Go Nna Modihedi yo o Tlhomamisitsweng—ka Tsela ya Modimo!
MOETI mongwe a ka tswa a ile a kgatlhiwa—gongwe le eleng go gakgamadiwa—ke seo a neng a se utlwile. E ne e le kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. Go ne go neelwa setlhopha sa batho bao ba neng ba tloga ba kolobediwa puo. Se se gakgamatsang ke gore sebui se ne sa bolelela bano ba ba neng ba ya go kolobediwa jaana: “Go nna gone ga gago mo setlhopheng sena sa ba ba yang go kolobediwa go supa gore o eletsa go nna modihedi yo o tlhomamisitsweng wa Bogosi.”
‘Seo se ka diragala jang?’ moeti o ka bo a ile a botsa jalo. ‘A kolobetso ga se ya batho bao ba sa leng basha mo Bokereseteng—le ya masea? A go nna modihedi yo o tlhomamisitsweng ga go tlhoke katiso le thuto e e tseneletseng ya dingwaga-ngwaga?’ Gongwe o ka akanya ka mo go tshwanang. Mme seo tota Bibela e se buang ka kolobetso le go tlhomamisiwa se ka go gakgamatsa.
Pele Motho a ka Kolobediwa
Santlha-ntlha, kolobetso ga se ya batho ba ba sa tlwaelanang le molaetsa wa Bokeresete go le kalo. Bibela, mo go Ditihō 8:12, e bontsha gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga batho ba ne ba kolobediwa fa ba sena go “dumèla.” Gape Mathaio 28:19 e bontsha gore motho o tshwanetse go nna ‘morutwa’ pele ga a kolobediwa. Mme motho o nna jang ‘modumedi,’ kana ‘morutwa,’ (‘yo o rutilweng’)? Ka go ithuta Bibela ka kelotlhoko! Ka tsela eno, motho o nna le kitso ya boammaaruri ka ga Jesu le Jehofa Modimo. (Yohane 17:3) Ke fela morago ga fa morutwa a sena go nna le kitso eno a leng mo boemong jwa go akanyetsa go kolobediwa. Mo kelgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba ba tlhomameng ba ne ba ruta basokologi ba basha thuto e e ntseng jalo.—Ditihō 8:31, 35, 36.
Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno go dirwa dithulaganyo tse di tshwanang le tseo gore batho ba ba kgatlhegang ba ipelele thuto ya legae ya mahala ya Bibela. Motho yo o nang le pelo e e arabelang o lemoga ka iketlo seo a ithutang sona. O tlhotlhelediwa go abalana le ba bangwe ditumelo tsa gagwe tse a sa tswang go di bona. (Baroma 10:8-10) O simolola go kopanela ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete, koo a bapalang thuto e e oketsegileng ya Bibela gone. (Bahebera 10:24, 25) Mme morago ga sena se sena go tsaya dibeke kana dikgwedi, modumedi yo mosha o nna le keletso ya go latela kgakololo ya Bibela e e mo go Baroma 12:1 e e reng: “Ke gōna, ba ga echo, kea lo rapèla ka mautlwèlō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ.”
Lefa go le jalo, kitso e le yosi ga e dire gore motho a tshwanelegele go dira boineelo jono. Gape motho o tshwanetse go ikotlhaya mme a “shokologè.” (Ditihō 3:19) Ka ntlhayang? Tota, bangwe ba ne ba tshela matshelo a boitsholo jo bo maswe, pele ga ba ithuta ditekanyetso tsa Modimo. Ba bangwe ba ne ba hupeditswe ke ditelekiso tsa bogagapa. Mme gore ba itlhagise go Modimo ba ‘itshepile, ba lebosega,’ ba tshwanetse ba ikotlhaela ditiro tseo tsa bone tsa nako e e fetileng. Ba tshwanetse ba ikotlhaela go bo ba dirisitse botshelo jwa bone, nonofo ya bone, e dikgono tsa bone mo ditelekisong tseo eseng tsa Dikwalo. Gape boikwatlhao jono bo tshwanetse jwa bo bo patilwe ke kgato e e tshwanetseng gore ba ke ba “shokologè” tota, kana ba fetole tsela ya bone ya go tshela.
Go thusa modumedi yo mosha go ya pele, bagolwane ba Bakeresete ba rulaganyetsa go kopana le ene mme ba dirisa nako ba boeletsa dithuto tsa motheo tsa Bibela. Seno se tlhomamisetsa bagolwane gore Mokeresete yono wa ka moso o bapetse kitso ya boammaaruri ka ga maikaelelo a Modimo. Mme gone, poeletso eno e nna mosola thata go morutwa. Fa go tlhokafala, dilo dingwe tse di neng di sa tlhaloganngwe sentle di a phepafadiwa.
Ka metlha dikolobetso di tshwarwa fa go le dikopano tsa kgaolo kana tsa potologo tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka dinako tseno, ba ba yang kolobetsong ba neelwa puo e e ba lebaneng. Ba gopodiwa gore kolobetso ga se kgang ya go tsena mo bodumeding jo bosha. Jesu o ne a re: “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.”—Mathaio 16:24.
Go ya pele ba ba yang kolobetsong ba gakololwa bokao jwa mmatota jwa kolobetso. Gantsi go balwa temana eno e e mo go 1 Petere 3:21: “A le aōna a bolokañ lona gompiyeno kaha sechwanoñ sa amarure, eboñ kolobeco, e señ go tlosiwa ga leshwè ya nama, ha e se potsishō ea segakolodi se se siameñ se botsa kaga Modimo [go kopa segakolodi se se siameng mo Modimong, NW], ka go coga ga Yesu Keresete.” Petere mono, o bapisa kolobetso le boite mogelo jwa ga Noa jwa go falola metsi a Morwalela. Lefa metsi ao a ne a bolaya batho ba lefatshe ba ba boikepo, a ne a boloka botshelo jwa ga Noa ereka a ne a mo rwala ka polokesego a le mo arakeng. Kolobetso ka mo go tshwanang, e ‘boloka’ Bakeresete mo lefatsheng leno le le boikepo. Fa mongwe a kolobediwa, gonne a theile tumelo ya gagwe mo melemong ya loso le tsogo tsa ga Jesu Keresete, motho yono, tota, o mo boemong jo bo ‘bolokesegileng’ fa pele ga Modimo. Ga a tlhole a lejwa e le karolo ya losika lono lo lo boikepo lo lo atlholetsweng tshenyego.—Bona Ditihō 2:40.
Ka jalo, go kolobediwa ga se kgato eo e tshwanetseng go tsewa ka ntlha ya go tseega maikutlo, jaaka fa gant si go diragala kwa dipokanong tsa sedumedi tsa go tsosolosiwa. Seno se tlotlomadiwa ke lebaka la go bo modihedi yo o okamelang mo kolobetsong a botsa barutwa ba basha dipotso tse pedi tse di tsenelelang kwa teng mo maikutlong, pele ga ba nwediwa. Dikarabo tsa bone ka ee ke “boipolèlō” jwa tumelo ya bone phatlalatsa mo thekololong le jwa gore ba ineetse mo go Jehofa ba sa sadisa sepe kwa morago. (Baroma 10:9, 10) Jaanong ba siametse gore ba kolobediwe mo metsing.
Go Tlhomamisiwa Jaaka Badihedi ba Bogosi
Go nwediwa mmele otlhe mo metsing ke letshwao le le tshwanelang la go ineela ga bone mo Modimong. Fa ba le kafa tlase ga metsi, go ntse jaaka ekete ba sule mo tseleng eo ba neng ba tshela ka yone pele. Fa ba tswa mo metsing, go ntse jaaka ekete jaanong ba a tshela mo tseleng e ntsha ya go intsha setlhabelo mo go direleng Modimo.—Bapisa Baroma 6:2-4.
Lefa go le ialo, go tlhomamisiwa go amana jang le kgato ya kolobetso? Tlhokomela seo Cyclopædia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature (1877), Bolumo VII tsebe 411, ya ga M’Clintock le Strong e se buang: “Go tlhomamisiwa go kaya go tlhomiwa ga motho mo tirong ya bodihedi, go patilwe ke meletlo kana e seyo.” [Mokwalo o o sekameng ke wa rona.] Seno se bontsha gore, gore o nne modihedi wa Mokeresete ga go tlhokafale moletlo o mogolo kana setifikeiti.
A mme sena ke seo Bibela e se rutang? Akanya ka Jesu Keresete. Ga go na pelaelo gore e ne e le modihedi yo o tlhomologileng wa Modimo. Lefa go le jalo, a o ne a dirile moletlo mongwe o mogolo wa go tlhomamisiwa pele ga a simolola tiro ya gagwe ya go rera? A o ne a na le setifikeiti seo se supang gore ke modihedi? Gotlhelele nnyaa. Modimo o ne a bontsha gore o amogela Jesu jaaka Morwawe le go mo tlhopha go nna modihedi wa Gagwe morago fela ga a sena go kolobediwa mo metsing.—Mareko 1:9-11; Luke 4:18-21.
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga bone? Ga go na pego epe ya go tlhomamisiwa gope ga badihedi bano ba Bakeresete ba pele ka tsela ya go itshema. Pego e e mo go Ditihō gangwe le gape e bolela ka go kolobediwa go go motlhofo ga ba ba dumelang. Morago ga moo ba arole ka tlhoafalo mo bodiheding jwa patlalatsa.—Bona Ditihō 2:41-47; 8:36-39; 22:14-16.
Badihedi bano ba ne ba na le bosupi bofe jwa gore ba tlhophilwe? Paulo mo go 2 Bakorintha 3:1-3 o bua jaana: “A re bile re simolola gapè go iphaka? kgotsa a le rona re tlhoka, yaka banwe, dikwalo tse di re hakañ, tsa go ea kwa go lona ka cona, kgotsa tsa go cwa kwa go lona? Ke lona lokwalō loa rona, lo lo kwadilweñ mo peduñ tsa rona, e le lo lo itsiweñ lo balwa ke batho botlhe; Ka lo bōnatshegile ha lo le lokwalō loa ga Keresete, lo lo dihilweñ ka rona, lo lo kwadilweñ e señ ka inka, e le ka mōea oa Modimo o o tshedileñ; e señ mo matlapeñ a a dimatla, e le mo dimatleñ tse e boñ dipelo tsa nama.” Maatla a moya wa Modimo mo dipelong tsa batho bano ba ba rutilweng a ne a tlhagisa botho jo bosha jwa Bokeresete, joo bo neng bo ka balwa ke botlhe bao ba ba etseng tlhoko. Seno e ne e le bosupi jo bo lekaneng jwa gore tota Modimo o ne o tlhophile batho bano bao ba arolang mo go ruteng barutwa bano ba basha.
Go Tlhoafalela Bodihedi
Gompieno ka mo go tshwanang, modihedi o lemogiwa ka ditiro tsa gagwe. O tlhoafaletse go ‘iteka ka natla’ mo bodiheding jwa gagwe. (Luke 13:24, NW) o leba bodihedi jwa gagwe jaaka tshiamelo e kgolo e e tswang go Modimo. Ga a e tseye motlhofo fela.—1 Timotheo 1:12-16.
Go rera ka Bogosi ke boikarabelo jo bogolo jwa badihedi bano. Ditelekiso tse dingwe tsotlhe di tshwanetse tsa fokodiwa gore ba tle ba ‘swetse bodihedi jwa bone.’ (2 Timotheo 4:2, 5) Gone tota, ba tshwanetse ba tlhokomela ditlhokafalo tsa bone ka namana gammogo le tsa malapa a bone. Lefa go le jalo, ba ‘ritibetse pelo ka dijo le diaparo.’ Ga ba letle ditelekiso tsa botho kana dikeletso tsa botho go ba kgoreletsa mo bodiheding. (1 Timotheo 5:8; 6:7, 8; Bafilipi 2:20-22) Ba tlhomamisa “dilo tse di molemo segolo.” (Bafilipi 1:1, NW) Ba lekela ka natla go baya sekao se se molemo sa ga Jesu Keresete mo pele ga bone, yoo botshe-10 jwa gagwe bo neng bo thailwe mo go rereng ka Bogosi.—Luke 4:43; Yohane 18:36, 37.
Lefa go le jalo, fa motho a kolobediwa jaaka modihedi yo o tlhomamisitsweng, tota o a bo a santse a simolola tirelo ya gagwe go Modimo. Ke boammaaruri gore o na le kitso kaga Keresete Jesu le Jehofa Modimo. Gape o dirile diphetogo di le dintsi mo botshelong jwa gagwe gore bodihedi jwa gagwe jwa Bokeresete bo se ka jwa bonwa molato. (2 Bakorintha 6:3) Mokeresete yono yo o sa tswang go kolobediwa o santse a tlhoka gore a gole thata. Kolobetso ya gagwe, eo e kayang go tlhomamisiwa ga gagwe, ke fela karolo ya ntlha ya botlhokwa ya kgolo ya gagwe jaaka Mokeresete. (Bafilipi 3:16) Ka jalo, modihedi mongwe le mongwe yo o tlhomamisitsweng o tshwanetse go tswela pele a aga kanaanelo ya dilo tsa semoya mo pelong ya gagwe. O tlhoka go rulaganyetsa nako ya thuto ya botho. O tshwanetse go solegela dipaakanyetso tsotlhe tsa go kopana mmogo ga phuthego molemo. O tshwanetse go berekela mo go tokafatseng boleng jwa dithapelo tsa gagwe, mo go felelang ka kamano ya botho e e atamalaneng le Modimo.—Luke 6:45; 1 Bathesalonia 5:11; 1 Petere 4:7.
Re solofela gore dintlha tseno tsa Dikwalo di go thusitse gore o tlhaloganye gore ke eng fa dikirii ya yunibesithi e sa tlhokege mo go bao ba eletsang go direla jaaka badihedi ba Modimo. Go feta dimilione tse tharo tsa Basupi ba ga Jehofa ba direla Modimo ka boikanyegi jaaka badihedi ba gagwe, ba bolela boammaaruri jo bo mo Lefokong la gagwe. Ke ka ntlhayang fa o sa letle mongwe wa bone a go thuse gore o nne le kitso ya Bibela?
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Go ya ka Bibela, modihedi wa Mokeresete o tlhomamisiwa ka nako ya fa a kolobediwa