LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 3/1 ts. 5-6
  • Buka ya Tlholego le Bibela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Tlholego le Bibela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Sesupa-nako se se re Bolelelang Kaga Modira-sesupa-nako
  • Seo Sesupa-nako se sa se re Boleleleng
  • Kitso ya Mofuta wa Yone Fela go Tswa Bibeleng
  • Mmopi a ka Dira Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ke ka Ntlha Yang Fa re Le Mono?
    Tsogang!—2009
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • Se re Se Ithutang mo Tlholegong
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 3/1 ts. 5-6

Buka ya Tlholego le Bibela

“Lobopo lo ntlhakanya tlhogo! Ke palelwa ke go akanya gore a ‘sesupa-nako’ se se ntseng jalo se ka nna gone kwantle ga go bo go na le Modira-sesupa-nako.”—Voltaire, Ramatlhale wa lekgolo la dingwaga la bo-18 wa Mofora.

SESUPA-NAKO se se tsepang nako se galaletsa botswerere le botlhale jwa modiri wa sone. Mme go tweng kaga lobopo lo re lo bonang? A gongwe, ka tsela nngwe, lo ka senola botho jwa Mmopi wa lone?

Mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, moaposetoloi Paulo, yo o leng mongwe wa bakwadi ba Bibela, o ne a araba potso eno: “Gonne dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ.” (Baroma 1:20) Jalo he, ke eng se re ka se ithutang fa re lebelela buka ya tlholego eno?

Seo Sesupa-nako se se re Bolelelang Kaga Modira-sesupa-nako

Lephothophotho le legolo la metsi, lewatle fa go na le setsuatsue, loapi lo lo apogileng lo lo tletseng ka diketekete tsa dinaledi mo bosigong—Tseno ke dingwe tsa dilo tse di dirang gore re akanye ka Mmopi yo mogolo. Go tsepama ga modikologo wa dipolanete le gone go ka re gakolola fela jaaka Voltaire, gore Mmopi o tshwanetse a bo a le Morulaganyi yo Mogolo, Modira-sesupa-nako yo Mogolo thata.—Pesalema 104:1.

Mefuta e e farologanyeng ya dilo tse di ungwang mo lefatsheng—maungo le merogo eo re e bonang ka bontsi—le tsone di supela gore Modimo o pelotshweu. Paulo o ne a supela seo fa a ne a bolela gore Modimo “[ga] oa nna hèla o sena seshupō, ka o no o nntse o diha molemō, me oa lo nesetsa dipula tse di cwañ mo legodimoñ, oa lo naea metlha ea mauñō, oa tlatsa pelo tsa lona ka diyō le boitumèlō.”—Ditihō 14:17.

Seo Sesupa-nako se sa se re Boleleleng

Tlhatlhobo e nngwe gape ya buka ya tlholego e re ruta dinonofo tse dingwe gape tsa Modimo. Mme fa re ikaega gotlhelele mo go se re se ithutang ka popo, kitso ya rona kaga Modimo e tla nna e ntse e tlhaela. Mokwadi wa Mofora Robert Lenoble o tlhalosa seno mo bukeng ya gagwe e e reng Esquisse d’une histoire de l’idée de Nature, (Tlhaloso e e Sobokanyang Megopolo Yotlhe Kaga Tlholego): “Motho o tla nna a ntse a retologela mo Tlholegong gore a tle a bipolole masaitseweng le go bona dilo tse di fitlhegileng, sephiri seo se se kitlang se tsena mo matlwaneng a boithutelo.” Mo e ka nnang go feta sephatlo sa Bafora ba ba neng ba botsolotswa ke koranta ya dikgang ya Katoliki ebong La Croix—gore a ba ne ba le badumedi kana e le balatola-Modimo—ba dumalana le seno le go dumela gore “boitseanape ga bo kitla bo kgona go ntsha tlhaloso e e lekanyeng kaga lobopo, ereka jaana dilo ka bontsi e le tseo di ka tlhalosiwang ke thuta-matlhale kana bodumedi.”

Mo e ka nnang dingwaga tse 3 500 tse di fetileng, Jobe yo o ikanyegang o ne a nna le phetso e e tshwanang. O ne a tsosa potso e e reng: “Ana me botlhale yōna bo tla bōnwa kae? le helō ga tlhaloganyō ke kae?” A botlhale jono bo ka bonwa mo bukeng ya popo? “Boteñ boa re, Go bo eō mo go nna: lewatlè lea re, Ga ke na nayō. Ecwa bo shubecwe matlhō a batshedi botlhe, bo bipecwe dinōnyane tsa loapi.”—Yobe 28:12, 14, 21.

Ke kae he, kwa re tshwanetseng go ya go bona botlhale gone? Yone buka eo e araba ka go re: “Modimo o tlhalogantsè tsela ea yōna, o itse bonnō yoa yōna.” (Yobe 28:23) Mme Modimo o ile a itsise setho botlhale jwa gagwe ka tsela e e gakgamatsang thata ka Lefoko la gagwe, Bibela.

Kitso ya Mofuta wa Yone Fela go Tswa Bibeleng

Bibela e re fa temogo ya mofuta wa yone fela kaga gore setho se tlholegile kae. E re bolelela gore Modimo o ne a baakanya lefatshe mme go tswa foo a baya mo go lone batho ba ntlha ba babedi. Batsadi ba rona ba ntlha ba ka bo ba ile ba tshelela ruri mo ditikologong tse di itekanetseng. Mme ba ne ba tsuolola, mme boleo jwa bone bo ne jwa ba bakela masula otlhe—go akareletsa le boleo le loso—tseo di ileng tsa tlhasela setho.—Genesise, 1 go ya go 3; Baroma 5:12-21.

Bibela e re bolelela gape ka botlalo dikgato tse di ileng tsa tsewa ke Modimo go baakanya seemo. Diketekete tsa dingwaga morago ga Adame le Efa, Morwa Modimo ka sebele, ebong Jesu, o ne a tla mo lefatsheng go tla go fa setho sebaka sa go ka letlana le Modimo. Ka jalo Keresete o ne a baya fa pele ga setho seo se neng se tla bontsha tumelo mo go ene le bao ba neng ba tla lemoga molemo wa setlhabelo sa gagwe tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng leo le neng le tla fetolwa paradaise.—Luke 23:43; Yohane 3:16.

Mongwe le mongwe wa rona o fiwa tsholofelo eno. Gore re e fitlhelele re tshwanetse go bapala ‘kitso e e tlhomameng kaga Modimo wa boammaaruri le kaga ene yo a mo romileng, ebong Jesu Keresete.’ Mme ebile re tshwanetse go tshela tumalanong le tsholofelo eo. Kitso e e tlhomameng eno e fitlhelwa mo Bibeleng.—Yohane 17:3; Yakobe 2:24-26.

A o ne o ka rata go bona karabo e e tletseng ya dipotso tse di tshwanang le tse di reng, Motho o tlholegile kae? Go diragalang fa a sena go swa? Ke eng se se tsalang mathata a setho? A go na le tsholofelo epe ya gore a tla rarabololwa ka letsatsi lengwe? Modimo o tla tlisa leng mme ebile jang maemo a a itekanetseng a setho? Fa go ntse jalo, re go kgothaletsa gore o sekaseke mo Bibeleng, buka eo eleng yone fela e ka go neelang dikarabo go tswa Modimong wa lobopo mme ebile e le yone buka fela e e tshotseng ‘tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.’ Boikaelelo jwa dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watchtower ke go go thusa gore o bone dikarabo tseno mo Bibeleng ya gago.—Tito 1:1, 2.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Lobopo lo senola dikarolo dingwe kaga botho jwa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ke Bibela fela e e ka re bolelelang kaga maikaelelo a Modimo tebang le motho le lefatshe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela