LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/15 ts. 8-9
  • Botlhogoethata jwa Bafarasai jwa go sa Bontshe Tumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhogoethata jwa Bafarasai jwa go sa Bontshe Tumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhogoethata Jwa Bafarasai Jwa go Sa Bontshe Tumelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Bafarasai ba Ngangisana le Monna yo o Neng a Foufetse
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Fodisa Monna yo o Tshotsweng a Foufetse
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Fodisa Monna yo o Tshotsweng E le Sefofu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Botlhogoethata jwa Bafarasai jwa go sa Bontshe Tumelo

BATSADI ba mokopi yo o neng a le sefofu ba tsenwa ke letshogo fa ba bidiwa ke Bafarasai. Ba itse gore go ne go dirilwe tshwetso ya gore ope fela yo o bontshang tumelo mo go Jesu o tshwanetse go kobiwa mo ntlong ya thuto. Go kgaolwa go kopanela le ba bangwe mo motseng mo go ntseng jalo go ka lere bothata jo bogolo, segolo-bogolo fa lelapa le humanegile. Jalo batsadi bao ba bua ka botlhale.

“A eo, ke èna ñwana oa lona, eo lo reñ o tsecwe a houhetse?” Bafarasai ba botsa jalo. “Me o bōna yañ gompiyeno?”

“Rea itse ha eo e le ñwana oa rona, a bile a na a tsecwe a houhetse,” batsadi ba ba tlhomamisetsa jalo. “Me ga re itse kaha o bōnañ ka gōna gompiyeno; le eo o mo houholotseñ matlhō, ga re mo itse,” Eleruri morwaabone o ba boleletse sotlhe se se diragetseng, mme ka botlhale batsadi ba re: “Botsañ èna; o godile; o tla ikarabèla.”

Jalo, Bafarasai ba bitsa monna yoo gape. Mo nakong eno ba leka go mo tshosa ka go lemotsha gore ba bone bosupi jwa gore Jesu o dirile molato mongwe.è “Naea Modimo kgalalèlō,” ba mo pateletsa jalo. “Rea itse ha moñ na eouō e le moleohi.”

Monna yo o neng a le sefofu ga a ganetse tatofatso ya bone, a lemotsha ka go re: “Kgotsa a o moleohi, ga ke itse.” Mme o oketsa ka go re: “Señwe kea se itse, ka re, ke ne ke houhetse, me gompiyeno kea bōna.”

Ba leka go bona phase mo bosuping jwa gagwe, Bafarasai ba botsa gape ba re: “O gu dihileñ? O gu houholotse matlhō yan?”

“Ke lo0 boleletse gompiyeno yana,” monna o a ngongorega, “me ga loa ka loa utlwa: lo ratèlañ go ba lo go utlwa?” Ka tshotlo,o botsa ka go re: “A le lona lo rata go cwa barutwa ba gagwè?”

Karabo eno e galefisa Bafarasai. “Wèna o morutwa oa gagwè,” ba mo pega molato, “rona re barutwa ba ga Moshe. Rea itse ha Modimo o buile le Moshe: me ka ga moñ na eouō, ga re itse kwa o cwañ gōna.”

Mokopi yo o boikokobetso o araba jaana, a supa fa a gakgametse: “Ana go mo go gakgamatsa yañ! ka lo sa itse kwa o cwañ gōna, leha go nntse yalo, nna, o mpouholotse matlhō.” Go ka dirwa phetso efe go tswa go seno? Mokopi o supa boammaaruri joo batho botlhe ba bo itseng: “Rea itse ha Modimo o sa utlwe baleohi: me ha motho leha e lemaii e le moōbamedi oa Modimo, a ba a diha go rata ga ōna, eouō, oa mo utlwa. E sa le ka tlhōlègō ea lehatshe ga go e se go ko go utlwiwe ha moñwe a kile a houholola matlhō a motho eo o tswecweii a houhetse.” Ka gone, phetso e e phepafetse: “Ha mothe eo a na a sa cwe Modimoii, o na a sa kake a diha sepè.”

Bafarasai ga ba itse kafa ba ka arabang lebaka le no le le utlwalang le le tlhamaletseng, le le phepafetseng. Ga ba kgone go lebana le boammaaruri, mme jalo ba kgala moñ na yoo ba re: “U tsalecwe hèla mo dibiñ, me a ua re ruta?” Fa ba rialo, ba latlhela monna yoo kwantle, go lebega fa ba mo koba mo ntlong ya thuto.

Fa Jesu a utlwalela kaga seo ba se dirileng, o batla moñ na yoo a ba a mo raya a re: “A u dumèla mo go Morwa Modimo?”

“Me èna ke maii, Morèna,” mokopi yo o neng a le sefofu o araba jalo, “gore ke dumèlè mo go èna?”

“Ke èna eo o buaii nau,” Jesu o araba jalo.

Ka bofefo fela, monna yoo o obama fa pele ga ga Jesu a bo are: “Morèna kea dumèla.”

Go tswa foo Jesu o tlhalosa jaana: “Ke tletse katlholō mo lehatshiii yeno, gore ba ba sa boneii ba bōnè; le gore ba ba bōnaii ba houhalè.”

Fa a rialo, Bafarasai ba ba mo reeditseng ba a botsa: “A le rona re houhetse?” Fa ba ne ba ka dumela gore ba foufetse mo tlhaloganyong, go ne go tla bo go na le lebaka la go bo ba ganetsa Jesu. Fela jaaka Jesu a ba bolelela: “Ha lo ka bo lo no lo houhetse lo ka bo lo sena boleo.” Lefa go le jalo, ka bopeloethata ba gatelela gore ga baa foufala le gore ga ba tlhoke tshedimosetso epe ya semoya. Jalo Jesu o digela ka go re: “Ke ha loa re, Loa bōna: boleo yoa lona bo sale gōna.” Yohane 9:19-41.

◆ Ke ka ntlhayang fa batsadi ba mokopi yo o kileng ya bo e le sefofu ba tsenwa ke letshogo fa ba bidiwa ke Bafarasai, mme jalo ba araba jang ka botlhale?

◆ Bafarasai ba leka jang go tshosa moñ na yo e neng e le sefofu?

◆ Monna yoo o shakgatsa Bafarasai ka go ntsha mabaka afe a a utlwalang?

◆ Ke ka ntlhayang fa Bafarasai ba sena seipato sa go bo ba ganetsa Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela