Tsela ya go Nonotsha Dibofo tsa Lelapa
Mabaka a go bo basha ba tswa mo gae a mantsi ebile gantsi a raraane fela thata. Lefa setlhogo seno se ka seka sa bua ka one ka bophara, se bontsha gore melao-metheo ya Bibela, fa e dirisiwa, e ka thusa gore lelapa le nne le kitlane.
GO THATA go tlhomamisa gore tota ke bana ba le kae ba ba ngwegang mo gae. Diphopholetso tse di kwadilweng tsa palo ya bana ba ba sa bonweng di simologa go 600 000 go ya go 3 000 000 ngwaga le ngwaga mo United States fela. Diphopholetso tseno gantsi di sobokanya mmogo ditlhopha tse di tshwanang le tsa bana ba ba ngwegileng, ba ba kobilweng, ba ba latlhilweng, le bana ba ba utswilweng ke batsadi ba ba tlhadilweng ba ba sa ba neelwang ke molao. Tseno e tshwanetse ya bo e le diphopholetso tota, ka gonne bana bao ba latlhilweng ke batsadi ba bone ga go begiwe gore ga ba bonwe, ebile bana bangwe ba ngwega gangwe le gape. “Ngwana wa dingwaga tse 16 yo o ngwegang mo gae makgetlo a le matlhano ka ngwaga a ba a lale nageng nako le nako fa a ngwegile o tla supega mo . . . dipalong jaaka bana ba le batlhano ba ba sa bonweng,” go bolela jalo The New York Times.
Se ebileng se le botlhokwa go feta dipalo ke mabaka a go bo bana ba tswa mo gae. “Fa mosha a ngwega, gantsi e a bo e le bosupi jwa go sa siamang ga tikologo ya lelapa,” go tlhalosa jalo makasine wa Medical Aspects of Human Sexuality. E ka tswa e le ka baka la mathata a a setseng a le teng, a a tshwanang le go gobololwa mmeleng, go tlhokomologiwa, go sa ratiwe, tlhalano, go batliwa se se feteletseng, kana melao e e gagametseng le e e thata. Kana e ka nna ya tswa e le ka baka la go boifa ditla-morago, jaaka mo dikgannyeng tsa boithwalo kana go tlola molao. Bontsi jwa bana ba ba ngwegileng mo gae, fa ba bodiwa gore ke ka ntlhayang fa ba ne ba tswa mo gae, ba tsopola mabaka a a kopanyeletsang kamano ya bone le batsadi ba bone. “Kamano ya motsadi le ngwana go lebega e le ntlha e e tlhotlheletsang thata mo go batleng go ngwega,” go bolela jalo lokwalo-paka lwa Adolescence. Lo oketsa ka go re: “Bana ba ba ngwegileng mo gae ba bega fa dikamano tse di bokoa gareng ga ngwana le motsadi, dikgotlhang tse dikgolo tsa mo lapeng, go kgaogana le batsadi, kgatelelo e e mo mothong ka boene, le puisano e e bokoa le batsadi e le dintlha tse dikgolo tsa go ngwega mo gae.”
Go Tlhaloganya Mabaka
Metlha eno ke ya ditlalelo. “Ka jaana go tlhoka tiro go oketsega, ebile malapa a a oketsegang a tsena mo mathateng a a boima a tsa madi, dikgatelelo tsa selegae le mathata di a oketsega,” go bolela jalo makasine wa Ladies’ Home Journal. “Fa rre a ntshiwa mo tirong le sekoloto se sa duelwe, mongwe le mongwe mo lelapeng o ikutlwa a tlaletswe. Batho ba basha, bao ba senang bokgoni jwa go emelelana le dikgatelelo tseno, ba tsaya go ngwega e le tsela ya go kgaogana le tsone.” Fa gongwe batsadi ba sa lemoge ba koba bana ba bone. Ka go galefa, ba ka raya bana ba bone ba re ba amogele ditshwetso tsa bone eseng jalo ba tsamaye. Ka go bo ba tshwenyegile ba bile ba lapisitswe ke go lwantshana le mathata a itsholelo a letsatsi le letsatsi, ga ba na maatla a a kalo a go dirisana le bana ba bone.
Ka nako e e tshwanang, go nna mosha fela ka bogone go na le tlalelo ya gone. Basha ba gogelwa kwa le kwa ke go tlhoka ga bone pabalesego le tlhokomelo tse ba di amogelang jaaka bana gammogo le boikutlo jwa go sa batle go laolwa ke batsadi ba bone jaaka ba lekela go nna bagodi. Go ba dira gore ba tlhakane tlhogo le go tlhodiega. Gape diphetogo tsa mmele di a bo di diragala ka nako eno. Ka tshoganetso fela botshelo jwa bone bo raraane, mme ba ikutlwa ba imelwa. Ba ikutlwa ba gatelelwa ke batsadi ba bone le balekane ba bone. Gape ba na le dinako tse ba ikutlwang ba ipelaela ba bile ba hutsafetse. “Fa o ntse o leka go itlhaloganya, o seka wa gakgamala fa ka nako e nngwe o ikutlwa o sa tlhaloganngwe kwa gae,” go gakolola jalo makasine wa ’Teen. “Tota ebile, fa o sa kgone go itlhaloganya, batsadi ba gago ba ka itse jang se se mo mogopolong wa gago?” Batsadi ka bontsi, bogolo jang ka bana ba bone ba ntlha, ga ba tlhomamisege gore ba ka letlelela bana ba bone kgololesego e e kana kang. Go laolwa ka mo go feteletseng le go sa tlhaloganngwe go dirile gore basha ba bantsi ba ngwege mo gae.
“Mme go ngwega mo gae ga go rarabolole sepe,” go lemotsha jalo mokwadi Judy Blume mo bukeng ya gagwe ya Letters to Judy. “Go ngwega mo gae ke sesupo, eseng tharabololo. Go na le moo, malapa a tshwanetse go nna fa fatshe mmogo mme ba lebane le mabaka. Ba tshwanetse go dirisana le se e leng sa boammaaruri. Ke gone fela ba ka kgonang go dira diphetogo tse di tla ba thusang go tshela mmogo ka kagiso. Mme gantsi ba tlhoka thuso mo go direng seo.”
Go Bona Thuso e e Tlhokafalang
Motswedi o o molemo wa thuso eo ke Lefoko la Modimo, ebong Bibela. Go reng go ntse jalo? Ka gonne, jaaka Mmopi wa motho, Modimo o itse se se molemo mo lobopong lwa gagwe. O bile o re neetse taolo a akantse ka seo, “go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaela ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (2 Timotheo 3:16, 17) Melao-metheo ya Bibela e a bereka, e bile e akaretsa karolo nngwe le nngwe ya botshelo.
Lefa go le jalo, jaaka go tlhalositswe, maloko otlhe mo lelapeng a tshwanetse a bo a iketleeleditse go lebana le mabaka le go dira diphetogo. Kwantle ga go lemoga seno le keletso ya go se dira, ga go kitla go dirwa tokafatso epe, gape maatla a a kgorometsang motho go ngwega a tla nna a ntse a le teng. Segolo-bogolo seno se ntse jalo mo malapeng a a nang le mathata a dino, diokobatsi, le kgobololo ya tlhakanelo-dikobo. Ano a tshwanetse go fenngwa, pele ga go ka dirisanngwa le dikgatelelo tse di tlwaelegileng tsa botshelo. Go dumela mo Modimong le keletso ya bopelo-e-phepa ya go mo itumedisa, tseo di theilweng mo kitsong ya boammaaruri ya Lefoko la gagwe, di thusitse malapa a le mantsi go fenya maemo a a boitshegang ao mo malapeng a mangwe a pateleditseng basha go ngwega.—Bapisa 1 Bakorintha 6:9-11.
Go tshela fela mo lefatsheng jeno ja segompieno jeo le nang le bopelotshetlha jo bo oketsegang, go sa tshepane, le bokebekwa jo bo oketsegang fela thata go ka kgoreletsa dibofo tsa lelapa. Ke gone ka moo “dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè [mo Bibeleng], di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.”—Baroma 15:4.
Go Dirisa Melao-metheo ya Bibela
Fa go itsiwe mabaka a a tlhotlheletsang ngwana go ngwega mo gae, go ka dirisiwa melao-metheo ya Bibela. Bibela e bua ka dintlha tseno fa e gakolola batsadi go ipha nako e e tlhokafalang e e duleng diatla le bana ba bone, go ba naya thapiso e e nitameng, e e lorato. Diphetelelo tsoopedi tsa go tlhoka kgatlhego le kotlhao e e gagametseng thata di tshwanetse go tilwa. Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4; Diane 22:6.
Fela jaaka mo metlheng ya Bibela, taolo e e tshwanetseng, kelotlhoko, le tao e tshwanetse go nna dilo tseo batsadi ba di dirang ka metlha—‘fa ba nna mo matlong a bone, lefa ba tsamaya mo tseleng, lefa ba robala lefa ba tsoga.’ (Duteronome 11:19) Lefa ka dinako tse dingwe kotlhao e tlhokega, e tshwanetse go dirwa ka lorato. (Diane 13:24) Boitumelo jwa lelapa bo ka oketsega tota fa kgakololo eno e dirisiwa!
Bana le bone ba tshwanetse go dira karolo ya bone: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo Moreneñ: gonne mo, go siame. Tlotla rrago le mmago.” (Baefesia 6:1, 2) Monna wa bogologolo yo o neng a le botlhale ebong Solomone, yo o neng a kwala go re a “[nee] eo o sa tlhalehañ matseba, le motho oa lekau kicō le pharologanyō,” gape o gakolola ka go re: “Morwaaka, utlwa thutō ea ga rrago, me u se ka ua tlogèla molaō oa ga mmago: . . . ha baleohi ba gu hèpa, u se ka ua dumèla.”—Diane 1:1-10.
Go ka dirisanngwa jang le mathata a lelapa? Ka lorato, ka gonne Bibela e gakolola jaana: “Gotlhe mo lo go dihañ, a go dihwè ka loratō.” (1 Bakorintha 16:14) Seno e tshwanetse go nna lorato lo lo tswang mo botennyeng lo lo iketleeleditseng go tlodisa matlho go sa itekanelang le go ramatla ga motho yo mongwe, moo ka tsela nngwe go ka tshwenyang, ga ba ga tsena motho mo ditshikeng. “Me bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè,” go bolela jalo Bibela, “gonne loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.”—1 Petere 4:8.
Lorato lo lo ntseng jalo gape lo kgatlhegela boitumelo le go tshela sentle ga ba bangwe ebile lo kitlanya lelapa. Elatlhoko gore molao o o bidiwang o mogolo o ne o tlhamaletse: ‘Direlang ba bangwe seo lo batlang ba se lo direla.’ (Mathaio 7:12) Basha ba bantsi ba ba ngwegileng mo gae ba ba neng ba botsolotsiwa mo patlisisong nngwe ba ne ba bolela gore go tshwaragana ga bone le lelapa la bone go ne go se kalo fa ba ne ba tloga ba tsamaya. “‘Go itomologanya le lelapa’ ke ntlha e kgolo mo nakong ya fa motho a akanyetsa go ngwega mo gae le go nnela ruri koo,” go bolela jalo Adolescence. Mme ka go latela kgakololo ya Bibela ya go “sa tlhokomele dilō tse e leñ tsa [motho] hèla, ha e se go re, moñwe le moñwe go tlhōkōmèla le tse e leñ tsa ba bañwe,” go ka senngwa nako e e oketsegileng mmogo jaaka lelapa, mme mathata a dikamano tse di bokoa, go ikaroganya, le puisano e e bokoa a ka fenngwa. (Bafilipi 2:4) Fa kwa gae go na le boikutlo jwa go atamalana le kgatlhegelelano, tlhotlheletso ya balekane e e kgothaletsang ngwana go ngwega mo gae e tla nna potlana.
Fa go dirisiwa melao-metheo ya Bibela, go ngwega mo gae go ka se tlhole go lebega e le yone fela tharabololo ya mathata a botshelo ao motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go thulana nao. Fa maloko a lelapa ka bongwe a tshegetsana ka lorato, lelapa e nna botshabelo jwa dikgatelelo tsa lefatshe le le ka kwantle. Go tlhaloganya melao-metheo ya Bibela ka botlalo le tiriso ya yone, gammogo le tsholofelo e Modimo o e nayang, le gone go tla oketsa boitumelo jo. Ke ka ntlhayang o sa letle Basupi ba ga Jehofa go e tlotla le wena?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
SEO BATSADI BA KA SE DIRANG
Ipheng nako ya go nna le bana ba lona; itseng mathata a bone le ditlhokafalo
Ba tlhokomeleng le go ba kaela nako le nako
Dirisang kotlhao le go thapisa ka lorato
Dirang gore legae e nne lefelo le le itumedisang
SEO BANA BA KA SE DIRANG
Nnang le kutlo, lorato, le tlotlo go batsadi
Lo seka lwa itomolola; tlhoafalelang go tlhakanela mo mererong ya lelapa
Akanyetsang lelapa lotlhe, eseng dikeletso tsa lona fela
Ntshang maikutlo a lona mme gape lo buisane
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Dikamano tsa motsadi le ngwana ke tsa botlhokwa-tlhokwa