Bontsha Gore o Ikanya Jehofa—Ka go Itlwaetsa go Dira Dilo Tse o di Ithutileng
“Ikany[e] Yehofa, u bo u dihè molemō; aga mo lehatshiñ u latèlèlè boikañō.”—PESALEMA 37:3.
1, 2. (a) Go tshwanetse ga elediwa gore phelelo ya thuto ya botho e nne eng? (b) Jakobe o naya setshwantsho sefe, a mme go ipona go a go tlhalosang ke ga go itlhoma matlho ka nakwana fela?
FA MOTHO a ithuta Lefoko la Modimo ga e a tshwanela go nna fela gore a bone boipelo ka namana. Go ithuta e tshwanetse go nna tsela ya go tlhagolela go ikanya Jehofa. (Diane 3:1-5) Mafoko a a fa godimo a mopesalema a bontsha gore go ikanya mo Modimong, ka bogone, go itshupa mo mothong fa a ‘dira molemo.’
2 Jakobe o ne a kgothatsa ka go re: “Lo nnè badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla, lo iphora hèla. Gonne ha motho moñwe a le moutlwi oa lehoko, me a se modihi oa yeōna, o chwana le motho eo o ipōnañ sehatlhōgō sa gagwè sa tlholègō mo seiponiñ: Gonne oa ipōna me a tsamaee, me a tloge a lebale ka bonakō popègō ea gagwè kaha e ne e nntse ka gōna.” (Yakobe 1:22-24) Ka gone go ipona gone e ne e sa tshwanela go nna go itlhoma matlho ka nakwana fela. Lefoko la Segerika leo le rayang go “ipōna” leo le dirisitsweng fano tota “le kaya tiro ya mogopolo ya go tlhaloganya mabaka mangwe ka selo se se rileng.”—An Expository Dictionary of New Testament Words, e e kwadilweng ke W. E. Vine; bapisa Ditihō 7:31, Kingdom Interlinear.
3. Monna yo o itebang mo seiponeng o ka lebala ‘mofuta wa motho yoo a leng ene’ ka bofefo jang?
3 A ko o akanye, he, ka motho yo o itshekatshekang a itebile mo seiponeng, gongwe a bona ponalo ya gagwe e sa kgatlhe ka tsela nngwe. O ka nna a bona seledu se ikhunne ka ntlha ya go nona goo go bakilweng ke go ja bobe le go nwa go feta selekanyo, go ruruga ga matlho ka baka la go sa robale sentle, dinama tse di swabileng mo phatleng ka baka la ditlhodiego tse di sa feleng. Ka go bo a ipona a ntse jalo, o dira phetso ya go dira diphetogo tseo a ka bong a sa bolo go di dira mo mekgweng ya gagwe le tsela ya botshelo. Mme go tswa foo “a tsamaee.” Ka go bo a sa tlhole a bona setshwano sa gagwe se se tshwenyang, “a lebale ka bonakō,” eseng gore o lebega jang, mme ‘gore ke motho wa mofuta ofe.’ Tshwetso ya gagwe ya go dira diphetogo e a nyelela.
4. Setshwantsho sa ga Jakobe se dira jang go thuto ya rona ya Dikwalo?
4 Ka mo go tshwanang, o ka tswa o le moithuti yo o setswerere wa Bibela. Lefa go le jalo, o arabela jang go seo o se bonang mo seiponeng sa Lefoko la Modimo? Fa diphoso tsa semoya le dilabe di bonatshega, a seno se go tshwenya ka nakwana fela, kana a o dira tshwetso ka nitamo ya go siamisa diphoso tseo? Jakobe o ne a oketsa ka go re: “Me motho eo o lebañ mo molaoñ o o itekanetseñ, eboñ molaō oa kgololègō, me ha a cwèlèla yalo, motho eouō o tla segōhala mo go diheñ ga gagwè, ka e se moutlwi hèla eo o lebalañ, me e le modihi eo o dihañ.” (Yakobe 1:25) Mopesalema o ne a rapela ka go re: “Nthuta tsela ea ditaō tsa gago Yehofa; me ke tla e tseèla rure go ea bokhutloñ.”—Pesalema 119:33.
Seo Ditlwaelo Tsa Rona di se Bolelang Kaga Rona
5. (a) Dilo tseo re tlwaetseng go di dira di bolela eng kaga rona? (b) Bao ba ‘tlwaetseng go dira bosula’ ba tla diragalelwa ke eng kwa bokhutlong?
5 Eleruri, seo re se dirang kana re tlwaetseng go se dira se supa seo re leng sone mo teng. Mme go ise go e kae motho o supa ‘botho jwa gagwe jo bo fitlhegileng’ ka go tlwaela go dira molemo kana bosula. (Pesalema 51:6) Solomone o ne a re: “Le e leñ ñwanyana o tla a itshenole ka ditihō tsa gagwè, bo tihō ea gagwè e ntlè, le go re, a e siame.” (Diane 20:11) Seno se ne se le boammaaruri ka Yakobe le Esau fa ba sale babotlana. Erile fa nako e ntse e kgabaganya, ditlwaelo tsa ga Esau di ne tsa senola go sa anaaneleng ga gagwe dilo tsa semoya. (Genesise 25:27-34; Bahebera 12:16) Seno gape se nnile boammaaruri ka diketekete tsa batho bao ba iphakang gore ba ikanya Jehofa mme bao ba itshupileng fa e le bao Bibela e ba bitsang ‘batho ba ba tlwaetseng go dira bosula.’ (Yobe 34:8) Mopesalema o ne a kwala jaana: “E re baikepi ba cwecwena yaka boyañ, le badiha tshiamololō botlhe ba kgaba; e be e le gore ba nyèlèlèdiwè rure.”—Pesalema 92:7.
6. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore re bontshe gore re ikanya Jehofa jaanong?
6 Palo ya batho ba ba bosula e a oketsega, mme go senngwa ga bone ga go kgakala; Modimo ga o na go leseletsa badirabosula goyagoile. (Diane 10:29) Ka jalo go botlhokwa gore re bontshe gore re ikanya mo go Jehofa ka go itlwaetsa go dira seo re se ithutang. “Lo bo lo tshelè ka mokgwa o montlè mo go Badichaba,” ga laya jalo Petere. (1 Petere 2:12) He dikarolo dingwe, tseo re ka nnang ra tokafatsa mo go tsone ke dife?
Go Dirisana ga Rona le ba Bangwe
7. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko mo go dirisaneng ga rona le “ba ba kwa ntlè”?
7 Karolo e nngwe e ka nna mokgwa wa rona wa go dirisana le ba bangwe. Diane 13:20 e tlhagisa ka go re: “Monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” Ka go bo ba retelelwa ke go dirisa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng, bangwe ba iteseletsa go tlwaelana thata le batho ba selefatshe kwa tirong le kwa sekolong. Ka gone, mokaulengwe mongwe yo o nyetseng o ne a kopanyelediwa mo boitshwarong jo bo seng phepa le mosadi yo o neng a bereka nae. Gape o ne a ya le baberekikaene ba banna kwa mafelong a dino a lefelo la bone, goo go neng ga felela ka gore a tagwe. Eleruri, re tlhoka go ‘tsamaela ba ba kwa ntle ka botlhale.’—Bakolosa 4:5.
8. Ba bangwe ba ka tokafatsa jang go dirisana ga bone le Bakeresete ba bangwe?
8 Mme go tweng ka go dirisana ga rona le Bakeresete-ka-rona? A re re, ka sekai, o kolota mokaulengwe mongwe madi. A o tshwanetse go diega go mo duela kwantle ga lebaka, o akanya ka go re ereka mokaulengwe a lebega a humile, o a tlhoka go gaisa ene? “Moikepi o tla a adime, me a se ke a bose,” go rialo Pesalema 37:21. Kana fa o le mohiri, a o dirisa molao-motheo o o reng “Modihi o chwanecwe ke maduo a gagwè” fa go tla mo go dueleng bahiriwa ba Basupi? (1 Timotheo 5:18) Paulo o ne a kgona go bua jaana ka ditirisano tsa gagwe le ba bangwe: “Re tshedile mo lehatshiñ, me segolo ntlheñ ea lona, ka boitshèpō, le ka bopeloephèpa yoa Modimo.”—2 Bakorintha 1:12.
Go Nna Tekatekano mo Kaparing le mo go Ipaakanyeng Mmele
9. Ke ditshekamelo dife tsa moaparo le go ipaakanya mmele tseo di etsweng tlhoko ke bagolwane bangwe?
9 Molebedi mongwe yo o etang mo Jeremane o ne a tlhalosa Bakeresete bangwe ba lefelo leo jaaka “kokomana e e rwalang ditlhako tsa thenese” ka baka la go apara ga bone ka go latlhelela fa ba ya kwa dipokanong. Ofisi ya lekala e ne ya oketsa ka gore batla-dipokanong bangwe “kapari ya bone ga e kgakala thata le ya botlhaswa,” lefa go le jalo “palo e kgolo ya bakaulengwe ba rona ba apara ka tekatekano.” Ka mo go tshwanang lefatshe le lengwe le bega ka gore “bothata jwa mono ke go sa nneng phepa . . . Bakaulengwe bangwe ga ba apare diaparo tse di phepa. Ba ya dipokanong kana kwa tirelong ya tshimo ba sa kama meriri ya bone lefa e le go e tlhapa.” Abo go le botlhokwa jang ne gore batlhanka ba ga Jehofa ba nne bothakga le bophepa ka ditsela tsotlhe!—2 Bakorintha 7:1.
10. (a) Ke molao-motheo ofe o o tshwanetseng go kaela tsela ya rona ya go apara le go ipaakanya mmele? (b) Kgakololo e ka nna ya tshwanela fa go rHeng, mme re tshwanetse go arabela jang?
10 Re tlhoka go “apara ka tekatekano, ka bori le ka tshwanelo,” segolo bogolo fa re dira ditiro tsa semoya. (1 Timotheo 2:9, New International Version) Kgang ga se gore a mofuta mongwe wa kapari ke wa feshene thata mme ke gore a o tshwanela motho yo o ipolelang fa e le modihedi wa Modimo. (Baroma 12:2; 2 Bakorintha 6:3) Go apara ka go latlhelela fela kana diaparo tse di gagamatsang thata di ka nyenyefatsa molaetsa wa rona. Mefuta ya kapari eo ka phepafalo le ka boomo e dirang gore banna ba lebege jaaka basadi kana basadi ba lebege jaaka banna tota ga e a tshwanela. (Bapisa Duteronome 22:5.) Legale, ditlwaelo tsa mafelo di ka farologana, go ya ka maemo a bosa, ditlhokafalo tsa tiro, jalo le jalo, mo e leng gore phuthego ya Bokeresete e ka seka ya dira melao e e boima le e e gagametseng eo e tla akaretsang bakaulengwe botlhe mo lefatsheng ka bophara. Le gone bagolwane ga baa tshwanela go pateletsa letsomane go apara kafa ba ratang ka teng. Lefa go nt se jalo, fa mokgwa wa go ipaakanya wa mmoledi mongwe wa Bogosi ka kakaretso o kgoreletsa phuthego kana o nyenyefatsa bodihedi, ke tshwanelo gore a gakololwe ka bopelonomi. A o tla arabela ka boikokobetso fa o newa kgakololo eno, o supa fa o ikanya Jehofa?—Bahebera 12:7.
Go Ikanya Gore Modimo o Tla Tlamela Babatli ba Bogosi
11. Bangwe ba ile ba tshwarega jang mo go fufuleleng dilo tse di bonalang, mme ke ka ntlhayang fa seno se se botlhale?
11 “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō eotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Abo go swabisa jang ne fa bangwe ba retelelwa ke go utlwa mafoko ao! Ka go bo ba dumela mo maithamakong a gore ba tshwanetse go nna le madi a a ba tlamelang, ba fufulela dikhumo, thuto ya lefatshe, le mekgele ya selefatshe ka bohatlha, ‘ba ikanya lehumo la bone.’ (Pesalema 49:6) Solomone o ne a tlhagisa jaana: “U se ka ua itapisetsa go humisiwa: . . . A ua bo u tla tlhōma matlhō mo go shōna se se seoñ? gonne rure dikhumō di tle di itihèlè diphuka, yaka ncwi eo motona eo o hohèlañ kwa legodimoñ.”—Diane 23:4, 5.
12. Bao ba fufulelang dikhumo ba ‘iphololetsa ka mahutsana a mantsi’ jang?
12 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gape ka go re: “Gonne go rata madi ke moewe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” (1 Timotheo 6:10) Fa a ne a botsolotsiwa ke U.S.News & World Report, Dr. Douglas LaBier o ne a bolela gore makawana le makgarebe a le mantsi ba ba fufulelang dikhumo “ba bega gore ba na le go ikutlwa ba sa kgotsofala, ba tlhodiega, ba le pelobotlhoko, ba le motoma, ba belaela ba bangwe, gammogo le matlhoko a le mantsi a mmele—go opiwa ke tlhogo, go thuntshiwa ke mekwatla, mathata a mala, go tlhoka boroko, mathata a go ja.”
13. Ke ka ntlhayang fa go le molemo thata go kgotsofalela “diyō le diaparō”?
13 Bao ba ikanyang gore Jehofa o tla ba tlamela ba iphalotsa mo matlhokong a mantsi le ditlhodiego. Ke boammaaruri, go kgotsofalela “diyō le diaparō” go ka raya seemo se se kwa tlase sa botshelo. (1 Timotheo 6:8) Mme “dikhumō ga di thuse sepèmo tsatsiñ ya bogale.” (Diane 11:4) Go feta moo, fa re oketsa tirelo ya rona go Jehofa, re ipaya mo seemong sa go bona “tshegōhacō ea ga Yehofa” eo e ‘humisang, mme a seke a e oketsa ka botlhoko.’—Diane 10:22.
‘Batla Kagiso Mme o e Latelele’
14, 15. (a) Ke dikgang dife tseo ka dinako tse dingwe di ileng tsa kgoreletsa go agisana ga diphuthego? (b) Kagiso e ka latelelwa jang fa go sa dumalanwe ka sengwe?
14 Tsela e nngwe eo re supang fa re ikanya mo go Jehofa ka yone ke go ‘batla kagiso, le go e latelela’ gareng ga badumedi-ka-rona. (1 Petere 3:10-12) Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe bakaulengwe ba tle ba letlelele dikgang tse eseng tsa sepe go dira gore ba omane thata-thata: Go kgabisiwa ga Holo ya Bogosi, diphetogo mo tshimong e e dirwang ke Phuthego, dikabelo tsa Thuto ya Buka, go tlhokomelwa ga dimakasine le dibuka tse di tsamaisiwang. Kana, mo dikgannyeng tse dingwe, go na le go rarabolola ditlhoko-kutlwisisano tsa botho kana tsa kgwebo ka kgakololo ya Mathaio 18:15-17, bakaulengwe ba ile ba emisa go tlhola ba buis ana kana ba kgoreletsa phuthego ka dikganetsano tsa bone.
15 Jakobe are: “Louñō loa tshiamō lo yalwa mo kagishoñ, lo yalèlwa ba ba ratañ kagishō.” (Yakobe 3:18) Ka jalo, gore go nne le kagiso, sekamela mo go ineeleng mo dithatong kana diponong tsa ba bangwe, le eleng go itima dilo tseo di go tshwanetseng. (Bapisa Genesise 13:5-12.) Ka sekai, fa diphuthego tse pedi di tlhakanela Holo ya Bogosi, phuthego e nngwe ga e a tshwanela go tsaya boemo jwa gore holo “ke ya yone” le gore e na le nonofo ya go laolela phuthego e nngwe dinako tsa dipokano kana dikgang tse dingwe. Go tshwanetse ga nna le go tlotlana le go dirisana mmogo.
16. Mosola wa go tlotla thulaganyo ya bolegodimo mo lelapeng le mo phuthegong ke ofe?
16 Ditlhoko-kutlwisisano di le dintsi di ka tilwa fa fela re tlotla thulaganyo ya bolegodimo le go boloka boemo jwa rona. (1 Bakorintha 11:3; Baefesia 5:22-27) Fa basadi ba tlotla dikeletso tsa banna ba bone, bana ba tlotla ditaolo tsa batsadi ba bone, batlhanka ba bodihedi ba tlotla kaelo ya bagolwane, ditiro tsa bone di “thuthugisetsa [phuthego] mo go ikageñ ga [yone] mo loratoñ.” (Baefesia 4:16) Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe banna, batsadi le bagolwane ba a tlhaela. (Baroma 3:23) A mme go tsuolola, go ngongorega, kana go gana dikaelo tse di siameng go tokafatsa seemo? Abo go ka nna botoka jang ne go boloka boemo jo re bo abetsweng ke Modimo le go batla kagiso!
Go Iteka mo Tshimong
17. (a) Bangwe ba ntsha mabaka afe a go bo ba dira lemmenyana fela mo tirong ya go rera? (b) Jesu o ne a kgothaletsa go itshwara jang mo dikgatelelong tsa gompieno?
17 Lefa go le jalo, mo go ba le bantsi kgwetlho e kgolo ke go diragatsa thomo ya Bokeresete ya go rera mafoko a a molemo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ba bangwe ga ba tseye karolo mo go kalo mo tirelong ya tshimo, gongwe ba ntsha mabaka a gore dikgatelelo tsa go itshedisa le go tlhokomela lelapa di ba ketefaletsa go dira mo go oketsegileng. Ke boammaaruri gore dikgatelelo tsa ‘metlha ya bofelo’ di a boitshega. (2 Timotheo 3:1) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhagisa kgatlhanong le ‘go imahadiwa ke ditlhodiego tsa botshelo jono.’ Jaaka maemo a ntse a senyegela pele, Bakeresete ba tshwanetse go ‘lelala le go tsholetsa ditlhogo tsa bone.’ (Luke 21:28, 34) Nngwe ya ditsela tse di molemo thata ya gore motho ‘a eme a nitame’ kgatlhanong le ditlhaselo tsa ga Satane ke ya go ‘rwala iketleetso ya mafoko a a molemo mo dinaong tsa rona’—go arola ka metlha mo go rereng!—Baefesia 6:14, 15.
18. Lebaka la go bo bangwe ba sa arole ka ootlalo mo tirong ya go rera ke lefe?
18 Bogologolo mo motlheng wa ga Paulo, Bakeresete ba bantsi (bobotlana mo diphuthegong dingwe) ba ne ba “ipatlèla dilō tsa bōnè, e señ dilō tsa ga Yesu Keresete.” (Bafilipi 2:21) A seno se ka tswa se le boammaaruri ka bangwe ba ba gareng ga rona gompieno? Gongwe ba retelelwa ke go batla Bogosi jaaka monna yo o neng a bona ‘perela ya tlhwatlhwa e kgolo’ eo a neng a ka tlhokomologa sengwe le sengwe ka ntlha ya yone. (Mathaio 13:45, 46) Ka go bo ba ineela mo go direng dithato tsa bone, ba dira ka botshwakga fela le go dira lemmenyana fela la tirelo. Lefa go le jalo, gakologelwa gore go rata Jehofa le mongwekawena go kgothaletsa Bakeresete ba boammaaruri go rera, lefa e le gore go simolola go bua le batho ba re sa ba itseng ke seo re sa se tlwaelang.—Mathaio 22:37-39.
19. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a sa itumedisiwe ke maiteko a a motlha, mme re ka akanyetsa jang tirelo ya rona go ene?
19 Fa re sa tlhotlheletsege go rera, he go rata ga rona Jehofa le go mo ikanya ga rona ke sengwe se se mo mogopolong fela. “U itse Modimo oa ga rrago, me u o dihèlè ka pelo e e itekanetseñ,” Dafide o ne a laya Solomone jalo, “gonne Yehofa o kheleisa dipelo cotlhe, me o tlhaloganya diakanyō cotlhe tsa megopolō.” (1 Ditihalō 28:9) Jehofa ga a tsiediwe ke maiteko a a motlha. Le eleng go arola ka metlha mo tirelong ya tshimo ga go mo kgotsofatse fa re dira bonnyennyane fela jwa seo re ka bong re ka se dira fa re ne re ‘ka iteka ka tlhoafalo.’ (Luke 13:24) Ka gone, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka go arola ga gagwe mo tirelong ya tshimo ka boikanyego a bo a ipotse ka go re: ‘A eleruri ke dira gotlhe moo ke ka kgonang go go dira?’ Gongwe re tlhoka go rulaganya dilo tsa rona tsa botlhokwa sentle.
Go Tlhotlhelediwa go ‘Dira Molemo’ ke Dikao Tsa ba Bangwe
20. Ke ka ntlhayang fa go tshwanela go sekaseka dikao tse di molemo tsa Bakeresete-ka-rona?
20 Ga re direle Modimo ka go ‘ipapisa le motho yo mongwe.’ (Bagalatia 6:4) Lefa go le jalo, dikao tse di molemo tsa ba bangwe gantsi di ka re kgothaletsa go dira mo go oketsegileng. Moaposetoloi Paulo ka boene o ne are: “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) Ka gone, elatlhoko nako eo bakaulengwe ba rona ba e senyang mo tirelong ya tshimo kgwedi nngwe le nngwe. Mo United States, palogare ya dioura tsa baboledi e tlhatlogile go tswa dioureng tse 8,3 ka 1979 go ya go dioureng tse 9,7 ka 1987! Bakaulengwe ba rona ba ntse ba oketsa ka bonya nako e ba e senyang mo tshimong. A seo se boammaaruri ka wena?
21. Ke eng seo se kgothaleditseng ba le bantsi go tsenelela tiro ya bobulatsela? Tshwantsha.
21 Ka go bo ba kgothaditswe ke dikao tsa botlhaga tsa ba bangwe, batho ba dipalo tse dikgolo ba tsenelela ditiro tsa bobulatsela jwa ka metlha. Mo California (U.S.A.) kgaitsadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Angela o ne a lalelediwa tiro e e raelang, gammogo le go duelelwa go ya sekolong kwa kholetš heng eo a e ratang. Go na le moo, Angela o ne a ikgethela bodihedi jwa nako e e tletseng. Lebaka la gagwe e ne e le lefe? “Ka go kopanela le babulatsela ba bantsi, ke ne ke bona boipelo jo bogolo le kgotsofalo tsa mmatota eseng fela mo go bone mme mo kamanong ya bone le Jehofa. Ke ne ke batla go nna le boipelo jo bogolo jono le kgotsofalo.”
22. Melemo ya go itlwaetsa go dira dilo tse o di ithutileng ke efe?
22 A o batla “boipelo jo bogolo jono le kgotsofalo”? He “ikany[ e] Yehofa, u bo u dihè molemō”! Dira gore seo o se itseng se go kgothaletse go dira ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa. Go itlwaetsa go dira dilo tseo o di ithutileng go tla dira gore botswelelopele jwa gago jwa semoya bo bonatshege mo go botlhe ebile bo tla solegela ba bangwe molemo ka tsela e e bolokang botshelo. (1 Timotheo 4:15, 16) Ka jalo, ekete botlhe ba ka arabela mafokong a ga Paulo a a mo go Bafilipi 4:9 a a reng: “Dilō tse 10 di ithutileñ, loa ba loa di amogèla, loa ba loa di utlwa, loa ba loa di bōna mo go nna, dilō tseuō, lo di dihè; me Modimo oa kagishō o tla nna le lona. ”
Dintlha Tsa Poeletso
◻ Re tshwanetse go dirang morago ga re sena go itlhatlhoba mo seiponeng sa Lefoko la Modimo?
◻ Re ka tokafatsa jang mokgwa wa rona wa go dirisana le ba bangwe?
◻ Ke ka ntlhayang fa go se botlhale go fufulela dilo tse di bonalang?
◻ Re ka batla kagiso jang mo phuthegong?
◻ Ke eng seo se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go arola ka botlalo mo tirelong ya tshimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Ga go a lekana fela go lemoga diphoso tsa semoya le dilabe. Re tshwanetse go tsaya kgato go di siamisa!
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Bao ba fufulelang dikhumo gantsi ba iteretse “mahutsana a le mantsi”