LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 8/15 ts. 4-7
  • Go Atlega—A O Go Batla ka Ditsela Tsotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Atlega—A O Go Batla ka Ditsela Tsotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Timetse—Jang?
  • Mahutsana a “Katlego”
  • Mofuta o o Botoka wa Katlego
  • Nnang lo Batle go Atlega Semoyeng
  • Atlega ka Tsela ya Mmatota mo Botshelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kafa o ka Bonang Katlego ya Mmatota ka Gone
    Tsogang!—2014
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Humanega?
    Tsogang!—2003
  • Tshegofatso ya ga Jehofa Ea Humisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 8/15 ts. 4-7

Go Atlega—A O Go Batla ka Ditsela Tsotlhe?

Go IKEMISETSA go atlega go supa gore motho o na le mokgele o o tlhomameng. Mokgele wa gago mo botshelong ke eng? O ikemiseditse go dira eng gore o o fitlhelele? Tota-tota, tiro ya gago e kgolo e tshwanetse go nna eng e le gore o tle o kgotsofale o bo o itumele ka boammaaruri?

Mo Mafatsheng a a Humanegileng ka bontsi, seemo sa botshelo ka kakaretso ga se kgotsofatse. Ka baka la mathata a go lebanweng nao koo, fa re sekaseka kgakololo e e tshwanelang e e tswang mo Lefokong la Modimo go tla re thusa gore re akanyetse mekgele ya rona le katlego botoka, go sa kgathalesege koo re nnang teng.

Ka baka la go ntsifala ga khumanego, batho ba le bantsi ba fufulela go nna le madi a mantsi mme jalo ba tlhokomologa dilo tsotlhe. Bangwe ba retologela kwa go sa ikanyegeng e le gore ba tle ba fitlhelele seno. Lefa go le jalo, fa ba ne ba nna Bakeresete ba boammaaruri, ba tshwanetse ba ka bo ba ne ba latlhile boikutlo jono gotlhelele e le gore ba tle ba dumalane le ditekanyetso tsa tshiamo tsa Bibela.

Lefa go ntse jalo, le eleng Bakeresete bangwe ba tshwarega gape mo go tlhomeng matlho mo mekgeleng ya selefatshe. Ba ka nna ba itshwara ka tsela e e seng ya Bokeresete gore ba tle ba atlege. Batsadi ba tlhokomologa malapa a bone. Batho bangwe ba tlhokomologa tirelo ya bone go Modimo. O akanya gore phelelo e tla nna efe malebana le go kgotsofalela ga bone botshelo le boitumelo?

Fa Bibela e re lemotsha phelelo ya seo, e tlhagisa jaana: “Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ . . . Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

“Mashula mañwe le mañwe aotlhe.” “Ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” Seo eleruri ga se utlwale e le tlhaloso ya kgotsofalo le boitumelo, a go ntse jalo? Lefa go le jalo, boitemogelo jwa dimilione tsa batho go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga, le eleng go tla go fitlha gompieno, bo supa kafa mafoko ao a Bibela a leng boammaaruri ka teng. Se no he, se akantsha eng malebana le mekgele ya Mokeresete le tsela ya botshelo?

Ba Timetse—Jang?

Ke ka ditsela dife Bakeresete ba ka timelang mo tumelong? Ba bangwe ba ile bokgakaleng jwa go gana gotlhelele maitsholo a bomodimo le ditumelo. Mo dikgannyeng tse dingwe batho bangwe ba ile ba iteega tsebe mo boineelong jwa bone jwa bomodimo, ba bile ba dirisa boineelo joo e seng kafa tshwanelong jaaka tsela ya go tlhotlheletsa ba bangwe. Jalo Bibela e bua ka “batho ba ba bodileñ mogopolō, le ba ba latlhegecweñ ke boamarure, ba ba itlhomañ poihōmodimo e le mokgwa oa papadi.” (1 Timotheo 6:5) Lefa ba ka tswa ba sa tlogele Bokeresete gotlhelele, ba ka iphitlhela ba tlola melao-metheo ya Bibela eo e leng dikarolo tsa botlhokwa tsa tumelo ya Bokeresete.

Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re ba seka ba tshwana le batho ba lefatshe bao ba renang mo go ba bangwe. O ne a re: “Ga go ketla go nna yalo mo go lona: me leha e le mañ eo o ratañ go tla a nna mogolo mo go lona, a a nnè modihedi oa lona.” Fa a ne a nyatsa baeteledipele ba bodumedi jwa Bajuda, Jesu o ne a bua se se fetang seo. O ne a supa gore go rata bothwadi jwa selefatshe thata go dira gore motho a seka a amogelwa ke Modimo. (Mathaio 20:26; 23:6-9, 33) Ka gone, Bakeresete ba tshwanetse go senka go direlana go na le go ikgatlha kana go laola ba bangwe. Morati wa madi yo o batlang go atlega ka ditsela tsotlhe o ka nna a timela motlhofo mo tseleng eno.

Seemo sa gago ke sefe malebana le seno? A o iphitlhela o lekanya katlego ya gago go ya kafa o kgonang go laola ba bangwe ka teng? A o dirisa kana o sokamisa melao-metheo ya Bokeresete le dithuto tsa motheo e le gore o tle o supe gore o na le taolo kana gore o e bone? A o ikutlwa gore o tshwanetse go kgona dilo tse dintsi go gaisa balekane ba gago go sa kgathalesege seemo? A o natefelelwa ke go bua kaga khumo ya gago kana se tiro ya gago e go nayang sone? Fa go le jalo, he o tshwanetse go tlhatlhobisa gore a o ka tswa osa timele mo tumelong.

Mahutsana a “Katlego”

Gape Jesu o ne a re: “Se iphutheleñ dikhumō mo lehatshiñ . . . Gonne kwa khumō ea gago e gōna, pelo ea gago le eōna e tla nna hèla gōna . . . Ga lo kake loa dihèla Modimo le Dikhumō.” (Mathaio 6:19-24) A batsadi bao ba kgothaletsang bana ba bone mekgele ya dilo tse di bonalang le ditiro tsa selefatshe thata-thata ba latela kgakololo eno? A go gatelela katlego ya selefatshe go a tshwanela fa bana ba tlogela boammaaruri ba bo ba inaakanya le mekgwa e e seng ya Bokeresete ya botshelo? A go na le mosola go itlhokomolosa kana, gongwe, go baya matshelo a bone a semoya mo kotsing ka baka la “dikhumō mo lehatshiñ”? Gantsi batsadi ba ba dirang seno ba fitlhela gore le eleng bone tota ‘ba iphololetsa ka mahutsana a le mantsi’ ka baka la go amega ka bana ba bone le go swabisiwa ke go bo ba latlhegetswe semoyeng—mme fa gongwe—le senameng.

Go rata dikhumo ke morena yo o pelotshetlha. O ja nako ya batho, nonofo, le dikgono; mme o leleka go ineela mo Modimong. Gantsi o hepisetsa batho go senka le eleng dikhumo tse dikgolo le bothwadi jwa selefatshe, ka gone a ba katosetsa kgakala le tumelo. Bibela e bua sentle fa e re: “Eo o ratañ selefera ga a ketla a kgora selefera; le eo o ratañ letlōtlō ga a ketla a kgora loatō.”—Moreri 5:10.

Le eleng morago ga a sena go nna Mokeresete, go rata go atlega mo go tsa madi ga ga rakgwebo mongwe wa Moafrika go ne ga tswelela go nna selo se segolo mo botshelong jwa gagwe. O ne a tlhokomologa ditiro tsa Bokeresete a bona go le botoka go etelana le ditsala tsa borakgwebo ba selefatshe. O ne a seka a tswelela semoyeng ka gope, go sa kgathalesege maiteko a bagolwane ba phuthego ya gagwe a go mo thusa. Ka gone o ne a iphitlhela a le mo kakabalong ya semoya—a semo letlhakoreng lepe ka go bo a ne a se Mokeresete ka gope lefa go le jalo o ne a batla go tsewa jaaka ene. Rotlhe re tlhaloganya gore seemo sa gagwe se ne se sa lere kgotsofalo e kgolo mo botshelong kana boitumelo jwa goyagoile.

Batho ba go nna jalo ga ba kake ba tlhoka go nna le mahutsana a semoya. Go amana le batho ka tsela ya kgwebo le jaaka ditsala bao ba sal tseyeng boikanyeo ka masisi e bile ba sena boitsholo jo bo siameng jwa kafa dikobong go baya motho mo kotsing ya go tlhotlheletsega ka tsela e e sa siamang. Bakeresete ba ba mo kotsing e e ntseng jalo ba tshwanetse go tlhabantshana le ditlhotlheletso tseno gantsi mme gape ba lwantshana le segakolodi sa bone. Ba bangwe boaphelong ba tshwana le ditsala tsa bone mme ba timele gotlhelele mo tumelong. (1 Bakorintha 15:33) Go atlega mo go tsa madi go na le mosola ofe fa go gogela go thetelelo e e ntseng jalo mo semoyeng le mo boitsholong? Fela jaaka Jesu a ne a bolela: “Motho o tla bo a ka thusèga eñ, leha a ka henya lehatshe yeotlhe, me a latlha botshelō yoa gagwè?”—Mathaio 16:26.

Mofuta o o Botoka wa Katlego

Boitemogelo bo tlhomamisitse gore go botlhale go utlwa kgakololo eno ya Bibela: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me . . . lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna.” Ee, re tla bo re le botlhale fa re sa etse lefatshe kana ra tswela pelo seo le se nayang. Re tshwanetse go amega segolo bogolo kaga go amogelwa ke Modimo, moo go sa kakeng ga bonwa ka go fufulela dilo tsa lefatshe.—Baroma 12:2; Yohane 2:15, 16.

Jesu o ne a tshwantsha seno ka molemi yo o neng a ikantse khumo ya gagwe mme yoo Modimo o neng wa mo raya wa re: “Seeleele ke wèna, mōea oa gago o lōpiwa mo go wèna sigoñ yono; me dilō tse u di baakantseñ di tla nna tsa ga mañ?” Fa Jesu a ne a digela setshwantsho sa gagwe,. O ne a re: “Le èna eo o ikhumèlañ hèla, a sa humèla Modimo, o nntse hèla yalo.” Jesu o ne a bontsha gore “botshelō yoa motho ga boa èma mo letlotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.”—Luke 12:15-21.

Jesu o ne a dirisa sekao se se itsegeng sa mmusi yo o humileng yo mmotlana go bontsha selo se se tshwanang. Monna yono o ne a atlegile ka tsela ya selefatshe, mme ka phepafalo o ne a batla go nna motho wa boitsholo jo bo siameng. Lefa go ntse jalo, Jesu ga ka a bua ka ene jaaka sekao sa go atlega. Go na le moo, Jesu o ne a re go tla nna thata ka batho ba go nna jalo “go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” Batho ba bantsi ba ba mo boemong jwa go nna jalo ga ba a ikemisetsa go ikgaoganya le dilo tsa bone tse di bonalang e le gore ba dire Bogosi jwa Modimo mokgele o mogolo mo botshelong jwa bone.—Luke 18:18-30.

Fa Jesu a ne a gatelela gape go bewa kwa pele ga dikgatlhego tsa semoya, o ne a re: “Se itlhobaeleleñ, loa re, Re tla ya eñ? kgotsa, Re tla nwa eñ? kgotsa, Re tla apara eñ? Gonne Badichaba ba batla cōna dilō cotlhe tseuō; gonne Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe. Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” Jalo, le eleng mabapi le dilo tsa botlhokwa, re tshwanetse go baya tsa botlhokwa jo bogolo kwa pele. Gore re atlege ka boammaarurigore re fitlhelele boitumelo re bo re bone kgotsofalo ya mmatotadilo tsa se_ moya di tshwanetse go tla pele ga tse di bonalang.—Mathaio 6:31-33.

Nnang lo Batle go Atlega Semoyeng

Jalo ka phepafalo tsela e e botlhale ke go batla katlego ka go senka Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe. Se no se kopanyeletsa go ithuta Bibela e le gore re “lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” Go rata ga gagwe go akareletsa go baya tirelo ya gagwe kwa pele mo botshelong jwa gago, go tsaya karolo ka botlalo mo bodiheding jwa Bokeresete, go sa tlhokomologe dipokano tsa Bokeresete, le go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo siameng tumalanong le tshiamo ya Modimo. Dilo tseno ga di a tshwanela go beelwa kwa thoko, kana tsa hupediwa, ke dikgatlhego tsa dilo tse di bonalang. Se no ke sone se se neng se kaiwa ke kgakololo ya ga Jesu go mmusi yo mmotlana yo o humileng: “Rekisa cotlhe tse u nañ nacō, me u abèlè bahumanegi; me u tla na le lohumō kwa legodimoñ: me u tlè, u ntshalè moragō.”—Baroma 12:2; Luke 18:22.

Ka go dira seno, o tla bo o aga bomoya jwa gago le jwa balelapa la gago. Go na le go nna boikgogomoso kana go solofela mo dikhumong tse di senang tlhomamo, o tla bo o le gareng ga bao ba ‘humileng ditiro tse di molemo, . . . ba ipeelela motlha o o tlang motheo o o molemo, gore ba tle ba tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.’ Ee, mokgele wa gago e ka nna botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng e e tsosolositsweng ya selefatshe ka gonne “lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” Ga go na katlego e kgolo eo o ka e fitlhelelang go feta eno.—1 Timotheo 6:17-19; 1 Yohane 2:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A madi ke one tharabololo?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A batsadi ba tla romela bana ba bone go ya go senka katlego a thutego e e kwa godimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela