Aga Ikanyo mo go Jehofa—Ka go Ithuta Lefoko la Gagwe ka Tlhagafalo
“Tlhōmañ dipelo tsa lona mo mahokuñ aotlhe a ke a lo itsiseñ gompiyeno . . . Gonne ga se lehèla mo go lona; ka ke botshelō yoa lona.”—DUTERONOME 32:46, 47.
1, 2. (a) Baiseraele ba ne ba na le tebelelo efe fa ba ne ba thibeletse mo dipoeng tsa Moaba? (b) Moshe o ne a kgothatsa morafe oo jang?
GO IKHUTSA ga bone mo go tsereng lobaka lo loleele mo nageng go ne go le gaufi le go fela. Go ne go setse fela noka e e itsoketsang ya Joredane e jaanong morafe oo o neng o tshwanetse go e tlola gore o goroge mo Lefatsheng la Tsholofetso leo ba neng ba sa bolo go le letela. Lefa go nt se jalo, fa e le ka moeteledipele wa morafe oo, ebong Moshe, go lebelela ga Baiseraele go goroga kwa lefatsheng leo go ne go tsosa dikakanyo tse di hutsafatsang. ° ne a gakologelwa kafa morafe oo mo nakong e e fetileng o neng wa kgopisega ka baka la go tlhaela go ikanya Jehofa mme ka gone ba neng ba kganelwa go tsena mo Kanana.—Dipalō 13:25–14:30.
2 Ka gone Moshe o ne a phuthela morafe oo fa dipoeng tse di welelang tsa Moaba. Morago ga go bua ka ditiragalo tsa morafe wa bone a bo a gatelela Molao wa Modimo, Moshe o ne a naya se se ileng sa bidiwa lokwalo lo logolo lwa gagwe. Ka puo e ntle ya poko, o ne a kgothaletsa Baiseraele go ikanya le go utlwa Jehofa, “Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.” Kwa bokhutlong, Moshe o ne a kgothatsa jaana: “Tlhōmañdipelo tsa lona mo mahokuñ aotlhe a ke a lo itsiseñ gompiyeno; a lo tla a laolèlañ bana ba lona, go tlhōkōmèla go diha mahoko aotlhe a molaō o. Gonne ga se lehèla mo go lona; ka ke botshelō yoa lona.”—Duteronome 32:4, 46, 47.
‘Go Tlhoma Dipelo Tsa Bone’ mo Lefokong la Modimo
3, 4. (a) Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ‘tlhoma dipelo tsa bone’ mo go eng, mme seno se ne se kopanyeletsa eng? (b) Dikokomana tsa moragonyana di ne tsa dirisa kgakololo ya ga Moshe jang?
3 Moshe o ne a laya Baiseraele go ‘tlhoma dipelo tsa bone’ eseng fela mo pineng ya gagwe e e kgothatsang mme le mo mekwalong yotlhe e e boitshepo. Ba ne ba tshwanetse go “utlwa ka botlalo” (Knox), “ba tlhomamisa gore ba a utlwa” (Today’s English Version), kana “ba tlhatlhanya ka” (The Living Bible) Molao wa Modimo. Ba ne ba ka kgona go ‘laola bana ba bone go tlhokomela go utlwa mafoko otlhe a molao ono’ fela fa ba ne ba o itse ka botlalo. Mo go Duteronome 6:6-8, Moshe o ne a kwala jaana: “Mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gagō: Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō . . . Me u a bohèlèlè mo seatleñ sa gago go nna seshupō, me a nnè sebeèō sa ha gare ga matlhō a gago.”
4 Moakgedi wa Bibela ebong W. H. Davey o bolela kafa mo metlheng ya moragonyana, mafoko ano “a neng a tsewa jaaka a ntse ke Bajuda, le gore go ne ga dirisiwa seo a se buang mo tumelabotlhoding. Ditemana dingwe . . . di ne tsa kwalwa mo matlalong, tsa ba tsa rwalwa mo mabogong le mo diphatleng fa go rapelwa.” Dikgetsinyana tse di kwadilweng ditemana tse dintsi, kana difilathari, di ne di rwalwa mo motlheng wa ga Jesu mme ebile di sant se di dirisiwa ke dikereke dingwe tsa Bajuda gompieno. (Mathaio 23:5) Mme, Davey o a oketsa: “Batho ka boeleele jwa bone ba ne ba kgotsofalela go tlhola ba rwelerwele sekaelo sa mafoko fela a molao oo, go na le go supa mo matshelong a bone gore ba utlwa taolo e e mo go one.”
5. Tiriso e e tshwanetseng ya mafoko a ga Moshe a a mo go Duteronome 6:6-8 e ne e le efe?
5 Nnyaa, Molao wa Modimo o ne o sa tshwanela go nna mo diatleng tsa bone tsa mmatota kana diphatla mme o ne o tshwanetse go nna ‘mo dipelong tsa bone.’ Ka go nna eseng fela le kitso ya one mme le kanaanelo e e boteng ya one, molao oo o ne o tla nna o le mo ponong ya bone, jaaka ekete o ne o kwadilwe mo letlapaneng leo le leng fa pele ga matlho a bone kana o gokeletswe mo diatleng tsa bone.
Dipaakanyetso Tsa go Ithuta Molao wa Modimo
6, 7. (a) Jehofa o ne a dira dipaakanyetso dife e le gore Baiseraele ba tle ba tlwaelane le Molao wa ga Moshe? (b) Gape go ka bo go ile ga kgonega jang gore batho ba Modimo mo metlheng ya bogologolo ba laiwe ka Lefoko la Modimo?
6 Lefa go le jalo, Baiseraele ba ne ba ka ithuta jang melawana e 600 ya Molao oo? Kwantle ga pelaelo kwa tshimologong dikaelo tsa one di ne di sa bonwe motlhofo. Monna yo o neng a tla nna kgosi ya Iseraele o ne a tshwanetse gore a “ikwalèlè malebèla a molaō o mo lokwaloñ . . . , me a balè mo go lōna ka malatsi aotlhe a botshelō yoa gagwè: gore a ithutè go boiha Yehofa Modimo oa gagwè, le go tshegetsa mahoko aotlhe a taolō e.” (Duteronome 17:18, 19) Modimo o ne wa rulaganyetsa gore Molao oo o balwe mo ngwageng wa bosupa nngwe le nngwe kwa Moletlong wa Diobo. (Duteronome 31:10-13) Lemororo tiragalo eo kwantle ga pelaelo e ne e kgothatsa, e ne e sa diragale ka metlha mo e neng e ka nwetsa kitso mo go bone.
7 Gape Jehofa o ne a rulaganyetsa gore ba lotso lwa Lefi ba ‘rute Jakobe dikatlholo tsa Modimo le Iseraele molao wa Modimo.’ (Duteronome 33:8, 10; bapisa Malaki 2:7.) Mo dinakong tse dingwe, Balefi ba ne ba tsenelela tlhabano ya go ruta eo e neng e thusa morafe oootlhe. (2 Ditihalō 17:7-9; Nehemia 8:7-9) Go lebega gore, morago ga nako, go ne ga nna botoka ka jaana batho ka kakaretso le bone ba ne ba ka bona dikarolo tsa Lefoko la Modimo.a Ka gone, mopesalema o ne a kwala jaana: “Go segō monna . . . [yo] go itumèla go gagwè go mo molaoñ oa ga Yehofa; me o akanya mo molaoñ oa gagwè motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:1, 2) Kgothatso ya ga Moshe ya go ‘tlhoma dipelo tsa bone mo Lefokong la Modimo’ ka gone e ne e tshwana le taolo ya go ithuta Bibela ka tlhoafalo.
‘Go Tlhoma Dipelo Tsa Rona’ mo Lefokong la Modimo Gompieno
8. Baiseraele ba ne ba utlwa kgothatso ya ga Moshe go ya bokgakaleng bofe, mme ka diphelelo dife?
8 Baiseraele ba ne ba retelelwa ke go utlwa kgothatso ya ga Moshe. Fa kgabagare morafe oo o ne o tlhoma bogosi jwa one, go bonala gore bontsi jwa dikgosi tsa one di ne tsa retelelwa ke go ‘ikwalela malebela a molao oo le go bala mo go one ka malatsi otlhe a botshelo jwa one.’ Ka lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., mo metlheng ya ga Kgosi Josia, go ne go ntse fela jaaka ekete “lokwalō loa molaō” lo ne lo latlhilwe. (2 Dikgosi 22:8-13) Sekao se se maswe sa baeteledipele ba morafe oo kwantle ga pelaelo se ne sa dira gore morafe oo o tsenelele mo boteneging ka bofefo. Fela jaaka Moshe a ne a tlhagisitse, masetlapelo a ne a wela morafe oo ka 607 B.C.E.—Duteronome 28:15-37; 32:23-35.
9. Seemo sa Bakeresete gompieno se tshwana jang le sa Baiseraele ba bogologolo?
9 Fela jaaka Baiseraele ba bogologolo, Bakeresete gompieno ba gaufi le go tsena mo lefatsheng la tsholofetso—lefatshe le lesha la Modimo la tshiamo. (2 Petere 3:13) Ditiragalo tse di tshosang di tloga di diragala: go bolelwa ga “kagishō le thagamō,” go wa ga “Babelona o mogolo,” go tlhasela ga ‘Goga wa Magogo.’ Ditiragalo tseno di tlile go leka ikanyo ya rona mo go Jehofa. Ka gone, go potlakile gore re ‘tlhome dipelo tsa rona mo lefokong la Modimo’ gone jaanong jaana!—1 Bathesalonia 5:3; Tshenolō, kgaolo 18; Esekiele, kgaolo 38.
10. Ke ka ntlhayang fa bangwe ba ka repisa mo thutong ya botho?
10 Lefa go ntse jalo, go dira jalo e ka nna kgwetlho ya mmatota mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang’ tseno. (2 Timotheo 3:1) Tiro ya boitshediso, go tshola bana, sekolo, le maikarabelo a phuthego, tsotlhe di ka ja nako e ntsi ya rona. Ka baka leo, re ka nna ra sekamela mo go nneng le diipato mme ra repisa mo thutong ya rona ya Bibela, re akanya ka gore ‘ke dira mo go lekaneng.’ Lefa go le jalo, Bibela e kgothatsa Bakeresete ka go re: “U tlo u tlhōahalè mo diloñ tse; u ineèlè mo go cōna ka boyotlhe yoa gago.” (1 Timotheo 4:15, 16) A jaanong re akanyetseng mabaka mangwe a magolo a go dira jalo.
Go Tiisa Kamano ya Rona le Modimo
11, 12. (a) Go itse Modimo ka mo go oketsegileng go ne ga ama Jobe jang? (b) Ke ka ntlhayang fa pono ya rona ya Modimo e ka phepafala go gaisa mo motlheng wa ga Jobe?
11 Jobe e ne e le “motho eo o boihañ Modimo, a tshaba boshula.” Mme morago ga Jehofa a sena go mo itshenolela mo sefefong, Jobe o ne are: “Ke ne ke utlwile kaga gago ka kutlō ea tsèbè: me yanoñ matlhō a me aa gu bōna.” (Yobe 1:1; 42:5) A rona gompieno re ka kgona go “bōna” Modimo, ke gore, ra se ka ra mo itse fela, mme ra itse dipopego tse dintsi tsa botho jwa gagwe ka boteng? Eleruri re ka dira jalo! Mo teng ga Bibela, Jehofa o senotse go le gontsi kaga gagwe go feta mo go neng go itsiwe ke Jobe.
12 Re na le pono e e phepafetseng botoka kaga bogolo jwa lorato lwa Modimo, ka re itse gore o “ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi.” (Yohane 3:16) Ka dipolelelo-pele tsa Bibela re na le dintlha tse dikgolo tsa ditiro tsa Modimo—go ya fela kwa bokhutlong jwa Dingwaga tse di Sekete! (Tshenolō, dikgaolo 18-22) Re na le pego ya ditirisano tsa Modimo le phuthego ya Bokeresete: go amogela ga gagwe Baditš haba, go tlhoma ga gagwe “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” go otla batho ga gagwe, go bitsa ga gagwe “boidiidi yo bogolo” jo bo nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Mathaio 24:45; Tshenolō 7:9, 14-17; Baefesia 3:3-6) Morago ga go tlhodumela mo dilong tse di boteng tsa Modimo le go tlhatlhanya ka ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tseo a re di direlang, ga re kake ra itshwara go khutsa re re: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo!”—Baroma 11:33.
13. Re ka ‘batla Modimo’ jang, mme melemo ya go dira jalo ke efe?
13 Mopesalema o ne are: “Ke gu batlile ka pelo ea me eotlhe hèla.” Re ka dira se se tshwanang ka go akanyetsa boikitsiso jwa Dikwalo letsatsi le letsatsi; go thusa fela thata mo go nonotsheng sebofo sa rona le Jehofa. Go ithuta ka tlhagafalo gape go thusa gore tsela ya rona e nne ‘e e nitameng ka tlhomamo mo go bolokeng ditaolo tsa Modimo.’—Pesalema 119:5, 10.
Go Ithuta go re Thusa go Femela Tumelo ya Rona
14. Tshwantsha mosola wa go ‘iketleeletsa go femela’ tsholofelo ya rona ya Bokeresete.
14 “Ga ke lo batle mo ga me lona Basupi!” ga bua jalo monna mongwe wa moGhana a raya ba babedi bao ba neng ba tsene kwa ga gagwe. Gape o ne a kgala Basupi ka go bo “lo sa amogele ditshelo tsa madi ebile lo sa dumedise folaga ya morafe. ” Go tlwaelesegile go thulana le dikgoreletsi tseno mo bodiheding jwa tshimo. Abo e ka nna kgobo jang ne—le lonyatso—fa re ne re sa kgone “go hetola motho moñwe le moñwe eo o lo botsañ kaga cholohèlō e e mo go lona”! (1 Petere 3:15) Ka lesego, Basupi bano ba ne ba kgona go dirisa Bibela ka mo go nang le matswela go tlhalosa pono e e tshwanetseng kaga madi le kafa Mokeresete a lekalekanyang go tlotla ditshwantsho tsa bomorafe le go tila kobamelo ya medimo ya disetwa. Phelelo e ne ya nna efe? Monna yoo o ne a kgatlhwa ke dikarabo tsa bone tse di opang kgomo lonaka. Gompieno, ene gammogo le mosadi wa gagwe ke Basupi ba ba kolobeditsweng.
15. Thuto ya botho e re thusa jang go tlhomelelela bodihedi jwa rona?
15 Paulo o kgothatsa jaana: “U tlhōahalèlè go ichupa u le molebosègi mo Modimoñ, u le modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ, u bua lehoko ya boamarure ka tshiamō.” Thuto ya botho e tla re thusa gore re seka ra tsamaya mo tseleng ya botshelo re le rosi mme gape le ‘go nna boitekanelo, re iketleeleditse’ go thusa ba bangwe go dira jalo.—2 Timotheo 2:15; 3:17.
Go Ganelana le Maretshwa a ga Satane
16. Maretshwa mangwe a ga Satane ao batho ba ga Jehofa ba thulanang nao ke afe?
16 Gompieno, babapatsi ba dira gore re tlhaselwe ke dikeletso tsa “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō.” (1 Yohane 2:16) Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo bo tseelwa kwa godimo ke baanamisi ba dikgang mme gantsi bo rotloediwa fela thata ke badiri-mmogo le rona le balekane ba sekolo. Re ka nna ra romelelwa dibuka tse di kgopisang tsa batenegi ntswa re sa di kopa. Ka go bo ba batla go itse, bakaulengwe bangwe ba badile boikitsiso jono jo bo leswefatsang—moo go neng ga senya tumelo ya bone. Gape go na le “mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō” wa bogagapa, wa senama. Abo go le motlhofo jang ne gore o re tsene re bo re nne le moya o o sa siamang wa go nyatsa!—Baefesia 2:2.
17, 18. Thuto ya botho e ka re thusa jang go sa ‘katogele koo’?
17 Legale, ke ba sekae fela bao ba ipayang mo seemong sa go raelwa ke Satane. Go na le moo, ka go tlhokomologa thuto ya botho, fela jaaka mokoro o o hakolotsweng, ba “katogèlèla koñ” ka bonya ba bo ba nna batlhaselwa ba bagolo ba ga Satane. (Bahebera 2:1) Ka sekai, mokaulengwe yo mosha o ne a kopanela mo boitshwarong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong le mosetsana mongwe yo mosha wa kwa sekolong. O ne a gakologelwa jaana, “Ke ne ka lemoga gore selo sa konokono seo se neng se bakile seno e ne e le ka gonne ke ne ke bolawa ke tlala semoyeng. Ke ne ke sa dire thuto ya botho ka gope. Ke ka lebaka leo ke ileng ka seka ka kgona go lwa le thaelo eo ka lone.” Lefa go ntse jalo, thulaganyo ya thuto ya botho e ne ya thusa mokaulengwe yoo gore a nonofe semoyeng.
18 Satane o ikemiseditse go senya batho ba Modimo ba le bantsi ka moo a ka kgonang ka teng. Fa ka metlha re fepa megopolo ya rona ka dilo tse di molemo tseo di tswang mo Lefokong la Modimo le moemedi wa gagwe yo o ikanyegang, re ka tila go raelwa. (Bafilipi 4:8) Dikgakololo tsa go tila lorato lwa dilo tse di bonalang, boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, go akanya ga botenegi, le moya o o sa siamang di dintsi mo Bibeleng gammogo le mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Fa eleruri re nna kelotlhoko ka mo go oketsegileng, ga re kitla re katogela koo.
Dipaakanyetso Tsa Phuthego ya ga Jehofa Tse di re Thusang
19. Moopahadiwa wa Moithiopia o supa eng kaga go tlhoka ga rona kaelo ya semoya?
19 Go ithuta ke tiro e kgolo. Ka gone re ka lebogela go bo phuthego ya ga Jehofa e re thusa fela thata. Mo dingwageng tsa bosheng bangwe ba dirile maiphako a gore batho ka bongwe ba tshwanetse go letlelelwa go ranola Bibela ka bobone. Lefa go nt se jalo, moopahadiwa wa Moithiopia o ne a bolela phatlalatsa gore o ne a tlhoka kaelo ya semoya. Jaaka mosokologela-Bojudeng yo o neng a rupile, kwantle ga pelaelo o ne a setse a na le kitso ya selekanyo se se rileng ya Bibela. Lebaka fela la go bo a ne a dira boiteko jwa go ithuta lokwalo lo lo thata jaaka polelelopele ya Isaia 53 le supa seno. Lefa go le jalo, fa a ne a bodiwa gore a o ne a tlhaloganya se a se balang, o ne a dumela ka go re: “Nka tlhaloganya yañ, ha moñwe a sa nkgoge?”—Ditihō 8:26-33.
20. (a) Dipaakanyetso dingwe tseo phuthego ya ga Jehofa e di dirileng go re thusa mo thutong ya rona ya botho ya Bibela ke dife? (b) O ikutlwa jang ka dipaakanyetso tseno?
20 Batho ba ga Jehofa gompieno le bone ba tlhoka kaelo ya semoya ka mo go tshwanang Ka go bo ba batla go nna “puō ñwe hèla” mo dilong tsa semoya, ba amogela thuso eo ba e newang ke phuthego ya ga Jehofa—mme abo seo e le thuso e kgolo jang ne! (1 Bakorintha 1:10) Re bona boikitsiso jo bo elelang ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! Re na le dibuka di le mmalwa le diborotšhara tseo di buang ka dikgang tse dintsi tsa Bibela. Babadi ba ba buang Seesemane ba segofaditswe segolo bogolo ka go nna le Watch Tower Publications Index 1930-1985, sedirisiwa se se ka thusang motho ‘go nna a batla botlhale jaaka e ka bo e le selefera le jaaka e ka bo e le dikhumo tse di subegileng.’—Diane 2:2-4.
21. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha jang go kgatlhegela ga gagwe thuto ya botho? (b) Dikakantsho dingwe tsa go baakanyetsa thuto ya botho ke dife?
21 A o sola dikgatiso tsa Mokgatlho molemo ka go di dirisa mo go ithuteng le mo go batlisiseng? Kana a dikgatiso tseno di kgabisitse mo dikobotlong fela? Ka mo go kgatlhisang, moaposetoloi Paulo o kile a laela Timotheo a re a “[lere] . . . dikwalō, bogolo tsa matlalō” kwa go ene kwa Roma; go bonala gore Paulo o ne a lebisitse go dikarolo tsa Dikwalo tsa Sehebera. (2 Timotheo 4:13) Kwantle ga pelaelo o ne a batla gore di bo di le gaufi nae e le gore a tle a kgone go ithuta le go batlisisa. Fa e le gore ga oise o dire jalo, ke ka ntlhayang fa o sa simolole go itirela laeborari ya dikgatiso tsa bolegodimo e le gorele wena o tle o dire dipatlisiso? Boloka dikgatiso tsa go nna jalo di le gaufi nao, di rulagantswe sentle, ka bothakga, ebile di le phepa. Baakanya lefelo la boithutelo leo le senang modumo le le le nang le lesedi le le siameng. Rulaganyetsa dinako tsa thuto ya botho tsa ka metlha.
22. Ke ka ntlhayang fa ‘go tlhoma dipelo tsa rona mo Lefokong la Modimo’ go le botlhokwa ka mo go oketsegileng gompieno go feta lefa e le leng pele?
22 Fela jaaka Baiseraele bao ba neng ba thibeletse mo dipoeng tse di nonneng tsa Moaba, re gaufi le go tsena mo lefatsheng le lesha. Re tlhoka go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo le eleng go feta lefa e le leng pele le go ‘sola lobaka molemo’ ka go ithuta, gongwe o itlhokomol osa dikgatlhego tse dingwe, tse di tshwanang le go lebelela thelebishene. (Baefesia 5:16) “Lo tlhologèlèlwè mashi a semōea a a senañ boherehere,” ga kgothatsa jalo Petere, “gore lo tlè lo golèlè” eseng mo bogoding fela mme gape le mo “polokoñ ka aōna.” (1 Petere 2:2; bapisa Bahebera 5:12-14.) Go kopanyelediwa matshelo ao e leng a rona. Jalo ganelana le ditshekamelo dipe fela tsa go repisa mo thutong ya botho. E dirise go tiisa lorato lwa gago mo Modimong le go mo ikanya ga gago; gape ke tsela ya go oketsa kanaanelo ya gago mo phuthegong eo a e dirisang go re thusa. Ee, ‘tlhoma pelo ya gago’ mo Lefokong la Modimo, ka tlhoafalo, ka metlha. “Ga se lehèla mo go lōna; ka ke botshelō yoa lōna.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mabeana a letsopa, kana dikwalelo tsa letsopa, di ne di dirisiwa ka tlwaelo mo metlheng ya Bibela jaaka dilo tsa go kwalela tse di neng di sa je madi a mantsi. The International Standard Bible Encyclopedia (1986) e bua jaana: “Dikwalelo tsa letsopa di ne di ka dirisiwa le eleng ke batho ba ba humanegileng, bao ba neng ba sa kake ba kgona go ithekela sepe go kwalela mo go sone.” Gore dikwalelo tsa letsopa di ne di dirisiwa ka bogolo jo bo kae ke Baiseraele ba bogologolo go kwala ditemana tsa Bibela ga go itsiwe. Lefa go le jalo, ka mo go kgatlhisang, dikwalelo tsa letsopa tsa lekgolo la bosupa la dingwaga C.E. tseo ditemana tsa Bibela di kwadilweng mo go tsone di bonwe mo Egepeto, di supa tsela e nngwe eo batho ba ba neng ba sa itsholela ba neng ba ka kgona go bala dikarolo tsa Bibela ka yone.
Dintlha Tsa Poeletso
◻ Ke ka ntlhayang ta Moshe a ne a kgothaletsa Baiseraele go ‘tlhoma dipelo tsa bone mo Letokong la Modimo,’ mme ba ne ba tshwanetse go dira seo jang?
◻ Thuto ya bot ho e nonotsha kamano ya rona le Modimo jang e ba e re thusa go temela tumelo ya rona?
◻ Thuto ya botho e na le seabe sete mo go ganelaneng ga rona le maretshwa a ga Satane?
◻ Phuthego ya ga Jehota e dirile dipaakanyetso dite go re kgonisa go ithuta Letoko la Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Go na le go kwala Molao wa Modimo mo dipelong tsa bone, Bajuda ba ne ba tsamaya ba sikere dikgetsana tse ba tsentseng dikwalo mo go tsone