LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/15 ts. 10-15
  • A O Anaanela Dilo Tse di Boitshepo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Anaanela Dilo Tse di Boitshepo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leina la ga Jehofa le Setlhabelo—di Boitshepo go Gaisa Tsotlhe
  • Kamano ya Rona le Jehofa le Phuthego ya Gagwe
  • Lefoko la Modimo, Melao ya Gagwe, le Tsholofelo ya Bogosi
  • Diphuthego tse di Boitshepo le Ditshiamelo
  • Lenyalo le Lelapa
  • Moya o o Boitshepo wa ga Jehofa le Thapelo
  • A o Leba Dilo Tse di Boitshepo ka Tsela e Jehofa a di Lebang ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tirelo e e Boitshepo Mo “Motlheñ [Ono] oa Bokhutlō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Tirelo e e Boitshepo Jaaka Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Esau o Rekisa Tshwanelo ya Gagwe ya go Nna Leitibolo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/15 ts. 10-15

A O Anaanela Dilo Tse di Boitshepo?

“Latèlañ kagishō le batho botlhe, le boitshepishō yo go señ motho opè eo o tla bōnañ Morèna kwa ntlè ga yōna: Lo nntse lo iketse sedi, . . . Gore e se re kgotsa go bo go le mogokahadi, leha e le motho eo o tlhapatsañ, yaka Esawe, eo o lesitseñ botsalwapele yoa gagwè yoa rèkwa ka seyōnyana se se kgorwañ gañwe hèla.”—BAHEBERA 12:14-16.

1. Ke go tlhoka kanaanelo gofe moo batho ba le bantsi ba go bontshang, mme Bakeresete ba farologane jang?

JEHOFA MODIMO wa rona ke Motlamedi yo o pelotshweu fela thata. O naya lobopo lotlhe lwa gagwe dilo tse ba di tlhokang kwantle ga tuelo. Lefa go le jalo, bontsi jwa batho, ga ba ke ba akanya thata ka seno. Ga ba ke ba leboga Jehofa lefa e le go dumela gore ba mo kolota fela thata. Bakeresete, mo letlhakoreng je lengwe, ga ba tseye bomolemo jwa ga Jehofa motlhofo. Ba mo tlotla ka ntlha ya seo a se ba direlang. Ka go bo ba ineetse mo go ene, Jehofa o neile batho ba gagwe dilo di ka nna mmalwa tse di boitshepo tseo setho ka kakaretso se senang natso. Dilo tseno ke tsa botlhokwa, di tlhaotswe jaaka tse di boitshepo mme di amana le kobamelo ya ga Jehofa. A o itse gore dilo tseno tse di boitshepo ke dife? Mme a o na le kanaanelo e e boteng, e e tswang pelong mo go tsone?—Pesalema 104:10-28; Mathaio 5:45; Tshenolō 4:11.

2. Ke mang yo o neng a bontsha go tlhoka kanaanelo mo gogolo?

2 Ga se batho ootlhe ba Modimo bao ba ileng ba anaanela dilo tse di boitshepo ka tshwanelo. Ka sekai, morwa wa ga Isake ebong Esau, o ne a retelelwa mo ntlheng eno. Paulo o ne a bua ka ene fa a ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng ba Bahebera. Morago ga a sena go kgothaletsa bano go ‘latela kagiso le batho botlhe,’ o ne a ba tlhagisa gore ba eletlhoko gore mo gare ga bone go bo go sena “mogokahadi, leha e le motho eo o tlhapatsali, yaka Esawe, eo o lesitseli botsalwapele yoa gagwè yoa rèkwa ka seyanyana se se kgorwali galiwe hèla.”—Bahebera 12:14-16.

3, 4. Ditshwanelo tsa botsalwapele tse di boitshepo tseo Esau a neng a di rekisetsa Jakobe ka dikgobe e ne e le eng?

3 Ditshwanelo tseno tsa botsalwapele e ne e le eng? Jehofa o ne a solofeditse rraagwemogolo Esau, ebong Aberahame gore kgabagare ka ene le ditlogolwana tsa gagwe go ne go tla tsalwa mongwe yo o neng a tla nna Losika lo lo solofeditsweng, ebong Mesia, kana Keresete. Merafe yotlhe e ne e tla segofala ka losika lono, moo go neng go tla lebisa kwa go gololweng ga bone mo sebeng le mo losong.—Genesise 22:15-18; Bagalatia 3:16.

4 Esau, ebong motsalwapele wa ga Isake, o ne a na le sebaka sa go nna mongwe wa batho bao ba neng ba tla tshola Losika loo. Seno e ne e le karolo ya tshwanelo ya botsalwapele jwa gagwe. Mme ka matlhabisa ditlhong, pego ya Bibela e tlhalosa kaga gagwe jaana: “Esawe a nyatsa botsalwapele yoa gagwè.” o ne a bo rekisa kwantle ga go akanya ka sejonyana fela sa dikgobe tsa dinawa le senkgwe. Eleruri, ga re batle go etsa go tlhoka kanaanelo ga gagwe. Go na le moo, re tshwanetse go nna le boikutlo jwa morwarraagwe Esau, ebong Jakobe. E ne e le ene wa bobedi yo o neng a tshwanelwa ke botsalwapele, joo a neng a bo reka fa a ne a bona ka phepafalo gore morwa rraagwe o ne a sena kanaanelo. Ka gone Jakobe o ne a tlhomamisa gore tshwanelo ya go nna rremogologolwane wa Losika lo lo solofeditsweng e tsweledisiwa ke yoo ka tshwanelo a neng a bona fa selo se se boitshepo sena se le ootlhokwa.—Genesise 25:27-34.

5. Ke dilo dife tse di boitshepo tseo re tla di sekasekang, mme re ka tila jang go di tsaya motlhofo?

5 Mo phu the gong ya Bokeresete, Jehofa o re neile dilo di le dintsi tse di boitshepo go re boloka re nonofile semoyeng e bile re tlhomeleletse tiro ya gagwe ka tshwanelo. Mma re tlotleng ka di le mmalwa tsa tsone. Go tswa foo, re ka tlhatlhanya ka tsone motho ka bongwe, mme ra nonotsha kanaanelo ya rona mo go tsone e le gore le ka motlha re seka ra di tsaya motlhofo.

Leina la ga Jehofa le Setlhabelo—di Boitshepo go Gaisa Tsotlhe

6. Ke ka ditsela dife re ka bontshang gore ga re tseye boitshepo jwa leina la ga Jehofa motlhofo?

6 Santlha mo lenaaneng la rona la dilo tse di boitshepo ke leina la ga Jehofa. Leina leno le tlotlega go le kana kang mo mogopolong le mo pelong ya gago? Fa Jesu a ne a naya thapelo ya sekaelo, santlha o ne are: “Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Mathaio 6:9) Fa re kolobediwa, re nna bangwe ba Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10, 11) Abo e le tlotla e kgolo jang ne! Mme fa re bua kaga bomolemo jwa ga Jehofa le maikaelelo a gagwe a magolo, ba bangwe ba simolola go mo itse ka leina, mme le bone ba batle go mo direla. Mme fa motho a tlhokomologa go bua kaga gagwe kana, se se maswe go feta seo, a kopanyelediwa mo go direng phoso, sena se lere kgobo mo leineng le le molemo la ga Jehofa le tumo. Basupi ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba ga Jehofa ba lekela ka metlha go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo fa pele ga ba bangwe ka seo ba se buang le go se dira.—Lefitiko 22:31, 32; Duteronome 5:11.

7. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go bontsha kanaanelo e kgolo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete?

7 Se segolo mo lenaaneng la dilo tse di boitshepo ke setlhabelo sa thekololo. Setlhabelo sa ga Keresete se botlhokwa go le kana kang mo go wena? Re ka itshwarelwa dibe tsa rona fela fa re na le tumelo e e feletseng mo setlhabelong sena se se itekanetseng sa motho. (1 Yohane 2:1, 2) Paulo o bolela fa phuthego ya batlodiwa e le “e [Modimo] o e rekileñ ka madi a [Morwa wa] ōna.” (Ditihō 20:28; bapisa 1 Petere 1:17-19.) Jesu, Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi, o ne a tlogela boemo jwa gagwe kwa legodimong, a tla go tshela mo lefatsheng gareng ga banna le basadi ba ba leofileng, mme go tswa foo a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho ka go swa loso lo lo utlwisang botlhoko mo koteng ya tlhokofatso e le gore re tle re bone botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 20:28) E tla 00 e le go tlhoka tebogo mo gogolo fa motho a sa bontshe kanaanelo e kgolo letsatsi le letsatsi mo mphong eno ya botlhokwa e e tswang kwa Modimong.—Bahebera 10:28, 29; Yude 4, 5.

Kamano ya Rona le Jehofa le Phuthego ya Gagwe

8. Kamano ya rona le Jehofa e botlhokwa go le kana kang?

8 Seno se re tlisa mo selong se sengwe gape se se boitshepo fela thata, ebong kamano ya rona le Jehofa. Abo re tshwanetse go ngomaela botsalano jono jo re nang najo le Rraarona wa selegodimo ka lorato jang ne. Fa re ‘atamela Modimo, o tla re atamela.’ (Yakobe 4:8) O re rata fela thata, mme o batla gore re mo rate ka pelo yotlhe. (Mathaio 22:37, 38; Yohane 3:16) Dafide o ne a fa morwawe Solomone kgakololo e e tlhomameng kaga kamano ya gagwe le Jehofa. Eno e ne e akareletsa tlhagiso e e reng: “Me wèna, Solomona morwaaka, u itse Modimo oa ga rrago, me u o dihèlè ka pelo e e itekanetseñ, le ka mogopolō o o tletseñ: gonne Yehofa o kheleisa dipelo cotlhe, me o tlhaloganya diakanyo cotlhe tsa megopolō: ha u mmatla, o tla bōnwa ke wèna; me ha u mo tlogèla o tla gu latlha ka bosakhutleñ.” (1 Ditihalō 28:9) Jalo “lo nnè lo ipolokè mo loratoñ loa Modimo, lo nntse lo lebeletse kutlwèlo botlhoko ea Morèna oa rona Yesu Keresete, e e isañ botsheloñ yo bo sa khutleñ.”—Yude 21.

9. Ke ka ditsela dife re ka bontshang gore ga re tseye tshiamelo ya go bo re le karolo ya phuthego ya ga Jehofa motlhofo?

9 A gape o anaanela gore go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa ke tshiamelo e e boitshepo go le kana kang? Rotlhe re tshwanetse go gakologelwa fela gore re mo go yone fela ka kutlwelobotlhoko e ‘e sa re tshwanelang ya ga Jehofa. Fa motho a itshupa a sena kanaanelo a ba a nna modira-phoso yo o sa ikwatlhaeng, o tla latlhegelwa ke tshiamelo eno. Paulo o ne a tlhagisa ka go re: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.” (1 Bakorintha 10:6-12) Paulo o ne a neela tlhagiso eno morago ga a sena go bolela ka Baiseraele ba ba 23 000 bao ba neng ba nyelela ka ntlha ya kobamelo ya medimo ya disetwa le boitsholo jo bo sa siamang. Re ka bontsha gore re anaanela boitshepo jwa phuthego ya ga Jehofa ka gore mongwe le mongwe wa rona a dire karolo ya gagwe go e boloka e le phepa, e sena boitsholo jo bo sa siamang, kgang, papadi, le boikgodiso le go tlhaola batho ka lotso le mmala. (2 Bakorintha 7:1; 1 Petere 1:14-16) Re ka berekela mo go nonotsheng sebofo sa lorato lwa bokaulengwe, fa ka kelotlhoko re tlhokomela thulaganyo ya bolegodimo re bile re dirisana mmogo le bao ba eteletseng pele.—1 Bathesalonia 4:3-8; 5:12, 13.

Lefoko la Modimo, Melao ya Gagwe, le Tsholofelo ya Bogosi

10. Re ka bontsha jang gore re anaanela Dikwalo tse di Boitshepo ka botlalo?

10 Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ebong Bibela e e Boitshepo, le lone le boitshepo. Le na le mafoko a bomodimo, ditao, dikgakololo, ditsholofetso, ditshenolo, ee, tsotlhe tseo re di tlhokang go ‘siamela go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ (2 Timotheo 3:16, 17) Re ka bontsha jang kanaanelo mo go seno? Santlha, ka go le ithuta le go dirisa seo re se ithutang mo matshelong a rona. Go tswa foo, ka go dirisa ka tshwanelo “diyō ka dipaka tse e leñ conañ tseo di theilweng mo Bibeleng tseo Jehofa a re baakanyetsang tsone ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Mme kafa go ka kgonegang ka teng, re tshwanetse go boloka dikaelo tsa rona tsa Bibela, gammogo le dikgatiso tsa Bokeresete tseo re di dirisang mo tirong ya rona ya go rera, ka botswerere di bile di le phepa. Go ka leretse Jehofa kgobo fa re ya go rera mme re dirisa Bibele e e leswe fela thata kana e e sa lebegeng sentle.

11. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go tsaya melao e e boitshepo ya ga Jehofa motlhofo?

11 Mo Lefokong la Modimo go kwadilwe melao e e boitshepo ya ga Jehofa. A ka metlha o e tsaya e le boitshepo, kana ka dinako tse dingwe o na le go e tsaya motlhofo fela? Melao ya ga Jehofa e tshwana le ditshupo, matshwao, le melelwane ya pabalesego e e mo tseleng e e isang botshelong. Fa re e obamela, re tla tsamaya ka pabalesego mme kgabagare re fitlhe koo re yang gone mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa; mme fa re tsaya ditaelo le dikgakololo tsa ga Jehofa motlhofo, re lebile kwa tatlhegong.—Pesalema 119:10, 11, 35, 101, 102; Diane 3:1-4.

12. Ke jang tsholofelo ya rona ya Bogosi e leng selo se se boitshepo?

12 Gape mo Bibeleng, re ithuta ka selo se se boitshepo seo re tshwanetseng go se rata ka dipelo tsa rona: eleng tsholofelo ya rona ya Bogosi. Fa Paulo a ne a bua ka Aberahame yo o neng a ikanyega, o bua jaana mo go Bahebera 11:10: “Gonne o na a lebèlèla motse [Bogosi jwa Modimo] o e leñ ōna o o nañ le mothèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.” A o na le tsholofelo e e tshwanang e e nonofi-leng, e e sa reketleng mo Bogosing jwa Modimo? A tumelo ya gago e nonofile moo pelo ya gago e senang dipelaelo dipe, a mme tlhoafalo ya gago ga e ngotlege fa o ntse o letetse go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo ka nako ya gagwe?—Mathaio 24:20-22, 33, 34, 42.

Diphuthego tse di Boitshepo le Ditshiamelo

13. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go tsaya melemo ya dipokano tsa Bokeresete motlhofo?

13 ‘Lo tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo; lo seka lwa bakela go phuthega ga lona, jaaka mokgwa wa bangwe, ga gakolola jalo Paulo. Seno se supa gore dipokano tsa rona tsa Bokeresete ke paakanyetso e nngwe e e boitshepo e e sa tshwanelwang go tsewa motlhofo. Kwa dipokanong, re amogela tao ya botlhokwa le bokopano jo bo itumedisang tseo re di tlhokang fela thata. Fano le gone re ka ‘tshegetsa boipolelo jwa tsholofelo ya rona’ ka go bua go tswa seraleng fa re nna le sebaka le ka go akgela ka metlha. (Bahebera 10:23-25) Mme ereka Holo ya Bogosi e le kwa bontsi jwa dipokano tsa rona di tshwarelwang gone, a ka metlha o ntsha meneelo ya madi le go dira ka natla go e boloka e le kafa tshwanelong?—Ekesodo 35:21.

14. Ke eng seo se ka re thusang go lemoga gore bodihedi jwa rona jwa Bokeresete ke khumo e e boitshepo?

14 Paulo o tshwantshanya tshiamelo eo Bakeresete ba nang nayo ya go rera mafoko a a molemo le ‘khumo e e mo dijaneng tsa letsopa.’ (2 Bakorintha 4:1, 7) Ee, dipokano tsa Bokeresete le tsone ke selo se se boitshepo seo re se anaanelang mo gogolo. Lefa bontsi jwa batho bao re ba rerelang ba re tlhokomologa, re tshwanetse go nna re ikgakolola ka tshiamelo e e kwa godimo eo re nang nayo ya go bolelela ba bangwe kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Ka go dira jalo re tla diragatsa thomo ya rona ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Go bona barutwa ba basha ba dira botswelelopele ke selo se gape se ipedisang. (1 Bathesalonia 2:19, 20) Fa bodihedi bo le botlhokwa jalo mo go rona, ga re kitla re nna bao ba seng ba ka metlha kana re tsidifala mo go boleleng mafoko a a molemo.

15. Ke ka ntlhayang fa go tlhokomela ditshiamelo mo phuthegong ya ga Jehofa go sa tshwanela go latlhelelwa fela?

15 Ditshiamelo tsa mo phuthegong ya ga Jehofa le tsone di boitshepo. Tota ebile, ditshiamelo tsa go nna jalo ke boikarabelo jo bo boitshepo. (Bapisa Ditihō 20:28.) Ekane boikarabelo joo bo kopanyeletsa bolebedi, bodisa, go ruta, kana go direla Bakeresete-ka-rona ka tsela nngwe fela, dira jalo ka kelotlhoko e kgolo. Le eleng fa tiro e lebega e se botlhokwa, o seka wa e tsaya motlhofo, mme e dire sentle, ka bofefo, jaaka o ka bo o e direla Jehofa. Gakologelwa, “eo o ikanyègañ mo go se sennye, o ikanyèga le mo go se segolo.”—Luke 16:10.

Lenyalo le Lelapa

16. Ke ka ditsela dife re ka bontshang gore re tsaya lenyalo le lelapa e le dilo tse di boitshepo?

16 Mo lenaaneng la dilo tse di boitshepo, o seka wa lebala go akareletsa lenyalo le lelapa. Ke boammaaruri gore batho ba eseng Bakeresete le bone ba a nyala, mme Bakeresete ba tsaya lenyalo le le boitshepo, e le le le kopanyelediwang mo kobamelong ya bone go Jehofa. (Bapisa 1 Petere 3:1-7.) Ba bontshajang gore ba tlotla selo sena se se boitshepo? Bibela e bua jaana go Bahebera 13:4: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” Jesu o ne a tlhagisa gore fa motho a tswelela go leba mosadi ka go mo eletsa go tla bo go raya gore o dirile boaka mo pelong ya gagwe. (Mathaio 5:27, 28) Fa o tlhopha go nyala, dira jalo ka tlotlo. Go tswa foo, o seka wa tsaya lenyalo la gago motlhofo. Agang lorato lwa mmatota le tlotlo e e boteng tsatsi le letsatsi. Fa lo nna le bana, ‘ba godisetseng mo kotlhaong le mo taong ya ga Jehofa.’ Ka tsela eno lelapa la lona le tla nna ‘boitshepo.’—Baefesia 6:4; 1 Bakorintha 7:14.

Moya o o Boitshepo wa ga Jehofa le Thapelo

17. Ke ka ntlhayang fa re sa kake ra tsaya moya o o boitshepo wa Modimo motlhofo?

17 Re tlhoka dipaakanyetso tsotlhe tsa ga Jehofa, mme thuso nngwe ya botlhokwa e e tswang kwa go Jehofa ke moya wa gagwe o o boitshepo. (Yohane 14:26) Ga se ka metlha re itseng ditsela tseo Jehofa a re thusang ka moya wa gagwe o o boitshepo ka tsone, mme re tlhomamisa selo se sengwe fela: Ga re kake ra tswelela pele kwantle ga one. Re tshwanetse ra rapelela moya o o boitshepo go re thusa go tlhaloganya dithuto tsa boammaaruri le go itshokela diteko. Re o tlhoka go re thusa go tlhagolela maungo a moya. (Bagalatia 5:22, 23) Mme re tlhagisiwa mo go Baefesia 4:30 gore ga re a tshwanela go “hutsahatsa” moya o o boitshepo, ka go tsenelela mo dilong tseo di o thibelang go elelela mo go rona. Ekete ka metlha re ka anaanela moya o o boitshepo wa ga Jehofa.

18. Ke ka ntlhayang fa thapelo e le tshiamelo e e boitshepo?

18 Selo sa bofelo se se boitshepo seo re tla tlotlang ka sone, ebong thapelo, tota ga se gore ga e botlhokwa thata. Abo re na le tshiamelo e e molemo jang ne ya go buis ana le Molaodi wa lobopo lotlhe, ebong Jehofa! Kwantle ga pelaelo, re tshwanetse go mo atamela ka tlotlo, ka tshisimogo, le ka motlha re sa latlhelele fela. Re ka tlhomamisega gore o tla utlwa a ba a araba dithapelo tsa rona tseo re di rapelang tumalanong le thato ya gagwe. “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō.” (Bafilipi 4:6) Thapelo e dira gore re nne re ntse re anaanela dilo tse di boitshepo.

19. Ke masego afe ao a tlelang bao ba anaanelang dilo tse di boitshepo ka tshwanelo?

19 Re tlotlile ka dilo tse di boitshepo di le 13 fela tseo le ka motlha re sa tshwanelang go di tsaya motlhofo. Re ne re ka umaka di le dintsi go feta tseno. Fa re anaanela dilo tseno, re tla nna le kamano e e molemo le Modimo wa rona, ebong Jehofa, mme a re segofatse ka malatsi otlhe. Abo sena se lere kagiso mo mogopolong, gammogo le segakolodi se se molemo jang ne! Le ka motlha o seka wa tsaya kamano eo e e botlhokwa motlhofo! Rata Jehofa ka pelo ya gago yotlhe, ka mogopolo wa gago otlhe, ka moya wa gago otlhe, le ka nonofo ya gago yotlhe, mme o tla go rata ka metlha. (1 Yohane 4:16) Ga go na sepe se se ka senyang sebofo seo sa lorato fa e se go tlhoka boikanyegi ga gago fela.—Baroma 8:38, 39.

20. Re ka sepela jang ka katlego mo tseleng e e isang botshelong mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa?

20 Gape a re nneng re tshwaregile mo tirelong ya Bogosi, re dira ditshiamelo tsa rona tsotlhe sentle re bile re anaanela dipaakanyetso tsotlhe tsa semoya. Ekete ka dipelo tse ka metlha di tletseng tebogo, re ka nna re iketleeleditse go utlwa melao le dikgakololo tsotlhe tse di boitshepo tsa ga Jehofa, re lemoga gore di kwaletswe go re goga sentle mo tseleng e e isang botshelong. Gape, jaaka re ntse re tsamaya mo tseleng eo e tshesane e e isang botshelong, go na le tsholofelo ya gore Jehofa ga a na go re falotsa sepitla se segolo fela mme o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng ka masego a a sa feleng mo lefatsheng je lesha, leo jaanong le leng gaufi fela thata. Are direla sena sotlhe, ka go bo re ne ra anaanela dilo tse di boitshepo.

O ne o Ka Araba Jang?

◻ Re ka tila jang go tsaya lei na la ga Jehota le setlhabelo sa thekololo motlhoto?

◻ Ke eng seo se ka lemotshang gore ga re anaanele kamano ya rona le Jehota le phuthego ya gagwe?

◻ Ke dilo dingwe dite tseo di bontshang gore re anaanela Letoko la Modimo le melao, le tsholotelo ya Bogosi?

◻ Re ka bontsha jang gore ga re tseye dipokano tsa Bokeresete le ditshiamelo tsa bolegodimo motlhoto?

◻ Ke dilo dite tse dingwe tse di boitshepo tseo re tshwanetseng go tlhagolela kanaanelo e e boteng mo go tsone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela