Tswelela Ka go Boifa Jehofa
“Ke Kgosi e Kgolo, go bua Yehgfa oa mashomōshomō, me leina ya me Iea boitshega mo Merahiñ.”—MALAKI 1:14.
1, 2. (a) Ke molaetsa ofe o o nonofileng o buka ya ga Malaki e nang le one? (b) Mafoko a a bulang a molaetsa wa ga Jehofa a neela thuto efe?
“MOLAECO oa lehoko ya ga Yehofa mo go Iseraela ka Malaki.” (Malaki 1:1) Tlhaloso eno e khutshwane e e tshikhinyang maikutlo e simolola buka ya Bibela ya ga Malaki. Mo Bibeleng molaetso gantsi ke kgalo ya boikepo. Kwantle ga pelaelo seno se ntse jalo mo kgannyeng ya buka ya ga Malaki ka molaetsa wa yone o o tlhamaletseng le o o nang le maatla o o yang kwa morafeng wa Iseraela. Fa re o seka-seka go tla gatelela ka moo go leng botlhokwa ka teng gore re tswelele ka go boifa Jehofa ga rona le lorato lwa rona mo go ene.
2 Ditemana tsa ntlha tse pedi tsa buka eo di neela thuto malebana le go neela kgakololo. Jehofa o tlhomamisetsa bareetsi ba gagwe mabapi le ka moo a eletsang go ba thusa ka gone: “Ke lo ratile, go bua Yehofa.” Abo e le tsenyeletso e e tlhomamisetsang jang ne, e e omosang pelo go batho bao ba dipelo di ikanyegang ba lseraele wa seganana. Molaetsa oo o tswelela jaana: “Loa tlo lo re, U re ratile mo go eñ? A Esawe e ne e se ñwana oa ga rragwè Yakobe? go bua Yehofa; leha go nntse yalo ka rata Yakobe; Me Esawe èna ka mo ila, ka diha dithaba tsa gagwè chwahalō, ka naea bophokoyè ba naga boshwa yoa gagwè.”—Malaki 1:2, 3.
3. Ke mabaka afe a a neng a dira gore Jehofa a ikutlwe ka moo a neng a ikutlwa ka teng ka Jakobe le Esawe?
3 Ke eng fa Jehofa a ne a rata Jakobe mme, moragonyana ga moo, ditlogolwana tsa ga Jakobe, ebong Baiseraele? Ke ka gonne Jakobe a ne a boifa Modimo ebile o ne a tlotla batsadi ba gagwe ba ba boifang Modimo. Esawe, kafa letlhakoreng le lengwe, e ne e le motho yo o bogagapa, a sa boife Modimo. Gape, o ne a sa tlotle batsadi ba gagwe, ba ba neng ba na le tshiamelo ya tlholego e ba e filweng ke Modimo, ya go lebelela gore ba ba utlwe. Ka tshwanelo, Jehofa o ne a rata Jakobe mme a tlhoile Esawe. Seno ke tlhagiso mo go rona. Re tshwanetse go tila go latlhegelwa ke go boifa Modimo le go rata dilo tse di bonalang jaaka Esawe, yo o neng a batla fela go kgotsofatsa dikeletso tsa gagwe tsa nama.—Genesise 26:34, 35; 27:41; Bahebera 12:16.
4, 5. (a) Tsela ya botshelo ya ga Jakobe le ya ga Esawe di ne tsa nna le matswela afe mo ditlogolwaneng tsa bone? (b) Seno se tshwanetse sa bo se ile sa ama Baiseraele jang?
4 Fela jaaka tsela ya ga Jakobe e ile ya itshupa e le e e segofatsang mo ditlogolwaneng tsa gagwe, ebong Baiseraele, ka mo go tshwanang tsela ya ga Esawe e ne ya itshupa e le e e farologaneng tota le eo mo ditlogolwaneng tsa gagwe, ebong Baedoma. Baedoma ga ba a ka ba ipelela tshegofatso ya ga Jehofa. Mo boemong jwa seo, ka ntlha ya go ganetsa ga bone batho ba gagwe ba kgolagano ka bogale, ba ne ba itlisetsa letlhoo la ga Jehofa. Ba ne ba tlhaselwa ke mephato ya ga Nebukadenesare mme moragonyana ba fenngwa ke Baarabia. Kwa bofelong, jaaka Jehofa a ne a boleletse pele, morafe wa Baedoma o ne wa nyelela.—Obadia 18.
5 Dikatlholo tsa Modimo mo go Edoma di ne tsa simolola pele ga motlha wa ga Malaki. Seno se tshwanetse sa bo se ile sa ama Baiseraele jang? Jehofa o ba bolelela jaana: “Matlhō a lona a tla bōna, me lo tla re, A Yehofa a godisiwe kwa moseya ga molelwane oa lseraela.” (Malaki 1:5) Go ralala makgolo a dingwaga, lseraele o ne a bona ka ‘matlho a gagwe’ ka moo Jehofa a neng a ba rata ka gone jaaka morafe.
Ditiro tsa Rona di Tla Bontsha gore a Re Boifa Modimo kana Nnyaa
6. Jehofa o ile a latofatsa Baiseraele ka eng?
6 Molaetso oo o tswelela jaana: “Nwana oa mosimane o tla a tlotle rragwè, le motlhanka muñ oa gagwè: me ha ke le rra batho, tlotlō ea me e kae? ha ke le muñ oa batho, go mpoiha go kae? go bua Yehofa oa mashomōshomō, a raea lona baperesiti ba lo nyatsañ leina ya me.” (Malaki 1:6; Ekesodo 4:22, 23; Duteronome 32:6) Jehofa o ne a ile a tlhamalatsa Baiseraele, a ba tlamela, le go ba sireletsa, fela jaaka rre a tle a direle morwa wa gagwe. Ke eng se a neng a lebeletse ka tshwanelo gore se mmoele? Gore a tlotlwe le go boifiwa. Morafe oo, go akareletsa le baperesiti, ba ne ba palelwa ke go dira seno mme, mo boemong jwa seo, ba bontsha tlontlololo mo leineng la ga Jehofa le go le sotla. Ba ne ba nna “bana ba (ba) tenègañ.”—Yeremia 3:14, 22; Duteronome 32:18-20; Isaia 1:2, 3.
7. Baiseraele ba ne ba ikutlwa Jang ka tatofatso eno, mme Jehofa o ne a ba araba jang?
7 Baiseraele ba ne ba botsa jaaua: “Ana re nyaditse leina ya gago mo go eñ?” Jehofa o fetola jaana ka maatla: “Lo isa senkgwè se se itshekolocweñ mo sebeshoñ sa me. Me lo re, Re gu itshekolotse mo go eñ? Ke ka lo tlo lo re, lomati loa ga Yehofa loa boyèlō lo nyatsegile. Me mogañ lo isañ setlhabèlō ka se se houhetseñ, lo tlo lo re ga se boshula bopè! me ha lo isa setlhabèlō ka se se tlhotsañ le se se bobolañ, lo tlo lo re, Ga se boshula bopè! A lo ko lo eè go se naea molaodi; a o tla gu itumèlèla? kgotsa a o tla amogèla sebele sa gago? go bua Yehofa oa mashomōshomō.”—Malaki 1:6-8.
8. Baiseraele ba ne ba supa eng ka ditiro tsa one?
8 Motho a ka akanya fela ka Moiseraele a tlhatlhoba letsomane la gagwe a bo a tlhophela Jehofa phologolo e e foufetseng kana e e golafetseng go mo e isetsa tshupelo. Ka tsela eno a ka nna a itira ekete o isa setlhabelo fa gone ka boikgagapeledi a ipolokela tse di nnoneng tsa letsomane la gagwe. A ka seke a be a lore go direla molaodi selo se se ntseng jalo! Mme Baiseraele ba ne ba se dira seo mo go Jehofa—jaaka ekete o ne a ka seke a bone maano a bone le tsietso. Jehofa o ne a ba botsa jaana ka tshwanelo, “Go mpoiha go kae?” Ba ka nna ba tswa ba ile ba iphaka ka mafoko a bone gore ba boifa Jehofa, mme ditiro tsa bone ka phepafalo di ne di bontsha se se farologaneng le seo.—Duteronome 15:21.
9. Baperesiti ba ne ba reng ka seo batho ba neng ba se dira?
9 Baperesiti ba ne ba reng ka ditlhabelo tseno tsa lonyatso? Ba ne ba re: “Ga se boshula bopè.” Ba ne ba siamisa tsela eo e e boikepo ya Baiseraele. Ka gone lemororo batshwarwa ba ba neng ba boa kwa Babelona ba ne ba simolola ka matlhagatlhaga go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri, moragonyana ga moo ba ne ba leseletsa dilo, ba nna boikgodiso, ba siame mo matlhong a bone. Ba ne ba latlhegelwa ke go boifa Jehofa ga bone. Ka gone, tirelo ya bone ya tempele e ne ya nna tshotlo, mme ba ne ba boloka meletlo e le mokgwa fela.—Malaki 2:1-3; 3:8-10.
10. (a) Jehofa o batla setlhabelo sefe gompieno? (b) Setlhabelo sa rona se ka amogelwa ke Jehofa jang fela?
10 Bangwe ba ka nna ba ganetsa ka go re: ‘Seno ga se re ame; ga re tlhole re isa ditlhabelo tsa diphologolo.’ Mme re na le mofuta o mongwe gape wa setlhabelo o re tshwanetseng go o isa. Tlhokomela boikuelo jono jo bo potlakileng jwa ga Paulo: “Kea lo rapèla ka mautlwelō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ.” (Baroma 12:1) Gompieno setlhabelo se Jehofa a se batlang ke wena! Ke gore, maatla a gago, ditsompelo, le dikgono. O tla amogela setlhabelo sa rona fela fa re dira bojotlhe jwa rona. Fa re neela Jehofa masalela, jaaka setlhabelo sa tse di golafetseng, tse di lwalang, ruri go tla ama kamano ya rona le ene.
11. Ke tlhatlhobo efe eo motlhanka mongwe le mongwe yo o ineetseng wa ga Jehofa a tshwanetseng go e dira?
11 Lemororo bangwe tota ba ka nna ba re, “ga se boshula bopè,” re itse gore Jehofa o ikutlwa jang ka gone. Ka gone, a re tlhatlhobiseng “setlhabèlō” sa ‘tirelo e e itshekileng’ ka kelotlhoko se re se neelang, se se akareletsang go arola ga rona mo go rereng, thuto ya botho, thapelo, le go nna gone kwa dipokanong. A o kgotsofaletse gore o neela Jehofa bojotlhe jwa gago, kana ke masalela fela? Go na le kotsi ya go kopanyelediwa thata mo boitloso-bodutung kana go iphokisa phefo ka mafelo-beke mo e leng gore motho ga a bone nako kana maikatlapelo a go rera mafoko a a molemo a Bogosi le go nna gone kwa dipokanong. Tsela yotlhe ya rona ya go tshela, go tshela ga rona ga letsatsi le letsatsi, go akareletsa maikutlo le maikaelelo, di tshwanetse tsa nyalanngwa le setlhabelo se re se direlang Jehofa. E seka ya nna sepe fa e se bojotlhe jwa rona fela!
Go ngtholola ba ba Boifang Modimo ka Boammaaruri
12. Jaanong go neelwa kgakololo efe?
12 ‘Mme he,’ boperofeti bo a rialo, ‘ke a lo rapela, kopang mautlwelo-botlhoko a Modimo, gore a tle a re amogele.’ (Malaki 1:9) Jehofa o kgothaletsa Baiseraele gore ba dire se se siameng, gore ba bontshe poifo-modimo e e tshwanetseng, le go mo isetsa se se mo tshwanetseng Re tshwanetse go dira fela jalo le gompieno. Re ka kgona go boloka kamogelo ya ga Jehofa fela fa re diragatsa dipatlafalo tsa gagwe.
13. (a) Fa re sa boife Modimo, re ka wela mo seraing sefe? (b) Bopelotshetlha bo ile jwa ama baperesiti ba Baisetaela jang?
13 Fa re sena poifo-modimo e e tshwanetseng, tirelo ya rona mo go ene e ka nna seo-modiro fela le ya boikgagapeledi. Elatlhoko ka moo Jehofa a botsang baperesiti ba Baiseraele ka gone tebang le tirelo ya bone ya tempele: “Ke rata yañ go bo go na le moñwe mo go lona eo o ka cwalañ meyakō, gore lo se gotse molelō mo sebeshoñ sa me ka lehèla! Ga ke na kgatlhègō mo go lona, go bua Yehofa oa mashomōshomō, me ga nketla ke amogèla chupèlō mo seatleñ sa lona.” (Malaki 1:10) Ee, ruri, baperesiti ba ne ba le koo go dira tiro ya tempele, ba lotlela mabati a lefelo le le boitshepo, ba tshuba dipone mo dialetareng. Mme ba ne ba sa direle seno lefela. Ba ne ba batla dimpho le dipipa-molomo mo Baiseraeleng ba ba neng ba tla go dira ditlhabelo kwa tempeleng Ka gone Jehofa o ne a sena kgatlhego, mme ga a na kgatlhego le jaanong, mo tirelong e e dirwang fela ka ntlha ya boikgagapeledi. E makgapha mo go ene.
14. Ke eng fa ka metlha go na le tlhokafalo ya go itlhokomela kgatlhanong le bopelotshetlha?
14 Tlhokafalo ya go ikela tlhoko kgatlhanong le boikgagapeledi le bopelotshetlha ga e a nyelela mo motlheng wa rona. Dikwalo di re l tlhagisa kgatlhanong le bopelotshetlha gangwe le gape, di tlhalosa gore batho ba ba pelotshetlha ga ba amogelwe ke Jehofa. (1 Bakorintha 6:10; Baefesia 5:5) Fa re diragatsa bodihedi jwa rona, ekete lorato lwa rona mo go Jehofa le go mmoifa ga rona di ka re dira gore re seka ra go direla bogagapa fela le ka motlha ope. Re tshwanetse go nna bofefo go ntsha ditshekamelo dipe tse di ntseng jalo tse di ka nnang tsa tsoga mo dipelong tsa rona. Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tlhagisiwa ka mo go kgethegileng gore ba seka ba nna ba ba “bolaèlwañ ke khumō e e mashwè pelo.” (Tito 1:7; 1 Timotheo 3:8; 1 Petere 5:2) Bangwe ba ka nna ba tlhagolela dikamano le bakaulengwe bao ba ka ba thusang ka dilo tse di bonalang fela ka boomo, mo go felelang ka go tlhaola batho le go etsaetsega go gakolola ba ba ntseng jalo. Le ka motlha ga re batle go tshwana le baperesiti ba ba pelotshetlha bale ba Iseraela ba ba neng ba batla dimpho le dipipa-molomo go tswa mo Baisetaeleng-ka-bone.
15. (a) Malaki o ne a bontshajang gore go ne go tla nna le ba ba boifang Jehofa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe? (b) Ke dikwalo dife tse dingwe tse di tshegetsang seno?
15 Gompieno, fa Jehofa a ne a ka botsa potso eno, “Go mpoiha go kae?” a go na le batho bape ba ba neng ba ka araba ka go re, ‘Ke rona bano, rona ba re go boifang’? Kwantle ga pelaelo! Bomang? Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, ba ba fitlhelwang mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Setlhopha seno sa batho ba merafe yotlhe le tiro e ba neng ba tla e dira di ne tsa bolelelwa pele mo go Malaki 1:11: “Gonne go cwa botlhabatsatsi go ea hèla phirimoñ ea yeōna, leina ya me le legolo mo Merahiñ: . . . le chupèlō e e itshekileñ: gonne leina ya me le legolo mo Merahiñ, go bua Yehofa oa mashomōshomō.”—Bona gape Pesalema 67:7; Isaia 33:5, 6; 41:5; 59:19; Yeremia 32:39, 40.
16. Go tswa botlhabatsatsi go ya phirimong ya lona” go ka kaya eng tse di farologaneng mme seno se diragadiwa jang?
16 Abo Malaki fano o bolela tiro e kgolo e e dirwang mo motlheng wa rona ka go bolelwa ga mafoko a molemo mo lehatsheng lotlhe ka mo go opang kgomo lonaka jang ne. (Mathaio 24:14; Tshenolō 14:6, 7) Go tswa botlhabatsatsi go ya phirimong ya lona ka mogopolo wa thuto-fatshe, go raya go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima. Go sa kgathalesege kwa re lebang teng mo lefatsheng gompieno, re ñtlhela batho ba ba boifang Jehofa ba dira go rata ga gagwe. Go tswa botlhabatsatsi go ya phirimong ya lona gape go raya letsatsi lotlhe. Ee, batlhanka ba ba boifang Modimo ba ntsha pako ka metlha. Jaaka Jehofa a ile a solofetsa, leina la gagwe le bolelwa mo lefatsheng lotlhe ke bao ba mmoifang ka boammaaruri.—Ekesodo 9:16; 1 Ditihalō 16:23, 24; Pesalema 113:3.
Boloka go Boifa Modimo ka Tshwanelo
17. Matswela a go latlhegelwa ke go tlotla Jehofa le go mmoifa ga rona e ka nna eng?
17 Mo go bao ba palelwang ke go tlotla Jehofa le go mmoifa, kobamelo le tirelo di fetoga mokgweleo. Jehofa o ne a raya Baiseraela a re: “Me lona lo le tlhapaditse, ka lo re, Loyèlō loa Morèna lo itshekologile, le louñō loa lōna, eboñ diyō tsa gagwè, di nyatsegile. Gapè loa tlo lo re, Bōnañ, ke letsapa ye legolo yañ!” (Malaki 1:12, 13) Go ka nna fela jalo mo metlheng ya segompieno. Mo go bao ba latlhegelwang ke go boifa Jehofa, dipokano, tirelo ya tshimo, le ditiro tse dingwe tsa Bokeresete di ka fetoga mokgweleo.
18. Ke eng se se ileng sa diragalela bangwe ba batlhanka ba Modimo ba motlha wa segompieno gangwe le gape?
18 Elatlhoko ka moo bao ba ileng ba tlhalosiwa ka gone mo go The Watchtower ya January 1, 1937: “Mo go bao ba ba sa ikanyegeng tshiamelo ya go direla Modimo ka go tlisetsa ba bangwe maungo a bogosi, jaaka Morena a ile a laela, go fetogile tiro e e lapisang le mokgwa fela, goo go sa ba neeleng sebaka sa go phatsima mo matlhong a batho. Go isa molaetsa wa bogosi o o gatisitsweng ka ntlo le ntlo, le go o isetsa batho, go ntsha seriti tota mo go ba ba ntseng jalo bao ba itseelang kwa godimo. Ga ba bone boipelo bope mo go one . . ka gone ba ile ba re, mme ebile ba ntse ba tsweletse ba re: ‘Go tlhola o ebela ka dibuka mo ke maano fela a go rekisa dibuka. Abo eno e le tiro e e lapisang jang ne!’” Le eleng gompieno go na le bao, nako le nako, ba fitlhelang bodihedi jwa tshiamo e le tiro e e lapisang le go nna gone kwa dipokanong go lapisa. Seno ke sone se se ka diragalang fa re latlhegelwa ke go boifa Jehofa ga rona, gammogo le lorato lwa rona mo go ene.
19. Re ka tswelela jang go bontsha kanaanelo ya rona mo dipaakanyetsong tsa ga Jehofa?
19 Go tswelela ka go boifa Jehofa go tla re boloka re le boikobo fa pele ga gagwe mme ka metlha re anaanela tsotlhe tse a di re direlang. Go sa kgathalesege gore a re mo kokoanong e potlana ya mo legaeng kana kwa kokoanong ya masome a a diketekete mo setediamong, re leboga Jehofa ka ntlha ya tshiamelo ya go nna le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Re tla bontsha malebogo a rona ka go nna gone koo le ka go tlhotlheletsa ba bangwe ba ba leng teng “mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō” ka motlotlo wa rona o o agang le ka dikakgelo tse re di dirang mo dipokanong. (Bahebera 10:24, 25) Fa re ka nna le tshiamelo ya rona go nna le dikarolo kwa dipokanong, re tla tila go busetsa go baakanyetsa morago go ñtlha ka motsotso wa bofelo, re kokoanya dintlha ka lepotlapotla. Le ka motlha re seka ra tsaya dikabelo tse di ntseng jalo jaaka sengwe fela se se tlwaelegileng. Ke ditshiamelo tse di boitshepo, mme tsela eo re di tlhokomelang ka yone ke sesupo se sengwe sa ka moo re tlotlang Jehofa ka gone le go mmoifa.
20. (a) Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala eng? (b) Re fitlha mo tshwetsong efe?
20 Abo bao ba latlhegelwang ke go boifa Modimo ba tlelwa ke diphelelo tse di utlwisang botlhoko jang ne! Ga ba anaanele tshiamelo e e sa tshwanelang ya go nna le kamano le Molaodi wa lobopo. “Ke Kgosi e Kgolo, go bua Yehofa oa mashomōshomō, me leina ya melea boitshèga mo Merahiñ.” (Malaki 1:14; Tshenolō 15:4) Ekete re ka seka ra lebala seo le ka motlha ope. Ekete mongwe le mongwe wa rona a ka tshwana le mopesalema yo o neng a re: “Ke monkana oa botlhe ba ba gu boihañ.” (Pesalema 119:63) Fa re sena go tlhatlhoba kgang eno, re tla mo phetsong e e tshwanang le e Solomone a neng a tla mo go yone fa a ne a re: “Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho. Gonne Modimo o tla isa tihō ñwe le ñwe mo tshekoñ, le señwe le señwe se se shubegileñ, leha se le molemō kgotsa se le boshula.”—Moreri 12:13, 14.
Thuto e e Tswang mo Bukeng ya ga Malaki—
◻ Ke eng fa Baiseraele ba ne ba tshwanetse go boifa Jehofa?
◻ Ditiro tsa rona di bontsha jang gore a ruri re boifa Jehofa kana nnyaa?
◻ Ke eng se se supang gore go na le ba ba boifang Jehofa mo lefatsheng lotlhe gompieno‘?
◻ Ke eng fa re tshwanetse go boloka go boifa Modimo ka tshwanelo?
[Mafoko a a mo go tsebe 18]
Go tswa botlhabatsatsi ga ya phirimong ya lona, leina la ga Jehofa le tla godisiwa
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Baiseraele ba ne ba nyatsa Jehofa ka go ise diruiwa tse di foufetseng, tse di golafetseng kana tse di lwalang jaaka ditlhabelo