Pego ya Baboledi ba Bogosi
Jehofa o Segofatsa Baboloka-bothokgami mo Cyprus
JESU o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Yohane 15:20) Mme Jehofa, ka moperofeti Isaia, o ne a re: “Ga go na sebolaō sepè se se thudilweñ kaga gago se se tla segōhalañ.” (Isaia 54:17) Ditlhaloso tseno di ile tsa itshupa e le boammaaruri mo Cyprus tsoopedi, koo Basupi ba ba bolokang bothokgami ba ga Jehofa ba ntseng ba tsweletse ka go rera mafoko a a molemo.
◻ “Kereke ya Greek Orthodox e ntse e leka thata go koafatsa tiro ya rona,” go bolela jalo pego nngwe e e tswang lefatsheng leo. “Baruti ba tsamaya ba gasagasa dipampitshana tseo di re latofatsang ka dilo di le dintsi ba bile ba bolelela batho gore ba tile go buisana le Basupi ba ga Jehofa. Mme ebile gape se ba se dirang ke go etela batho ba ba ithutang Bibela le Basupi ba ga Jehofa go leka go ba kgoba marapo. Mo Pafosa, moruti mongwe wa thuto-bomodimo o ne a leka go tlhatswa batho ba le bararo ba ba farologaneng pelo gore ba emise go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Mo makgetlong a a farologaneng, mongwe le mongwe wa ba bararo bao ba ne ba kopa mokaulengwe mongwe go tla go buisana le moruti yono. Ka boitumelo, botlhe ka boraro jaanong ba kopanela ka tlhagafalo le phuthego ya ga Jehofa.” Seno legale, se ne sa kgopisa moruti, mo o neng a bua a re: “ga ke kitla ke tlhola ke buisana le Basupi ba ga Jehofa.” Baruti bangwe ba ne ba bo ba ya bokgakaleng jwa go itaya bakaulengwe bangwe fa ba ntse ba tshwaregile mo bodiheding. Lefa go ntse jalo, gantsi maiteko ano a baruti a ba tlhagisetsa kotsi, mo e leng gore batho ba ntse ba tsweletse pele go ema kafa go Jehofa.
◻ Maitemogelo a a latelang a a tswang Cyprus a bontsha gore go boloka bothokgami le mo kganetsong go tlisa masego. Monna wa mosadi mongwe o ne a bolawa mo ntweng ya 1974, a mo tlogela ka mosetsanyana yo a neng a tshwanetse go mo godisa. Mosadi yoo o ne a nyalwa gape. Ka go kgojwa marapo ke boitimokanyo jwa baruti le go sa tlhomamisegeng ga isagwe, o ne a dumela gore o tla ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. O ne a dira botswelelo pele fela thata mo a neng a simolola go bolelela ba masika a gagwe dilo tse di molemo tse a neng a di ithuta. Kganetso e ne ya mo tsogela. Teko e kgolo e ne ya fitlha fa mosetsanyana wa gagwe wa dingwaga tse 15 a ne a bua a re: “Ke latlhegetswe ke rre, mme fa o sa emise go ithuta le Basupi ba ga Jehofa, le wena ke tla go itatola jaaka mmè. Ke tla nna lesiela.” Lefa go le jalo, mosadi o ne a tswelela ka go ithuta.
Letsatsi lengwe mosetsanyana yo o ne a etela tsala ya gagwe mo sepatela. Go tswa mo bolaong jo bongwe mo sepatela, Mosupi mongwe o ne a tlile go tlhola mongwe wa losika lwa gagwe fa moruti mongwe a ne a tla go tlhola ene molwetse yoo. Mokaulengwe yoo o ne a simolola go tlotla le moruti yoo. Mokaulengwe o ne a sisibetse a le bori, a dirisa Bibela go tlhalosa boemo jwa gagwe. Mo letlhakoreng je lengwe, go ne go na le moruti foo yo o gaketseng. O ne a tsholetsa lentswe, mme lefa e le ka nako epe a kileng a bula Bibela. Mosetsanyana yoo o ne a lebelela ditiragalo tseno tsotlhe mme o ne a kgatlhwa thata ke bopelonomi jwa mokaulengwe le lebaka la gore o ne a dirisa Bibela. Mo go one maitseboa ao, fa mokaulengwe le mosadi wa gagwe ba ne ba etetse mmaagwe go ya go ithuta Bibela le ene, mosetsanyana o ne a tlhalosa ka tiragalo e a e boneng kwa sepatela mme a ba kopa a re: “A lo ka ithuta le nna gape?” Jaanong mosetsanyana o ithuta gabedi ka beke, mme monna le ene o a ithuta. Mmaagwe jaanong ke mmoledi yo o kolobeditsweng.
Ee ruri, Jehofa o segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba bolokang bothokgami mo Cyprus.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Moaposetoloi Paulo le ene o ne a rakana le kganetso kwa Pafosa