Kgatelo-pele e Nngwe Gape mo Thutong ya Bibela
KA LABONE, October 1, 1987, go ne ga nna le kgatelo-pele e nngwe gape mo thutong ya Bibela e e neng ya tlhagisiwa ke Mokgatlho wa lefatshe lotlhe wa Basupi ba ga Jehofa. E ne e tshwaya go tlhongwa ga Sekolo sa go Thapisediwa Bodihedi se sesha. Setlhopha sa ntlha sa bakaulengwe ba le 24 ba ba sa nyalang se ne se tletse thapiso e e kgethegileng mo Holong e Kgolo ya Kopano ya Pittsburgh mo Coraopolis, Pennsylvania. Beng ba matlo ba ba pelontle gareng ga Basupi mo lefelong leo ba ne ba ile ba rebola malapa a bone gore ba fe baithuti boroko mo lobakeng lwa bone lwa thapiso lwa dibeke tse di ferang bobedi.
Baithuti ba ne ba kwadisiwa mo mosong, ba amogedisiwa dibuka tsa bone tsa thuto gammogo le go fiwa ditao tsa tshimologo. Ka 7:30 mo maitseboeng ao, Holo ya Kopano e ne e tletse ka Basupi ba le 1 518 ba ba kgatlhegang thata ebile ba tlhologeletswe go nna gone mo pulong ya semolao ya sekolo se sesha seno.
Albert Schroeder, yo eleng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a direla jaaka modulasetilo. Morago ga pina le thapelo, o ne a bitsa Robert Dawson, molebedi wa motse wa Pittsburgh. Mokaulengwe Dawson o ne a amogela baithuti ba le 24 ka diatla tsoopedi mo Pittsburgh mme a akgola malapa a a 13 ao a neng a ithaopetse gore a ba fe boroko. O ne a gakolola batshola-baeng gore e tla nna tshiamelo ya bone go bontsha lorato lo lo itshokelang dilo tsotlhe, lo lo dumelang dilo tsotlhe, lo lo solofelang dilo tsotlhe, le lo lo pelotelele le dilo tsotlhe. (1 Bakorintha 13:7) O ne a gakolola baithuti gore, jaaka e le baeng, ba tshwanetse go supa tebogo, boikokobetso, le thuso. Ka tsela eno, ba ka itirela ditsala tsa botshelo jotlhe.
Baithuti jaanong ba ne ba supiwa, mongwe le mongwe a bolela leina la gagwe mme a bolela gore o tswa kae le gore o ne a direla mo go eng mo tirelong ya gagwe go Jehofa. Bangwe ba ne ba tswa kwa Puerto Rico, Argentina, Canada, le Hong Kong, mme bontsi e le ba ba tswang kwa dikarolong tsa botlhabatsatsi jwa United States. Kwantle ga Sekgoa, bangwe ba bone ba ne ba bua Sepanishe, Sefora, Sentadiana, kana Sechina.
Go tswa foo modulasetilo o ne a bitsa James Hinderer jaaka mongwe wa batshwara-sekolo. A theile ditlhaloso tsa gagwe go Mathaio 7:24, 25, Mokaulengwe Hinderer o ne a otlelela botlhokwa jwa go latedisisa, ka go dirisa se se ithutilweng. Ka jalo, baithuti ba ne ba tla bo ba agela “ntlo” ya bone mo lefikeng go na le mo moshaweng.
Randall Davis, motshwara-sekolo yo mongwe, le ene o ne a buisanya le baithuti. A theile ditlhaloso tsa gagwe go Isaia 54:13, o ne a tlhalosa gore ba ne ba tla rutwa ke Jehofa gore ba tle ba kgone go fa ba bangwe thuto. Ba ne ba tla tshwanelwa ke go ikaega thatathata ka ‘mothusi’ wa boammaaruri, ebong moya o o boitshepo wa ga Jehofa.—Yohane 14:26.
Morago ga moo Albert Schroeder o ne a bolela kafa maitseboa ao a neng a mo gakolola ka gone kgatelopele e nngwe e e neng ya diragala mo thutong ya Bibela. O ne a gakologelwa gore ka February 1, 1943, baithuti ba le lekgolo, batshwara-sekolo ba le bane (go akareletsa le ene), le baeng go tswa kwa Brooklyn ba ne ba phuthega mmogo mo South Lansing, New York, go nna gone mo pulong ya Sekolo sa kwa Gileade sa Bibela sa Watchtower. Go feta dingwaga tse 44 fa e sale ka nako eo, Sekolo sa Gileade se ile sa segofadiwa ke Jehofa, jaaka go itshupile ka barongwa ba ba thapisitsweng kafa Bibeleng ba ba gongwe le gongwe ba ba 6 000 mo lefatsheng lotlhe. Go tswa foo Mokaulengwe Schroeder o ne a tlhalosa ka dithuto tse di farologaneng tse di neng di tla rutwa mo Sekolong sa go Thapisediwa Bodihedi. Dingwe tsa tseno ke Dithuto tsa Bibela, Thulaganyo ya Bolegodimo (eo e itebagantseng thatathata le maikarabelo a balebedi le batlhanka ba bodihedi), Taolo ya Modimo, le Go Bua Phatlalatsa. Mme gape o ne a tlhokomedisa dibukeng tsa thuto tse di farologanyeng, go akareletsa le Go Fetolana ka Dikwalo. Fa a digela, Mokaulengwe Schroeder o ne a tlhokomedisa tiragatso ya Isaia 45:23, a tlhalosa gore baganetsi ba bodumedi ba ne tota ba ikobela Modimo ka go bo ba ne ba tshwanelwa ke go dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba buile nnete mo boitseanapeng jwa melemo, molao, le tlhatlhamano ya metlha ya Bibela.
“Nnang Baetsi ba ga Paulo” ke setlhogo se sengwe se se neng sa kgethiwa ke sebui se se latelang, ebong Karl Klein wa Setlhopha se se Laolang. O ne a bontsha kafa moaposetoloi Paulo gangwe le gape a neng a kopa gore ba bangwe ba mo etse. O ne a kgona go dira seno, ka go bo ene o ne a etsa Keresete. (1 Bakorintha 11:1) Baithuti ba ne ba gakololwa gore ba etse Paulo mo kitsong ya gagwe le mo tirisong e e botswerere ya Dikwalo, mo therong ya gagwe ya bopelokgale le e e tlhagafetseng, mo go se nneng pelotshetlha ga gagwe, le mo boingotlong jwa gagwe le boikokobetsong, le mo bopeloteleleng jwa gagwe jwa boitshoko.
Theodore Jaracz, yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, morago o ne a fa puo ya tshimolodiso, “Sekolo se Sesha—Maikaelelo a Sone ke Eng?” O ne a simolola ka go tlhalosa gore bao ba ileng ba ithaopela sekolo seno ba ne ba ile ba dumalana gore ba tla dira gongwe le gongwe kwa ba tla tlhokafalang gone mo tshimong ya lefatshe lotlhe. Jaaka fa go na le basupi ba le didikadike tse tharo le kwatara mo diphuthegong tseo di fetang 54 000, tlhokafalo e ile magoletsa ya gore go nne le banna ba ba tshwanelegelang go disa, go ruta, le go etelela pele mo tirong e kgolo ya go rera. Bogologolo tala, Jehofa o ne a bolelela pele gore o ne a tla dira paakanyetso ya “dineō mo bathuñ.” (Pesalema 68:18) O ne a dira seno mo metlheng ya baaposetoloi, le eleng fela jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalositse go Baefesia 4:8-11. Gompieno, Jehofa gape o baakanyetsa “dineō mo bathuñ” mme ebile o thapisa bangwe ba bone ka sekolo seno se sesha.
Mokaulengwe Jaracz o ne a tswelela pele gape ka go tlhalosa gore lemororo baithuti botlhe ba na le dikgono dingwe tsa tlholego, Keresete o ka di oketsa. Mme seo se tlhoka boiteko, mme sebui se ne sa supa fa se ikantse gore baithuti bano ba ba 24 ba tla dira maiteko ao. O ne a tlhalosa gore go fapoga ditekanyetso tsa tshiamo tsa ga Jehofa ga go a tshwanela mme a bolela gore ba ba eteletseng pele ba ka thusa ka go tlhoma sekao ka bobone le ka kgothatso. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, banna ba ba tshwanelegang ba tlhokafala thatathata go amogela maikarabelo a phuthego. Seno se akareletsa le eleng diphuthego tse dikgolwane tseo di ka neng di na le mogolwane a le mongwe kana ba le babedi le palo e potlana ya batlhanka ba bodihedi. Jalo go phepafetse gore ke ka ntlhayang fa go tshwanela go tlhoma Sekolo sa go Thapisa Badihedi—go thapisa bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba sa nyalang go direla gongwe le gongwe mo tshimong ya lefatshe lotlhe. Ka ntlha ya thapiso ya bone, ba tla bo ba siametse go tlhokomela koketsego e e gone jaaka badisa.
Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ka lebogela Modimo go bo a kgonisitse gore Sekolo sa go Thapisa Badihedi se bo se le gone. Fa a digela, Mokaulengwe Jaracz o ne a tlhalosa a re: “Ke dumela gore rotlhe re tla akanya ka go tshwana le go ikutlwa ka go tshwana kaga Jehofa jaaka go tlhalositswe go Pesalema 79:13: ‘Batho ba gago le dinku tsa bohulo jwa gago, re tla go ntshetsa malebogo ka bosena bokhutlo; pako ya gago re tla e bonaletsa pele mo ditshikatshikeng tsotlhe.’” Kwa bofelong, ka pina le thapelo, tiragalo eno eo e sa lebalesegeng le e e itumedisang e ne ya fela.