Dipapetlana Tsa Madi a Bogologolo Di Supela Boammaaruri Jwa Boperofeti
DI PAPETLANA tsa madi tse di tsidimang mo kgetsing ya gago kana sekgwema di ka nna tsa tswa di sa tshola molaetsa ope fa e se gore o ka kgona go reka selwana se sennye. Mme dipapetlana dingwe tsa madi di na le molaetsa o mogolo thata.
Ka bokhutshwane pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a bolelela pele gore tshenyego e e maswe e ne e tlela Jerusalema, motse-mogolo wa morafe wa Iseraele o o sa ikanyegeng. (Mathaio 23:37–24:2) Jesu o ne are: “E tla re lo bona Yerusalema o dikilwe ke dintwa,lo bo lo itse ha chwahalō ea ana e le gauhi. Hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ . . . Gonne metlha euo ke ea pusholosho, gore dilo cotlhe tse di kwadilweñ di dihalè.”—Luke 21:20-22.
Ka nako eo, Bajuda ba ne ba le ka fa tlase ga taolo e e gagametseng ya Roma yo o neng a le thata. Ke jang he, boperofeti jwa ga Jesu bo neng bo ka nna boammaaruri? Ebu, Bajuda ba ne ba tsogologa ka 66 C.E. Cestius Gallus o ne a etelela pele masole a Roma a a nonofileng go ya go lwa le bone ba ba ba dikanyetsa Jerusalema, jaaka Jesu a ne a bolelela pele. Go tswa foo, kwantle ga lebaka lepe le le bonalang, Baroma ba ne ba boela morago ka bofefo. Batsuolodi ba ne ba ipelela phenyo e e neng e lebega e lere kgololesego la bofelo. Ba ne ba bo ba dira dipapetlana tsa madi jaaka tse di bonwang fano. (Dinomoro 1, 2)
Mme barutwa ba ga Keresete ba ne ba se ka ba tsietsega. Ka go utlwa tlhagiso ya gagwe ya go ‘tshabela kwa dithabeng,’ ba ne ba tlogela magae a bone mo Judea. Ba ne ba siela kwa tlase kwa ntlheng ya Noka ya Joredane ba ba ba e kgabaganya, go tswa foo ba ne ba ya kwa bokone ba ya go thibelela kwa Pella. A mme seo se ne se tlhokafala, ereka dingwaga di sekae di ne di fetile mme Bajuda mo Jerusalema ba ne ba gololesegile? Lemororo Bajuda bao ba ne ba na le dipapetlana tsa bone tsa madi, ba ne ba tla tloga ba tlhoka dijo tseo ba neng ba ka di reka ka tsone. Ka ntlhayang?
Leba papetlana e e bontshiwang ke dinomoro 3 le 4. O bona tlhogo ya moeteledi pele wa masole a Roma ebong Vespasiañ, yo o neng a tlhophiwa go tlhatlhama Cestius Gallus. Go ya ka Encyclopædia Britannica, Vespasiañ o ne a tshwanetse go “laola ntwa mo Judea, eo e neng e ka nna ya tsosa tlhakatlhakano ka kakaretso mo Botlhaba jotlhe, ka ntlha ya mogopolo o o neng o anamisitswe mo dikarolong tseo wa gore babusi ba nako e e tlang ba lefatshe ba ne ba tla tswa kwa Judea. Vespasiañ yo o neng a dumela tumela-botlhodi thata, o ne a lemotshiwa gore ke ene yo o neng a tla diragatsa tebelelo eo.” Ra-ditiragalo Josephus ka phepafalo o bolela dintwa tse di neng tsa latela. Morago ga Vespasiañ a sena go nna mmusimogolo ka 69 C.E., morwawe ebong Titus o ne a tsweledisa ntwa, a ba a tlhasela Jerusalema. Tlala le letshogo di ne tsa tlela botlhe ba ba neng ba thibeletswe mo teng. Fa motse o ne o wa, dipota tsa one di ne tsa gosomana mme tempela ya one e ne ya senngwa.
Ke petso efe e e neng ya wela bao ba neng ba itlhokomolosa tlhagiso ya ga Jesu? “Bañ na ba ba neng ba tloga ba bolawa ke tlala ba ne ba itshwarelela ka maatla a a gakgamatsang, ba latlhegelwa ke makgolo a dikete tsa maloko a bone mo tirong eo. Ba ba ka nnang bontsi jo bo tshwanang, ba ba ileng ba patelesega go iponela ka matlho pono e e utlwisang botlhoko ya go fisiwa, thopo,le go senngwa gotlhelele ga tempele ya bone e e boitshepo, ba ne ba isiwa bokgobeng, bontsi jwa bone ba patelediwa . . . go direla jaaka ba ba atlholetsweng go lwa go fitlha baa swa kana ba latlhelelwa dibatana tsa naga ba sena boitiro-sepe mo ‘metshamekong’ e e tsosang maikutlo eo Titus yo o fentseng a neng a e dirile.”—Coins of Bible Days.
Buka eno e tlhalosa gore ka 71 C.E., Vespasiañ le Titus ba ne ba gwanta ka boitumelo go ralala Roma ba keteka phenyo eno. Mme “se se tsereng lobaka 10 loleele go feta dikgwanto dipe kana meletlo e ne ya nna ‘dipapetlana tsa madi tsa ‘phenyo’ tse dintsintsi. Nngwe ya tsone e le eno ya gouda (Nomoro 5) e e dirilweng ke Vespasiañ go dira segopotso sa go fenngwa ga Judea ke Roma.
Lemororo Bajuda ba le bantsi ba ka nna ba bo ba nyaditse mafoko a polelelo-pele ya ga Jesu kaga bokhutlo jwa tsamaiso ya Bajuda, mafoko a gagwe a ne a nna boammaaruri, jaaka dipapetlana tseno tsa madi di supa. Polelelo-pele ya ga Jesu e na le tiragatso a kgolwane gompieno, e supela kwa tatlhegong e e tlelang tsamaiso ya dilo ya lefatshe lotlhe ya gompieno. O tla ho o ithusitse fa o ka ithuta seo molaetsa ono wa gompieno e leng sone le kafa o ka tilang go welwa ke tatlhego e e tlang eno ka teng.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 31]
1. Bokafa-godimo: Prutah ya kgotlho (kana perutah) e e dirilweng morago ga Tsogologo ya Ntlha (66-70 C.E.), e bontsha nkgwana (senwelo se se megala mebedi). Mokwalo wa Sehebera wa re “Ngwaga wa bobedi,” go raya 67 C.E., ngwaga wa bobedi wa boipuso jwa Bajuda
2. Boka-fatlase: Letlhare la mofine le go kwadilweng mafoko “Kgololesego ya Siona” go le dikologa kana “Go Gololesega ga Siona”
3. Bokafa-godimo: Sestertius ya kgotlho e e dirilweng ke Mmusi-mogolo Vespasiañ a dira segopotso sa phenyo ya Judea. Mafoko ao a Se latine a a khutshwafaditsweng a a kwadilweng go dikologa setshwantsho sa gagwe ke IMP[erator] (Mmusi-mogolo) CAES[ar] VESPASIAN[us] AVG[ustus] P[ontifex] M[aximus] (moperesito yo mogolo) TR[ibunicia] P[otestate] (yo o nang le thata ya go buelela), P[ater] P[atriae] (rara wa lefatshe la borraetsho CO[n]S[ul] III (mo motlheng wa boraro wa puso ya gagwe), mo go rayang gore papetlana eno ya madi ke ya 71 C.E.
4. Kafa morago: Mo molemeng ke Mmusi-Mogolo Vespasiañ (kana General Titus) yo o itumetseng fela thata a apere diaparo tsa phemelo, a tshwere segai le tš haka, lenao la gagwe le gatile mo hutsheng ya tshipi. Kafa mojeng go mosadi wa Mojuda a ntse mo godimo ga letlatla ja sehuba kafa tlase ga setlhare sa makolane; o hutsafetse ebile o a lela. Mafoko a a reng IVDAEA CAPTA a raya “Judea yo o mo Botshwarweng.” Papetlana eno ya madi a ne e kwadilwe S[enatus] C[onsulto], “ka tumalano ya Senete”
5. Kafa morago: Aureus (papetla na ya gouda) e e dirilweng ke Vespasiañ e e bontshang Judea a le mo kutlobotlhokong
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.