Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Kwa Modirong wa Metlaagana
JESU o ne a setse a tumile mo dingwageng tse di ka nnang tharo fa e sale a kolobediwa. Diketekete tsa batho di ne di ile tsa bona dikgakgamatso tsa gagwe, mme dipolelo tse di kaga bodihedi jwa gagwe di aname go kgabaganya naga eo. Jaanong, jaaka batho ba phuthegela Modiro wa Metlaagana mo Jerusalema, ba batlana le ene koo. “O kae?” Ba batla go itse.
Go tshwerwe kgang e kgolo kaga Jesu. “Ke motho yo o molemo,” bangwe ba rialo. “Nnyaa, o timetsa batho,” ba bangwe ba bolela jalo. Go na le dipolelo tse di sa tlhamalalang tsa mofuta ono mo malatsing a a simololang a modiro ono. Mme fela ga go ope yo o pelokgale go ka buelela Jesu phatlalatsa. Seno ke ka go bo batho ba boifa go busolosetswa ke baeteledipele ba Sejuda.
Fa modiro oo o setse o le fa gare, Jesu o a goroga. O tlhatlogela kwa tempeleng, koo batho ba gakgamadiwang ke ka moo a kgonang go ruta ka mo go gakgamatsang ka gone. Ereka Jesu a ise a ko a tsene dikolo tsa borabi, Bajuda ba simolola go ipotsa jaana: “Ana Motho eo o itse jang dikwalo, ka a seka a ithuta gope?”
“Thutō ea me, ga se ea me,” Jesu o a tlhalosa, “ke ea eo o nthomileñ. Ha motho leha e le mañ a rata go diha go rata ga gagwè, o tla itse ka ga thutō, gore, a e tswa mo Modimoñ, kgotsa ke ipuisa hèla.” Thuto ya ga Jesu e ikaegile thata ka molao wa Modimo. Ka jalo, go tshwanetse ga bo go papametse gore o batla gore go galalediwe Modimo, eseng ene. “A Moshe ga aa lo naea molaō?” Jesu o a botsa. Mme o tswelela ka go ba kgalemela a re: “Go bo go se opè oa lona eo o dihañ molaō.”
“Lo senkèlañ go mpolaèa?” Morago ga moo Jesu o botsa jalo.
Boidiidi, jo e ka tswang e ne e le baeti bao ba tlileng modirong oo, ga ba itse sepe ka maiteko ao. Ga ba akanye fa go ka nna le mongwe yo o ka batlang go bolaya morutisi yo o molemo jaana. Ka jalo ba dumela fa go na le sengwe se se phoso ka Jesu go ka akanya seno. “O na le diabolo,” ba rialo. “E mañ eo o senkañ go go bolaea?”
Baeteledipele ba Sejuda ba batla gore Jesu a bolawe, le fa boidiidi bo ne bo sa lemoge seno. Fa Jesu a ne a fodisa monna mongwe ka Sabata ngwaga le sephatlo pele ga foo, baeteledipele ba ne ba leka go mmolaya. Ka jalo Jesu jaanong o supa ka moo ba senang tlhaloganyo ka gone ka go botsa jaana: “Ha motho a rupisiwa go le sabata, gore molao oa ga Moshe o seka wa tlolwa; a lo bogale le nna, ka go bo motho ke mo hodiseditse ruri go le sabata? Se atlholeñ kaha ponoñ ya matlhō, mme atlholañ ka katlholō e e siameñ.”
Baagi ba Jerusalema, bao ba lemogileng boemo jono, jaanong ba re: “A ga se èna eo ba mo senkañ go mmolaea? Me bōnañ, o bua mo ponoñ, me ga ba mo ree ba re sepè. A rure balaodi baa itse ha eo e le Keresete?” Baagi bano ba Jerusalema ba tlhalosa gore ke goreng ba sa dumele fa Jesu e le ene Keresete: “Monna eo rea mo itse kwa o cwañ gōna: me mogañ Keresete o tlañ, go tla bo go sa itse opè kwa o cwañ gōna.”
Jesu o araba jaana: “Go le nna, loa nkitse, le kwa ke cwañ gōna, loa go itse; me ga kea itere, me eo o nthomileñ o amarure, eo lo sa mo itseñ. Nna kea mo itse; gonne ke cwa kwa go èna, mme o nthomile.” Ba leka go mo tshwarela seno, gongwe go mo tsenya mo kgolegelong kana go dira gore a bolawe. Mme fela ba a palelwa ka gonne ga e ise e nne nako ya gore Jesu a swe.
Lefa go le jalo, ba le bantsi ba dumela mo go Jesu, jaaka eleruri ba tshwanetse go dira. Aitsane gone, o ne a kile a tsamaya mo godimo ga metsi, a didimatsa sefefo, a didimatsa dintelo tsa lewatle, a ile a fepa boidiidi ka dinkgwe di sekae le ditlhapi ka kgakgamatso, a fodisa balwetsi, a ile a dira gore ditlhotsa di tsamae, a foufolotse matlho a difofu, a fodisitse balepero, mme le eleng go tsosa baswi. Ka jalo ba botsa jaana: “Mogañ Keresete o tlañ, a o tla diha dichupō tse di hetañ tse monna eo o di dihileñ?”
Fa Bafarasai ba utlwa boidiidi bo bua-bua ka dilo tseno, bone mmogo le baperesiti ba bagolo ba romela maotlana go tshwara Jesu. Yohane 7:11-32.
◆ Jesu o gorogile leng kwa modirong, mme ke kgang efe e e tserweng koo ka ga gagwe?
◆ Ke go reng bangwe ba re Jesu o na le ledimona?
◆ Ke pono efe eo baagi ba Jerusalema ba nang nayo kaga Jesu?
◆ Ke ka ntlhayang fa bangwe ba dumela mo go Jesu?