Ke Eng fa Bana ka Bontsi Jaana ba Ngwega mo Gae?
Bibela le Botshelo jwa Lelapa—Setlhogo seno se tla tlhaga mo ditokololong tse nne tse di latelelanang tsa Tora ya Tebelo
“A go na le mongwe yo o ka akanyang kafa mmè a bogang ka teng fa morwadie a ngwega mo gae? Ke selo se se tshosang. O tsamaile leng? Ga ke kgone go tlhaloganya. E ne e le mosetsanyana yo o pelontle le yo o itumetseng a bile a sa le monana thata.
“O kwa kae sigong jono? A ga a sitwe? A o tshwerwe ke tlala? A o bolawa ke bodutu? Ke mo rata jang ne. Ga go na ope yo ke ka buang nae. Ga go na sepe se ke ka se dirang fa e se go leta fela.
“Nako le nako fa mogala o lela pelo ya me e a kgaoga. Mme ga a ke a letsa ebile ga go utlwale dikgang dipe kaga gagwe. Ke rapeletse gore a babalesege le nonofo ya go emelelana le seno. Ke nna ke akantse gore o ka nna a tsena ka mojako nako nngwe le nngwe.
“ . . . Ke akanya ka dilo tse dintsi tse di senang tlhaloganyo jaaka ke leka go kokobetsa kutlobotlhoko. Ao tlhe, Modimo yo o rategang, busetsa mosetsanyana wa me gae.”
LOKWALO lo lo fa godimo lo ne lwa romelelwa motlhatlheledi yo o fang dikgakololo wa pampiri ya dikgang yo o neng a itsege mo masimologong a dingwaga tsa bo-1970. E ne e le nako ya fa go ne go akanngwa gore bana ba ba ngwegang ba tsamaya kwantle ga mabaka a a utlwalang: go batla go ya go iponela dilo, go lekeletsa boitaolo, go sa dumalane le go sa letlelelwe go tswa mo gae, go itlhoboga ka baka la thatano e e feletseng mo nageng. Lefa ba bangwe ba santse ba tsamaya ka mabaka a a tshwanang, dilo di fetogile mo dingwageng tse 15 tse di fetileng.
Basha ba gompieno gantsi ba tsamaya ka baka la maemo a a boitshegang fela thata—maemo a lelapa a a senyegileng fela thata ao a ba dirang gore ba ikutlwe ba sa batlege le go sa ratiwe; ba bile ba ka nna ba gobololwa. Mme go na le go tshabela kwa sengweng—eleng tsela ya botshelo e e gogelang le e e ikuelang—ba tshaba sengwe, ebong botshelo jwa lelapa jo bo sa kitlanang le jo bo sa itumediseng. “Gompieno bana ba ba ngwegang mo gae ba farologane thata-thata le kafa ba ne ba ntse ka teng fa go ne go kwalwa thata kaga bone” mo masimologong a dingwaga tsa bo-1970, go bolela jalo Dr. Douglas Huenergardt, mookamedi wa botshabelo jwa Florida jwa bana ba ba ngwegileng. “Ka nako eo re ne re na le bana ba ba neng ba senka ditsela tse di farologaneng tsa botshelo. Ga se se se diragalang gompieno. Ngwana yo o ngwegang ke yo o sa tlholeng a kgona go emelelana le maemo a kwa gae gotlhelele.”
Dipatlisiso tsa bosheng di supela seo. Mme gape di bontsha sengwe se se gakgamatsang. Ga se fela gore bana ba bantsi ba ngwega e le gore ba kgaogane le botshelo jwa lelapa jo bo sa kakeng jwa itshokelwa mme gompieno mo e ka nnang sephatlo sa bana ba ba ngwegang mo United States ba tlogela magae kwantle ga go rata ga bone—ba kobiwa kana ba kgothalediwa go tswa mo gae ke batsadi ba eleng ba bone! “Go basha ba bantsi go ngwega mo gae go bakiwa ke lelapa le le sa tsheleng sentle, boemo jwa tiro kana jwa sekolo,” go lemotsha jalo lokwalo-paka lwa Family Relations. “Tota, bontsi jwa bana ba ba ngwegang ke ba ba latlhiwang, ba ba sa ratweng, kana ba ba kobiwang. Basha bano ba bolelelwa gore ba tsamaye kana ba tlogelwa ke batsadi ba bone. Ba bangwe ba gobololwa mo go botlhoko gangwe le gape mme ba seke ba bone go na le sepe se ba ka se dirang fa e se gore ba tsamaye fela.”
A matlhotlhapelo! A bo go hutsafatsa jang ne mo baneng! Ka gonne, fa fela ba tswela mo mebileng, ba sena madi a a kalo ba bile ba sa tlhokomelwe ke ope, gantsi basha ba simolola go kopa, go rekisa diokobatsi, boaka, le bogodu, kana ba sotliwa ke ba bangwe. “Ga se badiri ba loago kana baithuta-tlhaloganyo ya motho bao ba kopanang le bana ba ba ngwegileng bano mo maemelong a dipalangwa, mme ke diaka tsa banna, barekisi ba diokobatsi le ba dibuka tse di tsosang keletso ya tlhakanelo-dikobo,” go bolela jalo makasine wa Psychology Today. “Masome a a ferang bobedi le borataro lekgolong ya batlhalefi bao ba neng ba botsolotswa ba ne ba bolela gore go dirwa go sekae kana ga go dirwe sepe go thibela gore bana ba ba ngwegang mo gae ba seka ba wela mo diatleng tsa disenyi tseno. Ka mo go sa gakgamatseng, botsogo jwa bana ba ba ngwegang mo gae bo koafalela pele fa ba nna sebaka se seleele mo mebileng.”
Ka boammaaruri, mafelo a botshabelo a le mantsi a ntse a agiwa ao bana ba ba senang magae ba ka nnang mo go one, ba fepelwa mo go one, ba ba ba rutelwa mo go one. Mme go tsenya bana ba ba ngwegileng kwa gae mo go one le go kgona go ba thusa tota ke kgang e nngwe. “Tiro ya rona ke go ba dira gore ba itlotle, gore ba amege ka bobone,” go tlhalosa jalo mogakolodi mongwe. “Mme ke tiro e e thata go di feta tsotlhe tse ke kileng ka di dira.” Fa bana ba ba ngwegileng ba goroga koo, gantsi baa bo ba tshogile ba bile ba sa tshepe bagolo, ba utlwile botlhoko, ba tenegile, kana ba itlhobogile, ebile ba ka nna ba bo ba batla go ipolaya.
A mathata ano a ka kgona go rarabololwa go tswa motsweding wa one? “Thata-thata, palo e kgolo ya ditiragalo tsa bana ba ba ngwegang ke tse di bakilweng ke mathata a lelapa a mofuta mongwe,” go lemotsha jalo Search, ebong pampiri e e begang ba ba sa bonweng ya kwa New Jersey. “Motho yo o itumetseng mo pelong o ka seka a ngwega mo gae.” Ke eng, he, se se tla thusang gore go nne le boitumelo mo lelapeng? A dibofo tse di fa gare ga batsadi le bana di ka nonotshiwa?