Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boammaaruri jwa Bibela ‘Bo Tlhaga’
LEFATSHE leno le senya nako e ntsi le madi le leka go fokotsa dilo tse di dirwang ke batho ba ba bosula. Go tlhomilwe melao kgatlhanong le dilo tse di maswe jaaka go sa dirisiweng sentle ga diokobatsi, bogodu, polao; mme melao eno ga e fetole batho ba ba bosula gore e nne ba ba molemo. Kafa letlhakoreng le lengwe, Lefoko la Modimo, e leng Bibela, le na le maatla a a fetolang, mme batho bao ba dirisang melao le melao-metheo ya lone ba fetoga batho ba ba siameng, ba ba ikanyegang, le ba ba pelonomi.—Baroma 12:2.
◻ Ka sekai, Basupi bangwe ba le babedi kwa Australia ba ne ba ya loetong lo lo boelang mo banneng ba le mmalwa ba ba saleng babotlana, ba ba ne ba sa kgone go bona tiro. Fa ba tsena mo ntlong eo banna bano ba neng ba nna mo go yone, ba ne ba fitlha mo kamoreng nngwe e e lefifi, e e tletseng mosi. Go ne go na le dilwana tse di gogang matekwane mo godimo ga tafole le ditshwantsho tse dikgolo tsa batshameki ba mmino wa rock mo maboteng. Mo letlhakoreng la phaposi eo go ne go na le digodisa-modumo tsa katara tse dikgolo tsa motlakase. E ne e le phaposi eo setlhopha sa baopedi ba mmino wa rock ba neng ba ikatisetsa mo go yone. Ba ne ba kgona go simolola thuto ya Bibela le ba le bararo ba banna bano bao e neng e le bana ba motho. Dingwaganyana di sekae pelenyana ga moo mmaabone o ne a kile a ithuta Bibela le Basupi, mme o ne a thusiwa ke buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise go ruta basimane bano kaga tsholofetso ya Modimo ya paradaise ya mo isagweng. Morago ga moo lelapa le ne la fuduga, mme thuto e ne ya emisiwa. Jaanong, ka lorato lwa bone mo boammaaruring lo ne lo tsosolositswe, ditsala tsa bone tse pedi di ne tsa tloga tsa kopanela nabo mo thutong ya bone.
Mo dikgweding di le tharo, yo mongwe wa bone o ne a setse a rera, mme kgwedi morago ga moo ba bangwe ba babedi ba ne ba simolola go rera le ene. Ba ne ba tlogela setlhopha sa mmino, mme mo sebakeng sa dikgwedi tse nne, ka boraro jwa bone ba ne ba kopanela mo tirong ya go rera. Ka nako e e tshwanang, mmaabone, monnaabone wa mosimane, le kgaitsadiabone yo mogolo yo o nyetsweng ba ne ba simolola go ithuta Bibela. Nakonyana morago ga moo tsala e nngwe ya bone e ne ya kopa gore go ithutiwe Bibela nae. Abo go ne go itumedisa jang ne go ba bona ba kolobediwa ka botlhano jwa bone ka letsatsi le le lengwe fela kwa kopanong ya potologo! Ba bangwe ba babedi ba baakanyetsa go kolobediwa, fa mmè le morwadie bone ba tswela pele go dira kgatelopele e e molemo. Lefoko la Modimo le tlhaga eleruri.
◻ Monna mongwe wa mo Argentina o ne a na le mothapiwa mongwe yo o neng a le setshwakga le boferefere ebile a mo kolota madi a le mantsi. Tsatsi lengwe mothapiwa yono o ne a nyelela. Go tswa foo, morago ga dingwaga, monna yo o ne a kopana le mothapiwa yono wa gagwe wa pele mo mmileng gaufi le legae la gagwe. Monna yono yo pele e neng e le mothapiwa wa gagwe o ne a mo dumedisa, a re: “Ke ne ke ya kwa ga gago go ya go duela madi a ke a kolotang. Madi a gago ke ano. Ke leboga thata, ke kopa gore o intshwarele go bo ke sa a busa ka bonako.” Monna yono o ne a mmotsa a gakgametse gore ke eng fa a ne a dira seno. Mothapiwa o ne a araba ka go re: “Ga jaanong ke ithuta Bibela, mme ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Bibela ya re ga re a tshwanela go kolota ope sepe fa e se lorato fela. Ke ka gone ke busitseng se eleng sa gago.” Monna yo o ne a botsa jaana: “Bibela e na le maatla a a kana kang mo e kgonang go fetola motho go le kana kana?” Go ne ga simololwa thuto ya Bibela nae, mme jaanong le ene o ithuta boammaaruri. Ka ntlha ya phetogo e kgolo eo boammaaruri jwa Bibela bo e dirileng mo mothapiweng wa gagwe wa pele.
Batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba kwa Argentina ba amogela boammaaruri jo bo fetolang jwa Bibela mme ba fetola tsela ya bone ya go tshela, jaaka boitemogelo jo bo latelang bo bontsha.
◻ “Tsatsi lengwe fa re ne re le mo tirelong re ne ra kokota mo kgorong,” go anela jalo mosupi mongwe, “re ne ra utlwa go bokolela mo tlung. Go ne ga tswa monna mongwe go tla go re araba—a galefile thata. Re ne ra mo tlhalosetsa lebaka la go bo re mo etetse, mme o ne a re tshosetsa ka gore o tla re leleka mo legaeng la gagwe. Re ne ra tswelela pele go bua le ene ka tshisibalo re digile makgwafo. O ne a kokobela ka iketlo. Fa re lemoga seno, re ne ra mo tlhalosetsa ka mo go oketsegileng ka maikaelelo a a molemo a ga Jehofa ka setho. Seno se ne sa mo kgatlha mme o ne a re gakgamatsa fa a bolela jaana: ‘Lo rometswe fano ke Modimo.’ Morago ga moo o ne a re kopa gore re tsene mo ntlong. Mo go yone, go ne go na le ‘mosadi’ wa gagwe le bana ba betagane mo sekhutlwaneng sa yone, ba lela. Morago ga moo o ne a bolela jaana: ‘Fa lo ne lo tsena, ke ne ke le gaufi le go ipolaya gammogo le lelapa la me. Ke itlhobogile! Ke latlhegetswe ke tiro, mme jaanong re tlile go lelekwa mo tlung ya rona, mme ke na le melato e le mentsi eo ke tshwanetseng go e duela.’”
Boitemogelo jono bo ile jwa felela ka boitumelo. Kgaitsadi o ne a bonela monna yono tiro, mme monna yono o ne a bona ntlo e nngwe. Ene le “mosadi” wa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Bibela le go nyalana morago ga ba sena go nna mmogo ba sa nyalana ka dingwaga di le 15.
Boammaaruri jwa Bibela ‘bo tlhaga’ jaaka maitemogelo ano a bontsha, mme bo ka direla seo mongwe le mongwe yo o nang le pelo e e ikokobeditseng, yo o tla ithutang Bibela le go e dirisa.
[Mafoko a a mo go tsebe 7]
“Lehoko Ya Modimo Le Tshedile, Le Tlhaga.”—BAHEBERA 4:12