletsa. Ka go botsa batho ba kgaolo nngwe ya lefelo leo, ba ne ba kgona go kwala mmapa wa metse le chacras tse di mo tshimong eo. Dinokana kana melatswana di ne di dirwa ka maeto a makhutshwane. Ka jalo, fa lefelo le le tlhophilweng le na le met se e mentsi, mokoro o ka emisiwa beke kana tse pedi. Gantsi, ba le bane mo babulatseleng bano ba barataro ba ne ba kopanya masimo a a gasameng, fa mokgweetsi wa mokoro le babulatsela ba ba setseng ba tsenelela mo sekgweng koo mokoro o neng o ka seka wa kgona go ya gone. Seno se ne se dirwa ka go palama sefofane sa khampani ya peteroliamo se se neng se ya kwa kampeng.

Dikampa tseno ke mafelo ao go remilweng ditlhare mo go one mo teng-teng ga sekgwa koo go nnang go ntse go epiwa nako le nako go tlhola oli. Go nna banna ba ka nna lekgolo le go feta mo kampeng e e jalo. Basupi ba dira dithulaganyo gore ba bue le banna ka nako ya dijo tsa maitsiboa, morago ga tiro. Mo kampeng nngwe, mokgoro o go jelwang mo go one o ne wa dirisiwa jaaka bokopanelo jo bo molemo. Banna ba ne ba reetsa, mme ba le mmalwa morago ga moo ba ne ba botsa dipotso malebana le mathata a boitsholo a ba neng ba lebane le one ka ba ne ba nna kgakala le magae a bone. Abo sena e ne e le sebaka se se molemo jang ne sa go ba naya pono ya Bibela ka go nna phepa mo boitsholong! Morago ga go botsa dipotso le go di araba, banna ba bantsi ba ne ba batla Dibibela le dithuso tsa go ithuta Bibela. Maina a bone a ne a tsewa, e le gore go tle go simololwe dithuto le bangwe ba banna bano le bamalapa a bone kwa Iquitos. Dikampa di le nne tsa peteroliamo di ne tsa dirwa ka mokgwa ono—di le tharo ka go tsamaya ka sefofane mme e le nngwe ka go e etela ka El Refugio.

Gongwe le gongwe kwa caserio, kana motse o monnye, o neng o bonwa gone go bapa le lotshitshi, babulatsela ba ne ba bofelela mokoro mo sengweng fela se se ka kgonang go o emisa. Lefa go le jalo, lotshitshi lo ne lo lekelediwa pele ke mopalami mongwe yo o botlhale pele go fologwa. Lekhujana le letelele le le lebegang le le thata la mmu le le mo lotshitshing leo le koegiwang ke noka le lebega le babalesegile mme le ka nna la go gakgamatsa. Motho yo o fologang a sa tlhokomele a ka nna a iphitlhela a nwetse go fitlha fa lethekeng mo seretseng!

Morago ga go fologa ka pabalesego, bakaulengwe ba ralala setlhopha sa bana se gantsi se emeng foo se ba kaloletse matlho ebile se tsositse leratla ba bo ba ya go senka kgosi ya motse. Ba mo tlhalosetsa boikaelelo jwa loeto lwa bone ka bokhutshwane mme ba kope go dirisa mokgoro wa sekolo sa mo lefelong leo kana bokopanelo jwa motse go tshwarela puo ya Bibela gone. Gantsi, ba ne ba letlelelwa. Dikitsiso di anamisiwa ka molomo jaaka bana ba anamela mo dintlheng tsotlhe ba gasa taletso. Pele ga polelo, go senngwa letsatsi lotlhe go rerwa mokgoro le mokgoro. Batho ba botsalano e bile ba amogela baeng mme ba tlhagafaletse go amogela dibuka tsa rona tsa Bibela. Koo batho ba senang madi gone dibuka di ananngwa ka dikhudu, dikgabo, dikoko, dipapalagae, maungo, kana le eleng dithunya tse dintle.

Fa nako e letla, go dirwa maeto a go boela mo thapameng. Ba ba bontshang kgatlhego e kgolo ba kopiwa go tla le mecheros tsa bone, kana ditshitswana go tshela mafura le megala ya lobone go bonesa ka tsone. Gantsi, ka oura ya bosupa, botlhe ba a bo ba ntse fa fatshe, ba tshwere dipone tsa bone ka letsogo le lengwe le Dibibela tsa bone ka je lengwe. Fa puo e sena go fela, go simolola dipotso. A Basupi ba ga Jehofa ba dumela molelo wa dihele? Ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa di farologana jang le tsa bodumedi jwa Katoliki? Ba le bantsi ba itumelela go bona dikarabo go tswa mo Dibibeleng tsa bone.

Maitemogelo a a Omosang Pelo

Morago ga puo nngwe e e jalo, monna mongwe le mosadi wa gagwe ba ne ba atamela mmulatsela ka matlho a a geletseng dikeledi. “Bakaulengwe, ke kgale re emetse go utlwa mafoko a a tshwanang le ao re a utlwileng bosigo jwa gompieno,” monna a bua jalo. “Re rata naga ya rona le lefatshe la paradaise koo re ka nnang gaufi le yone. Jaanong, ke bomang bao lo reng ba ya legodimong?” Go omosa pelo ruri go bo kgakala jaana mo dikgweng tsa Amazoñ dimaelemaele di le dintsi go tswa mo “tlhabologong,” go bona batho ba ba jalo ba seka-dinku.

Babulatsela ba leka go tsamaisa dibuka ka disete, ka go bo go tla tsaya nako e telele pele ba ka boela gape kwa metseng. Letsatsi lengwe, gone kwa Iquitos, monna mongwe yo o neng a tsamaya ka mokoro o ne a emisa mongwe wa bakaulengwe mme a kopa sete e nngwe gape ya dibuka tse robedi. Go ne go diragetse eng ka sete ya gagwe ya ntlha? Balosika ba ne ba adimile dibuka tseo bongwe ka bongwe fa ba ntse ba mo etela. Dibuka tse di balwang ga di bonwe bonolo kwa dikgweng koo. Ka tsela eno, dibuka di fitlheletse mafelo ao babulatsela ka bobone ba iseng ba ko ba a fitlhelele. Jehofa ka moya wa gagwe, o tlhokomela gore dikgatiso tsa rona tsa Bokeresete di fitlhe mo matsogong a a siameng.

Kwa motsaneng mongwe o mmotlana, ba le babedi ba bakaulengwe ba ne ba nna mo mokorong fa ba bangwe ba ne ba ralala tselana e e neng e ralala sekgwa. Ditlhare tse dikgolo di ne di dira tshutlha e kgolo ya sekgwa, di sirile letsatsi, fa dinonyane tse di mebalabala di ne di fofela kwa le kwa mo matlhareng a matala. Morago ga go tsamaya metsotso e le 15, Basupi ba ne ba fitlha fa lefelong le legolo le le bulegileng. Go ne ga ba tsaya oura go etela matlo a a foo. Fa bakaulengwe ba setse ba batla go tsamaya, monna mongwe o ne a ba atamela mme a ba kopa go lala ka a ne a na le dipotso tse dintsi. Jalo mongwe wa babulatsela o ne a sala foo fa ba bangwe ba boela kwa mokorong.

Mmulatsela o ne a akantsha gore go tshwarwe puo ya Bibela mo maitsiboeng ao. Ka jalo bana ba romiwa, ba ya le koo bakaulengwe ba neng ba sa fitlha gone, go bitsa baagelani. Ka nako eo, go ne go tshwerwe thuto ya Bibela mo motseng, go dirisiwa ditlhogo tsa buka Boamarure jo bo isang Botshelong jo Bosakhutleng tseo di neng di araba dipotso tse monna yo o ba amogetseng a neng a di botsa. Fa botsiditsana jwa maitsiboa bo ne bo fokotsa mogote, ka tshoganyetso sekgwanyana sa bamboo se ne sa utlwala leratla le legolo. Makgolokgolo a dipapalagae a ne a simolola go opela ka nako e le nngwe, go lebega ekete di ne di itumelela botsiditsana jwa maitsiboa.

Mo maitsiboeng, bagolo ba le 20 le bana ba le bantsi ba ne ba kgobokane go dikologa sebui. Lobone lo lo galalelang lwa gase le ne le bonesitse sentle gore go ka balwa mme gape le ne le oka bontsintsi jwa ditshenekegi tsa sekgwa. Fa puo e set se e tsamaela go ya bogareng, sebui se ne sa tsenwa ke e nngwe mo ganong! Morago ga go sena go nna khuduego ka nakwana ya go mo itaya mo mokwatleng, go mo tshega, le go mo utlwela botlhoko, o ne a tswelela ka puo go ya kwa bokhutlong jwa yone. Ka nako eo, ditlhong tsotlhe tse di neng di le go ne di ne di fedile mme ga simolola puisano e e matlhagatlhaga.

Morago ga gore moagelani wa bofelo a tsamaye, monna yo o kgatlhegang yono o ne a gokela lotloa lwa go kapa monang mo seraleng sa ntlo ya gagwe se se bulegileng, seo se neng se agilwe mo godimo ga maotwana a a neng a ka nna dimitara di le 1,5 go tloga fa fatshe. Fa a sena go tlogela mmulatsela kafa tlase ga lotloa, monna o ne a ya go phutha diruiwa tsa gagwe mme a di bofelela kafa tlase ga serala go di sireletsa mo magodung a sekgwa. Fa mokaulengwe a nt se a robetse foo a leboga Jehoîa ka thapelo ka ntlha ya tiso ya gagwe, o ne a akofa a thulamediwa ke medumo ya sekgwa.

E ne ekete ga go ise go fete nako epe e telele fa mokaulengwe a thanya a bo a nna fa fatshe. E ne e le morago ga mokoko o sena go lela, mme go ne go utlwala ekete o ne o le fela kafa tlase ga bolao jwa gagwe. Ee, o ne o le gone foo. Go ne ga lela mokoko pele, morago ga bogola ntsa, mme go tswa foo ga lela kalakune mme ga feleletsa podi. Morago ga sena dinonyane tsa mefuta yotlhe di ne tsa simolola go tswidinya ga tsone ga mo mosong. Letsatsi le lesha le ne le simologile.

Morago ga sefitlholo se se molemo, mokaulengwe o ne a tsamaya ka tselana nngwe go ya go kopana le bakaulengwe ba gagwe. K wa pele fela ga gagwe o ne a boñ a sengwe se se neng se lebega jaaka setlhare se setona se se rapaletseng mo tseleng. Fa a atamela a boñ a gore ke noga e kgolo ya noka eo e neng e ka nna boleele jwa dimitara di le robedi. Mmulatsela o ne a feta fela kafa thoko ga yone ka kelotlhoko mme a fitlha a babalesegile kwa mokorong.

Kganetso ya Moruti e a Palelwa

Ba ne ba seka ba amogelwa sentle mo motseng o o latelang jaaka pele. Fa mokoro o atamela go ema, bakaulengwe ba ne ba gakgamadiwa ke go bona setlhopha se segolo sa batho se kgobokane fa lotshitshing. Ba eteletswe pele ke moruti wa Katoliki, ba ne ba akgela diatla kwa godimo ba koba mokoro, ba tlhaeletsa ba re ga ba batle dibuka dipe fela tsa Bibela. Jalo bakaulengwe ba ne ba tswelelapele mme ba bofelela mokoro wa bone go ya kwa bofelong jwa motse.

Go ise go e kae ba ne ba bona mokoro o o rweleng dipanana o tswa mo motseng. Fa o feta fa go bone, bakaulengwe ba ne ba bitsa banna ba one ba bararo go ba kopa gore ba eme go bapa le El Refugio. Fa ba ema, babulatsela ba bararo ba ne ba palama mo mokorwaneng mme ba simolola go neela bosupi. Mong wa mokorwana o ne a batla go itse gore ke ka ntlhayang fa moruti a ne a sa batle Basupi ba tsena mo motseng, mme babulatsela ba ne ba mo araba ka gore ba ne ba sa bone lebaka la gore ke ka ntlhayang fa moruti a sa batle batho ba tlhaloganya Bibela. Ka motlhala, phoso e ne e ka nna efe fa motho a ne a bala Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela? Fa banna bao ba sena go okomela mo bukeng eo, ba ne ba sa kgone go e baya fa fatshe.

Mo letsatsing le le latelang, mekorwana e mentsi e ne ya ya go senka El Refugio. Kgatiso ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e ne e tsositse kgatlhego mo motseng. Bakaulengwe ba ne ba bolelelwa gore fa ba ne ba ka tsamaya ka tsela e khutshwane e. e tsenelelang mo motseng ba ne ba tla bona tsela e e neng e tla ba tsenya ka motse go tswa ka kwa morago. Fa ba setse ba le koo mme ba tsena ka ntlo le ntlo, babulatsela ba ne ba ipelela kamogelo e e botoka. Baagi ba motse ba le bantsi ba ne ba itseela sete yotlhe ya dibuka, mme ba swabisa moruti wa lefelo leo.

Go Agiwa ga Holo ya Bogosi ya kwa Kgakala

Kgabagare babulatsela ba ba pelokgale ba ne ba fitlha fa lefelong lengwe la Amazoñ koo melelwane ya dinaga tse tharo e neng e kopanela gone. Metse e meraro, e e sa katoganang thata, e dira lefelo la kgwebo le go dirwang ditiro di le dintsi. Yone ke Caballococha mo Peru, Leticia mo Colombia, le Tabatinga kafa ntlheng ya Brazil. Go tsena mo go nngwe le nngwe ya ditoropo tseno go motlhofo, jaaka go sa batlege makwalo a le mantsi a mosepele mo gare ga dikgwa tseo.

Kwa Tabatinga, go ne ga utlwalelwa gore bokgaitsadi bangwe ba le babedi ba babulatsela ba Ba-Brazil ba ne ba rera mo toropong eo. Ba ne ba na le setlhopha se sennye se se neng se kgatlhegela go kopana mmogo mme ba sena lefelo la bokopanelo. Bokgaitsadi ba babedi ba ne ba kopa bakaulengwe gore ba nne mme ba fe dipolelo mo lefelong leo, eleng seo ba neng ba itumelela go se dira. Fa ba ntse ba buis ana ga bonala gore go ne go na le meneelo e e dirilweng ke setlhopha seo eo e lekaneng go reka dikota go aga kagonyana e potlana mo setsheng se ba se filweng. Bokgaitsadi ba ne ba setse ba bone koo go dirwang dikota gone go bapa le noka koo monna yo o neng a kgatlhega a neng a ba solofeditse go ba rekisetsa dikgong ka tlhwatlhwa e potlana. Go ne ga tsaya maeto a mabedi ka El Refugio go tlisa dikota tseo. Mo malatsing a le 15 fela, Holo ya Bogosi e e neng e kgona go tsenya batho ba le 80 e ne ya agiwa ke baithaopi. Bapalami ba mokoro ba ne ba ntsha moneelo wa atril ya bone, kana foo sebui se buelang gone le dibanka di le mmalwa tseo setlhopha se se itumetseng seo se tla kgonang go nna mo go tsone. Abo ba ne ba itumetse jang ne go bo kgabagare ba ne ba iponela lefelo la bokopanelo!

Go santse go na le tshimo e kgolo e e santseng e tshwanetse go akarediwa go bapa le Amazoñ le dinoka tse di tshwaraganeng nayo. Ba ba reetsang pitso ya Makedonia ya go ‘rera mafoko a a molemo’ mo dinageng tse di kwa kgakala tseno ba segofadiwa thata. (Ditihō 16:9, 10) Jaanong El Refugio e na le bapalami ba basha ba babulatsela. Le bone gape ba na le tsholofelo e e feletseng ya gore Jehofa o tla ba tsamaisa le go ba sireletsa mo tirelong ya bone e e boitshepo.

[Mmapa mo go tsebe 25]

(For fully formatted text, see publication)

COLOMBIA

Leticia

PERU

Iquitos

Amazon

Marañón

Ucayali

BRAZIL

Tabatinga

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Babulatsela ba palame “El Refugio” ba tlisetsa batho ba ba mo dintshing tsa Amazon boammaaruri jo bo nayang botshelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela