Pego ya Baboledi ba Bogosi
Guinea e Amogela Batla-kopanong ya “Kagiso ya Bomodimo”
MO MALATSING a ntlha a mane a 1987 go ne ga tshwarwa kopano ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e le yone ya ntlha-ntlha go tshwarelwa mo Ripaboliking ya Guinea, mo Afrika Bophirima. Lemororo Guinea e le naga e e tletseng Mamoselema kwa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e iseng e letlelelwe kafa molaong, Basupi koo ba ile ba itirela leina le lentle jaaka batho ba ba molemo, ba ba bonolo, ba ba kagiso. E ne e le ka ntlha ya leina le lentle leno mo eleng gore mmuso o ne wa amogela ka diatla tsoopedi batla-kopanong ya “Kagiso ya Bomodimo.”
Gareng ga baemedi go ne go na le barongwa ba roba-bongwe ba ba neng ba tsamaya go tswa kwa Freetown, kwa Sierra Leone, mo kolotsaneng ie dithuthuu tse pedi. Kwa molelwaneng, ba ne ba tshwanetse go kgabaganya noka ka mokoro o go kgabaganngwang ka one o o neng o dirilwe ka mekoro e mennyenyane e meraro ya logong e e tshwaragantsweng ka dikota go e kgabaganya Fa ba sena go kgabaganya ka dikoloi, barongwa ba ne ba botsa ba re: “Re tshwanetse go duela bokae?” “Lona lo Basupi ba ga Jehofa,” e ne ya nna yone karabo. “Ga lo duele.”
Gotweng ka ba kgethiso-dithoto le ba mesepele? “Lo seka lwa tshwenyega ka gone,” ba ne ba bolelelwa jalo. “Sengwe le sengwe se baakantswe. Aparang dibetšhe tsa lona fela.” Makgolokgolo a baemedi ba bangwe le bone ba ne ba nna le maitemogelo a a tshwanang Mmuso wa Guinea o ne wa letlelela gore ba kgabaganye noka e e kgaoganyang Guinea le Sierra Leone le Liberia; mme gape ba ne ba tlositse dipatlafalo tsa kgethiso-dithoto le tsa mesepele mo go mongwe le mongwe yo o nang le betšhe ya “Kagiso ya Bomodimo”! Molebedi wa potologo mongwe, yo o neng a tswa kwa Liberia, o ne a re: “Betšhe e ne e na le mosola thata go gaisa pasepoto.”
Mmuso wa Guinea o ne wa thusa gape ka ditsela tse dingwe. O ne wa rulaganyetsa gore go nne le koloi e e tla tsayang Basupi go tswa kwa Conakry, eleng motse mogolo, go ya kwa motseng wa Guéckédou. o o leng bokgakala jwa dikilometara di le 640. O ne wa ntsha taolo gore go rekiwe mafura a dikoloi tse di neng di tswa kwa Freetown. Wa laolela gore otele e e gautshwane le lefelo la kopano e bolokele Basupi dikamore tsa yone tsotlhe. Gape o ne wa rebola gore holo ya motse e dirisetswe kopano, e dirisiwa kwantle ga tuelo.
Molaodi wa kgaolo, yoo eleng ene mosimegi yo mogolo thata mo karolong eo ya naga, o ne a amogela mo legaeng la gagwe baemedi ba le 11. Gape o ne a le mongwe wa ba ba 1 132 ba ba neng ba reetsa puo ya phatlalatsa ka Sontaga.
Jehofa Modimo ga a kitla a lebala bopelonomi jo bo bontshitsweng batlhanka ba gagwe.—Mathaio 10:42; 25:40.