LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 11/1 ts. 21-23
  • Kgololesego ya Bodumedi e ne ya Engwa-nokeng kwa India

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego ya Bodumedi e ne ya Engwa-nokeng kwa India
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Ka Moo Kgang e Neng ya Tsoga ka Gone
  • Tsheko ya Bana Kgatlhanong le Puso
  • A ke Matshosetsi a Kutlwano ya Morafe?
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 11/1 ts. 21-23

Kgololesego ya Bodumedi e ne ya Engwa-nokeng kwa India

PHETSO ya kgotla-tshekelo e e kwa godimo ya August 11, 1986, kwa New Delhi e ne ya gakgamatsa dimilione tsa batho. Ka nako eo bomorafe bo neng bo nonofa ka yone, ke ba sekaenyana fela ba ba neng ba solofetse gore kgololesego ya bodumedi jo bo neng bo sa itsege thata jwa batho ba ba palo-potlana e ne e tla tlotliwa. Mme morago ga go tlhatlhoba mabaka ka kelotlhoko, kgotla-tshekelo e e kwa godimo ya India e ne ya laola gore bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ka seke ba atelediwe go opela pina ya setšhaba. Mo phetsong e e supang phetogo ya dilo kgotla e ne ya re:

“Re kgotsofetse, mo kgannyeng eno, gore go kobiwa ga bana ba le bararo mo sekoleng ka ntlha ya bodumedi jo bo tshegeditsweng ka segakolodi, ba sa tsenelele mo go opeleng pina ya setšhaba mo kokoanong ya moso lemororo ba ema ka tlotlo fa pina ya setšhaba e opelwa, ke tsuololo ya tshwanelo ya bone ya motheo ‘go kgololesego ya segakolodi le go ipolela ka kgololesego, go dirisa le go anamisa bodumedi.’”

Ramolao-mogolo ebong O. Chinnappa Reddy le Ramelao-mogolo ebong M. M. Dutt ba Kgotla-tshekelo e e kwa Godimo ya India e ne e le baatlhodi ba ba neng ba reetsa se jaanong e leng kgetsi ya pina ya setšhaba e e itsegeng ya Basupi ba ga Jehofa.

Ka Moo Kgang e Neng ya Tsoga ka Gone

Mo e ka nnang sephatlo sa Basupi ba ga Jehofa ba ba 8 000 kwa India ba fitlhelwa mo nageng e nnye ya Kerala mo karolong e e kwa bothokong ya borwa ya morafe o mogolo ono. Mo bontsing jwa dikolo koo, pina ya setšhaba e opelwa letsatsi le letsatsi. Mokgwa wa mo sekolong se go buiwang ka sone e ne e le gore baithuti botlhe ba opele pina ya setšhaba mmogo. Lefa go ntse jalo, bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ema fela fa ba bangwe ba opela. Jaaka katlholo ya Kgotla-tshekelo e e kwa Godimo e ne ya bolela: “Go ne go sena ope yo o tshwenyang. Go sena ope yo o tshwenyegang Go sena ope yo o akanyang e le go sa tlotle kana go sa rate naga. Bana ba ne ba lesiwa ka kagiso mo ditumelong tsa bone.” Seemo se se ntseng jalo se ne sa tswelela ka dingwaga.

Mme go ne ga tla July 1985. Leloko la Palamente ya Molao ya Lefatshe o ne a ganetsa a re o akanya gore e ne e se go rata naga fa mongwe a gana go opela pina ya setšhaba. Go ne ga latela puisanyo, mme se se neng se buisanngwa se ne sa gatisiwa mo dipampiring tsa dikgang tse dikgolo tsa naga.

Balaodi ba dikolo di le dintsi mo Kerala, bao go fitlhelela ka nako eo ba neng ba eme-nokeng bana ba Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tshoga ka ntlha ya kgano eo mo Palamenteng ya Molao le boikutlo jo bo farologaneng jwa dikgatiso. Ka ntlha ya gone, bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kobiwa mo dikolong tse di farologaneng.

Tsheko ya Bana Kgatlhanong le Puso

V. J. Emmanuel, yo bana ba gagwe ba bararo ba bannye, Bijoe, Binu Mol, le Bindu, ba neng ba kobiwa mo sekolong, o ne a tsaya kgato ya semolao. Rre Emmanuel o ne a tlhatswegile pelo gore o ne a tshegediwa ke molao. O ne a itse gore, go ya ka Kgaolo 25 (1) ya Molao-motheo wa Inclia, “batho botlhe ka go tshwana ba ne ba na le tshwa- nelo ya kgololesego ya segakolodi le tshwanelo ya go ipolela ka kgololesego, go dira le go anamisa bodumedi.”

Fa go ntse go ya Setlhopha sengwe mo Kgotleng-kgolo ya tshekelo ya Kerala ba ne ba reetsa kgang, mme ba ne ba gana boikuelo jwa ga V. J. Emmanuel. Seno e ne ya nna kutlo-botlhoko e kgolo ka ntlha ya gore Molao-motheo wa India ga o re pina ya setšhaba e tshwanetse go opelwa go bontsha tlotlo mo go yone. Mme fela wa re baagedi ba tshwanetse go “laolwa ke Molao-motheo le go tlotla megopolo le dikarolo tsa one, ebong Folaga ya Naga le Pina ya Setšhaba.” Ga go na le eleng molao ope o o batlang gore baagedi botlhe ba India ba opele pina ya setšhaba.

Kgang e ne ya ikuelwa kwa Kgotla-tshekelong e e kwa Godimo ya India. Fa e tlosolosa katlholo ya Kgotla-kgolo ya tshekelo ya Kerala, katlholo ya Kgotla-Tshekelo e e kwa Godimo e ne ya re: “Kgotla-kgolo ya tshekelo e ne ya tswa mo tseleng. Ba ne ba tlhokomela kgato ka kgato ka bonya, lefoko lengwe le lengwe le mogopolo wa Pina ya Setšhaba mme ba fetsa ka gore go ne go sena lefoko lepe kana mogopolo mo Pineng ya Setšhaba tse di neng di ka bona molato kgololesego ya bodumedi ya mongwe.” Lefa go le jalo, jaaka Kgotla-tshekelo e e kwa Godimo e ne ya elatlhoko ka go nitama, “seo ga se yone kgang tota-tota.”

Kgang ke ya bodumedi, e leng, tshwanelo ya batho go boloka kgololesego ya bone ya go obamela. Lebaka ke gore, Basupi ba ga Jehofa ga ba opele pina ya setšhaba ya naga epe. Dipina tsa go nna jalo, tota, ke difela kana dithapelo tse di opelwang tse di tsentsweng mo dipineng, mme Basupi ba ga Jehofa ka segakolodi ba gana go di opela. “Ba gana e leng go opela tota,” ga tlhalosa jalo katlholo ya Kgotla-tshekelo e e kwa Godimo ya India ka kutlwisiso, “ka ntlha ya go dumela ka ikanyo ga bone le tlhatswegopelo gore bodumedi jwa bone ga bo ba letlelele go tsenelela mo meletlong epe kwantle ga gore e be e le mo dithapelong tsa bone go Jehofa Modimo wa bone.”

Ka mo go bonalang ka teng, Molao-motheo wa India o letlelela “kgololesego ya go bua le go itlhalosa,” mo go akareletsang kgololesego ya go didimala. Seo e ne e le sone se bana ba neng ba se dira fa pina ya setšhaba e ne e opelwa mo kokoanong ya moso kwa sekolong​—ba ne ba nna ba didimetse. Lefa go le jalo, balaodi ba thuto ba Kerala, tota, ba ne ba thibetse go didimala. Ka gone potso e ne ya tsoga ya gore a thibelo eo e ne e tsamaelana le kgololesego e e neetsweng ke Molao-motheo.

Kgotla-tshekelo e e kwa Godimo e ne ya konela kgang eno jaana: “Ka bofefo re tshwanetse gore ga go na karolo epe ya molao e e pateletsang ope go opela Pina ya Setšhaba lefa e le gore re akanya gore ga se tlotlo go pina ya setšhaba fa motho yo o emeng ka dinao ka tlotlo fa Pina ya Setšhaba e opelwa a sa tsenelele mo go opeleng.”

Jaaka go tlhokometswe pele, tiro ya moagedi mongwe le mongwe, go ya ka Molaomotheo ke go ‘tlotla Pina ya Setšhaba.’ Mabapi le tlotlo ya go nna jalo, Molao wa Thibelo ya go Tlontlolola Morafe wa 1971 wa re: “Ope fela yo o thibelang go opelwa ga pina ya setšhaba kana a kgoreletsa pokano epe e e tshwaregileng mo go opeleng goo o tla otlhaiwa ka go tsenngwa mo kgolegelong ka lobaka lo lo rileng le le ka fitlhang mo dingwageng tse tharo, kana a lefisiwa, kana ka bobedi.” Lefa go ntse jalo, bana ba Basupi ba ga Jehofa ga ba ise ba ke ba thibele ope go opela Pina ya Setšhaba. Ga ba ise ba ke ba tsose dikgoberego dipe mo kokoanong e e tshwaregileng mo go opeleng ga go nna jalo.

A ke Matshosetsi a Kutlwano ya Morafe?

Nngwe ya kgang e kgolo ya lefatshe e ne e le gore go opela pina ya setšhaba go ne go tlhokega thata mo kutlwanong le bothokgami jwa naga. Lefa go le jalo, a go opela mo go patelediwang ga pina ya setšhaba ruri go tlatseletsa mo kutlwanong ya lefatshe kana bothokgami jwa baagedi ba lone?

Se se kgatlhisang, pina ya setšhaba ya India ke puo ya kgaolo e le nngwefela, ka gone ga e tlhaloganngwe ke bontsi jwa Ma-India ba ba e opelang. Ka gone, mo bontsing, go opela pina ya setšhaba ga go na mosola ebile tota go tlatseletsa mo meketeng e e lolea. Basupi ba ga Jehofa ga ba tsenelele mo meketeng ya go nna jalo. Ba rapela Modimo wa bone fela, ebong Jehofa.

Gape go ne ga ntshiwa kgang ya gore fa katlholo ya Kgotlatshekelo e e kwa Godimo e ne e ka femela Basupi ba ga Jehofa, go ne go ka tshosetsa tshireletsego ya naga. Mme Basupi ba ga Jehofa mo India ba palo-potlana, e ka nna ya nna batho ba le 8 000. A setlhopha se sennye seo e ka nna matshosetsi mo morafeng wa batho ba feta dimilione di le 800? Mo godimo ga moo Basupi ba ga Jehofa ba itsege lefatshe ka bophara ka ntlha ya boikanyegi jwa bone le kutlo mo melaong ya mebuso e ba leng kafa tlase ga yone.

Kwa Nigeria agente nngwe e ne ya re: ‘Basupi ke baagedi ba ba duelang lekgetho ba ba utlwang molao. Mosupi mongwe yo o ka ikanyegang mo bodumeding jwa gagwe go ya bokgakaleng jwa go bo utlwa go sa kgathalesege go latlhegelwa ke ditshiamelo dingwe ka tsela e e tshwanang o tla ikanyega mo dilong tse dingwe tse dintsi. Lebaka la go bo a gana go utswa madi a puso fa badiri-kaene ba ba opelang pina ya setšhaba mme gone ba utswa madi ke ka ntlha ya gore Bibela ya gagwe e e reng a seka a opela pina ya setšhaba gape ya re a seka a utswa.’

Seele sa bofelo sa katlholo ya Kgotla-tshekelo e e kwa Godimo e e supang phetogo ya dilo ke sengwe se se ka tlhokomelwang. Sa re: “Re batla fela go oketsa jaana: ngwao ya rona e ruta boitshoko; thuto ya rona e ruta boitshoko; molao-motheo o dirisa boitshoko; a re seka ra o timola.” A mmuso le baeteledipele ba tla anaanela mogopolo o o molemo ono? A phetso ya Kgotla-tshekelo e e kwa Godimo e tla nna ya bofelo? Go tla lemotshega morago.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Bana ba bararo ba ba neng ba gana ka tlotlo go tlhakanela mo moko eng wa borata-naga

Lelapa le le ineetseng la bana ba bararo bao

Lelapa leno le ne la bala kaga kgang ya Kgotla-tshekolo, ba ithuta Bibela, mme ba ne ba kolobediwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela