LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/15 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Boporofeti bo re Naya Dintlha ka Mesia
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/15 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Jesu o ne a goa jaana fa a ne a le mo koteng: “Modimo oa me, Modimo oa me, o ntatlhetseñ?” A o ne a tlhaela tumelo, a dumela gore Modimo o mo latlhile?

Bangwe fa ba bala mafoko ano a a mo go Mathaio 27:46 kana Mareko 15:34, ba konetse ka gore fa Jesu a ne a lebanye le loso le le botlhoko, go tshepa Modimo ga gagwe go ne ga reketla. Bangwe ba boletse ka gore seno e ne e le boikutlo jwa setho fela jwa ga Jesu. go lela mo go tlhaloganyesegang ga tlalelo ga motho wa nama le madi yo o mo ditlhabing tse di botlhoko. Lefa go le jalo, go na le lebaka le le utlwalang la go akanyetsa kwa teng dikatlholo tse di ntseng jalo tsa batho tse di thailweng mo bokakwantleng jwa dilo fela. Lemororo go sena ope wa rona gompieno yo o ka itseng ka tlhomamo gotlhe mo go neng go kopanyelediwa mo go leleng ka tsela eo ga ga Jesu, re ka elatlhoko ditsela tse pedi tsa kafa a ka neng a ne a ikutlwa ka teng.

Jesu o ne a lemoga sentle gore o ne a tshwanelwa ke go “ea kwa Yerusalema. le go bogisiwa dilō di le dintsi . . . , le go bolawa, le go ba a cosiwa ka letsatsi ya boraro.” (Mathaio 16:21) Kwa legodimong Morwa Modimo o ne a etsetlhoko le e leng batho ba ba sa itekanelang ba bogisiwa go fitlhela baa swa mme lefa go ntse jalo ba tshegetsa bothokgami jwa bone. (Bahebera 11:36-38) Jalo tota ga gona lebaka la go dumela gore Jesu​—motho yo o itekanetseng—​o ne a ka boifisiwa ke seo a neng a lebane naso; le gone go swela mo koteng go ne go ka seka ga mo akantsha gore Rraagwe o mo tlogetse Jesu o ne a itse go sale pele “mokgwa oa loso lo o tla lo swañ,” e leng, go bolawa ka go bapolwa (Yohane 12:32, 33) Gape, o ne a tlhomamisa gore mo letsatsing la boraro o ne a tla tsosiwa. Jalo he, ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a re Modimo o mo tlogetse?

Santlha, o ka bo a ne a bua jalo ka tshwanelo gore Jehofa o ne a tlositse tshireletso ya gagwe mo Morweng wa gagwe gore bothokgami jwa ga Jesu bo tle bo lekiwe ka botlalo, go fitlhela a a swa loso lo lo botlhoko lwa matlhabisa-ditlhong Mme go bo Modimo o ne wa letlelela gore Jesu a galefelwe ke baba ba gagwe ba ba laolwang ke Satane go ne go sa reye gore o mo latlhile gotlhelele. Jehofa o ne a tswelela a bontsha Jesu lorato, jaaka go ne ga supega mo letsatsing la boraro fa a ne a tsosa Morwa wa gagwe, seo Jesu a neng a itse gore se ne se tla diragala.​—Ditihō 2:31-36; 10:40; 17:31.

Se e ka nnang ya bo e le lobaka lwa bobedi la go bo Jesu a ne a bua jalo fa a le mo koteng se amana le se se fa godimo, e ne e le gore ka go dirisa mafoko ao a tle a diragatse se boperofeti bo se lemotshang kaga Mesia. Dioura di sekae pelenyana Jesu o ne a boleletse baaposetoloi gore dilo di ne di tla diragala “hèla yaka go kwadilwe kaga gagwè.” (Mathaio 26:24; Mareko 14:21) Ee, o ne a batla go diragatsa dilo tse di neng di kwadilwe. go akareletsa le dilo tse di kwadilweng mo go Pesalema 22. Gongwe o ka bona go neela lesedi go bapisa Pesalema 22:7, 8​—Mathaio 27:39, 43; Pesalema 22:15​—Yohane 19:28, 29; Pesalema 22:16​—Mareko 15:25 le Yohane 20:27; Pesalema 22:18​—Mathaio 27:35. Pesalema 22, e e buang thata ka se boperofeti bo se lemotshang kaga boitemogelo jwa ga Mesia, e simolola ka gore: “Modimo oa me, Modimo oa me, o ntatlhetseñ?” Ka gone he, fa Jesu a ne a goa jalo. o ne a tlatsa rekoto ya boperofeti jo a neng a bo diragaditse.​—Luke 24:44.

Tota mopesalema o ne a sa dumele gore Modimo wa gagwe o ne o mo latlhile kana o mo tlogetse, ka gonne Dafide o ne a tswelela ka gore o ne a tla ‘bolelela bana ba ga rraagwe leina la Modimo,’ gape o ne a kgothaletsa ba bangwe go baka Jehofa. (Pesalema 22:22, 23) Ka go tshwana, Jesu, yo o neng a itse Pesalema 22 sentle, le ene o ne a na le lebaka la go tshepa gore Rraagwe o ne a santse a mo amogela le go mo rata, go sa kgathalesege se Modimo o neng o mo tlogeletse go se itemogelela mo koteng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela