LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 8/15 ts. 8-9
  • Motswedi wa Boitumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motswedi wa Boitumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motswedi wa Boitumelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Tlhalosa se se Tlisang Boitumelo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O Tsaya Kae Maatla a go Dira Dikgakgamatso?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kgang-kgolo kaga Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 8/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodiheli tsa ga Jesu

Motswedi wa Boitumelo

KA NAKO ya bodihedi jwa gagwe mo Galilea, Jesu o ne a dira dikgakgamatso, mme jaanong o di boeletsa gape mo Judea. Ka motlhala, o kgoromeletsa ledimona ntle mo monneng yo le neng le ntse le mo itsa go bua. Batho baa gakgamala, mme bakgadi ba tsosa ngongorego eo e tshwanang le eo e neng ya tsosiwa kwa Galilea. “O kgoromeletsa badimo ntlè ka Beelesebube, kgōsana ea badimo,” ba bolela jalo. Ba bangwe ba batla bosupi jo bogolo go tswa go Jesu jwa gore tota ke mang, mme ba leka go mo raela ka go kopa sesupo se se tswang kwa legodimong.

Ka go bo a itse seo ba se akantseng, Jesu o tetola bakgadi ba gagwe ba Judea tela jaaka a ne a tetola ba kwa Galilea. O tlhalosa gore bogosi bongwe le bongwe joo bo kgaoganeng gareng ga jone bo tla wa. O botsa ka go re: “Ekare ha Satane le èna a ikgaogantse, bogosi yoa gagwè bo tla èma yañ?” o bontsha boemo jo bo kotsi jwa bakgadi ba gagwe ka go re: “Ha ke kgoromeletsa badimo ntlè ka monwana oa Modimo, e tla bo yalo bogosi yoa Modimo bo tsile mo go lona.”

Batho bao ba bonang dikgakgamatso tsa ga Jesu ba tshwanetse go arabela ka tsela e e tshwanang le kata bao ba neng ba bona Moshe a dira kgakgamatso ba neng ba dira makgolokgolo a dingwaga pelenyana. Ba ne ba khutsa ka go re: “Seo se, ke monwana oa Modimo.” Gape e ne e le “monwana oa Modimo” oo o neng wa kwala Melao e e Some mo matlapaneng. Mme “monwana oa Modimo”—moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a gagwe a a dirang—ke one o o kgonisang Jesu go kgoromeletsa badimona ntle le go todisa balwetsi. Jalo Bogosi jwa Modimo eleruri bo mo bakgading bano, ereka Jesu, eleng Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi joo, a le gareng ga bone.

Go tswa too Jesu o bontsha gore kgono ya gagwe ya go leleka badimona ke bosupi jwa gore o teta Satane ka maatla, tela jaaka moñ na yo o nonotileng a tla go tenya monna yo o tlhomeletseng sentle yo o disitseng bonno jwa gagwe. Gape o boeletsa setshwantsho seo a neng a se bua kwa Galilea mabapi le moya o o bosula o o tswang mo mothong, mme e re ta motho yoo a sa thibe phatlha ya one ka dilo tse di molemo, moya oo o boe o na le e mengwe e supa, mme boemo jwa motho yoo bo bete go teta pele.

Fa mosadi mongwe yo o ta gare ga batho bao a reeditse dithuto tseno, o kukega maikutlo mo a khutsang ka lentswe le legolo a re: “Go segō sebopelō se se gu belegeñ, le mabèlè a u a amuleñ.” Ereka keletso ya mosadi mongwe le mongwe wa Mojuda e le go nna motsadi wa moperoteti mongwe mme segolo bogolo Mesia, go a tlhaloganyesega go bo mosadi yono a ka bua jalo. Go lebega a ne a akanya gore Maria o tshwanetse a bo a itumela tela thata ka go bo e le mmaagwe Jesu.

Leta go ntse jalo, ka boteto tela Jesu o tlhamalatsa mosadi yoo mabapi le motswedi wa boitumelo jwa boammaaruri. “E,” o arabela jalo, “me bogolo go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.” Le ka motlha Jesu ga a ise a ko a kae gore mmaagwe, ebong Maria, o tshwanetse go tlotliwa ka mo go kgethegileng. Go na le moo, o ne a bontsha gore boitumelo jwa boammaaruri bo bonwa mo go nneng motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, e seng mo dikamanong dipe tsa senama kana diphitlhelelo.

Fela jaaka a ne a dira kwa Galilea, gape Jesu o tswelela pele go kgalemela batho bao ka go bo ba kopa sesupo se se tswang legodimong. O ba bolelela gore ga ba na go newa sesupo sepe ta e se sesupo sa ga Jona. Jona o ne a nna sesupo ka go nna malatsi a mararo ga gagwe mo leruarueng gammogo le ka go rera ga gagwe ka bopelokgale, moo go neng ga telela ka gore ba-Ninife ba tlhotlheletsege go ikotlhaya. “Me, bōnañ,” ga rialo Jesu, “eo mogolo go heta Yona o ha.” Ka mo go tshwanang, mohumagadi wa Sheba o ne a gakgamadiwa ke botlhale jwa ga Solomone. “Me bōnañ,” Jesu a rialo gape, “eo mogolo go heta Solomone o ha.”

Jesu o tlhalosa gore ta motho a tshuba lobone, ga a lo beye mo mosimeng, kana kafa tlase ga sebeelo sa mabele mme o le baya mo godimo ga setlhomo sa lobone e le gore batho ba kgone go bona lesedi. Gongwe o itsise gore go ruta le go dira dikgakgamatso fa pele ga batho bano ba ba thamo di thata ba ba mo reeditseng go tshwana le go fitlha lesedi la lobone. Matlho a babogedi bano ga a bone sentle, kana a pelekane, jalo boitlhomo jwa boikaelelo jwa dikgakgamatso tsa gagwe ga bo fitlhelelwe.

Jesu o sa tswa go leleka ledimona a bo a dira gore motho wa semumu a bue. Seno se tshwanetse go tlhotlheletsa batho ba ba bonang sentle, kana ba ba sa pelekanang matlho, go baka tiro e kgolo eno e e galalelang le go bolela mafoko a a molemo! Lefa go le jalo, seno ga se se se diragalang ka bakgadi bano. Jalo Jesu o digela ka go re: “Ke gōna, u ipōnè, e se re kgotsa lesedi ye le mo go wèna ea bo e le lehihi. Ke gōna, ea re ha mmele oa gago otlhe o tletse lesedi, go se na gopè ha go leñ lehihi, o tla bonesèga otlhe hèla; hèla yaka go tuka sentlè ga lobōnè go tlo go gu nèe lesedi.” Luke 11:14-36; Ekesodo 8:18, 19; 31:18; Mathaio 12:22, 28.

◆ Batho ba itshwara jang fa Jesu a fodisa monna mongwe?

◆ Monwana wa Modimo ke eng, mme Bogosi jwa Modimo bo mo gare ga bareetsi ba ga Jesu jang?

◆ Motswedi wa boitumelo jwa boammaaruri ke eng?

◆ Motho o ka nna jang le leitlho le le bonang sentle?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela