Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Jesu o Romela ba Bangwe ba le 70 go ya go Rera
KE LETLHABULA la 32 C.E., dingwaga tse di tletseng di le tharo ta esale Jesu a kolobediwa. Ene le barutwa ba gagwe ba ne ba sa tswa go nna gone mo Modirong wa Metlaagana mo Jerusalem a, mme go bonala ba santse ba le gautshwane le koo. Tota, Jesu o dirisa bontsi jwa nako e e setseng ya dikgwedi tse thataro tsa bodihedi jwa gagwe ekane e le mo Judea kana go kgabaganya Noka ya Jaredane mo kgaolong ya Perea. Kgaola eno leyone e tshwanetse go akarediwa.
Ke boammaaruri, morago ga Tlolaganyo ya 30 C.E., Jesu o ne a dirisa dikgwedi tse di terang bobedi a ntse a rera mo Judea. Mme morago ga ta Bajuda ba sena go leka go mmolaya koo ka Tlolaganyo ya 31 C.E., o ne a dirisa ngwaga e e latelang le sephatlo sa yone a ntse a ruta segolo bogolo mo Galilea. Mo lobakeng loo, o ne a bona setlhopha se segolo, se se thapisitsweng sentle le se se rulagantsweng sentle sa bareri, sengwe se a neng a sena naso go le pelenyana. Jalo, jaanong o simolola tlhabano e e nonotileng e kgolo ya go neela bosupi mo Judea.
Jesu o tsweledisa tlhabano eno ka go tlhopha barutwa ba le 70 le go ba romela ka bobedi le bobedi. Ka jalo, gotlhe tela go ditlhopha di le 35 tsa bareri ba Bogosi ba ba tla dirang mo tirong eo. Bano ba etelela Jesu pele go ya mo motseng mongwe le mongwe le mo letelong lengwe le lengwe leo, Jesu, a na le baaposetoloi ba gagwe, a rulaganyetsang go ya kwa go tsone.
Go na le gore a laele ba ba 70 go ya kwa disinagogeng, Jesu o ba raya a re ba ye kwa magaeng a batho, a ba tlhalosetsa a re: “Me ntlo e lo tsènañ mo go eōna leha e ka nna ehe, e re pele, lo re, A kagishō e nnè le ntlo e. Me ha morwa kagishō a le gōna, kagishō ea lona e tla nna mo go eōna.” Molaetsa wa bone ke ote? “Lo ba reè, lo re, Bogosi yoa Modimo bo lo atametse.” Mabapi le tiro ya ba ba 70 bao, Matthew Henry’s Commentary e bega jaana: “Fela jaaka Morena wa bone, gongwe le gongwe kwa ba neng ba etela teng, ba ne ba rera ka ntlo le ntlo.”
Ditaolo tse Jesu a di fileng ba ba 70 di tshwana le tse a neng a di neela ba ba 12 ba a neng a ba roma go ya go rera mo Galilea mo e ka nnang ngwaga pelenyana ga moo. Ga a tlhagise ba ba 70 bano kaga kganetso tela e ba neng ba tla lebagana le yone, a ba baakanyetsa kata ba neng ba tla bua molaetsa ka gone go beng ba matlo, mme o ba ta nonoto ya go todisa balwetse. Ka jalo, fa Jesu ka bokhutshwanyane a goroga morago, batho ba le bantsi ba ne ba tla bo ba iketleeleditse go kopana le Morena yoo barutwa ba gagwe ba kgonang go dira dilo tse di gakgamatsang jalo.
Thero ya ba ba 70, le tiro ya ga Jesu ya go ba latela di tsaya loba ka tela lo lokhutshwane. Ka bonakonyana tela ditlhopha tse 35 tsa bareri ba Bogosi di simolola go boela kwa go Jesu. “Morèna,” ba bolela ka boitumelo, “badimo le bōnè ba re utlwa ka lei na ya gago.” Pego e e ntseng jalo ya tirelo ruri e itumedisa Jesu thata, ka go bo o arabela are: “Ke bonye Satane a wa yaka logadima kwa legodimoñ. Bōnañ, ke lo neile thata ea go gata dinōga le diphepheñ.”
Jesu o itse gore morago ga go tsalwa ga Bogosi jwa Modimo ka nako ya bokhutlo, Satane le badimona ba gagwe ba ne ba tla piriganngwa kwa legodimong. Mme jaanong go kgaramelediwa ntle mono ga badimona ba ba sa bonaleng ke batho tela go ntse go tiisetsa gape kaga go tla ga tiragalo eo. Ka jalo, Jesu o bua ka go digwa ga nako e e tlang ga ga Satane kwa legodimong gore ke selo se se tlhomamisegang. Jalo he, ke tshwantshetso tela ta go twe ba ba 70 ba tiwa thata ya go gata dinoga le diphepheng. Leta go le jalo, Jesu are: “Lo se ka loa itumèlèla mouō, go re, meōea ea lo utlwa; me lo itumèlèlè go re, maina a lona a kwadilwe kwa legodimoñ.”
Jesu o itumetse thata-thata mme o baka Rraagwe phatlalatsa ka ntlha ya go dirisa batlhanka bano ba ba nyatsegang ba gagwe ka tsela eno e e nonotileng. Fa a retologela kwa barutweng ba gagwe, are: “Go segō matlhō a a bōnañ dilō tse lo di bōnañ; Gonne kea lo raea, baperoteti ba le bantsi ba eleditse, le dikgosi, go bōna dilō tse lo di bōnañ, me ba se ka ba di bōna; le go utlwa dilō tse lo di utlwañ, me ba se ka ba di utlwa.” Luke 10:1-24; Mathaio 10:1-42; Tshenolō 12:7-12.
◆ Jesu o ne a ya go rera kae mo dingwageng tsa ntlha tse tharo tsa bodihedi jwa gagwe, mme o akaretsa tshimo ete mo dikgweding di le thataro tsa gagwe tsa botelo?
◆ Jesu o kaela ba ba 70 go ya kae gore ba bone bat ho?
◆ Ke ka ntlhayang ta Jesu a ne a re o bone Satane a setse a digilwe kwa legodimong?
◆ Ba ba 70 ba ne ba gatile dinoga le diphepheng ka tsela ete?