Mokatoliki o a e Ipelela
Thaere ya mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e ne e tswetse mowa mo lefelong lengwe la selegae la Virginia, U.S.A. Go ne go na le ntlo nngwe fa gaufi, mme o ne a kokota fa mojakong. Mmè wa ntlo eo o ne a mo letlelela go tsena gore a founele babaakanyi ba dikoloi. Morago ga moo Mosupi yono o ne a romela lekwalonyana go mo leboga, a tsentse mpho ya sekaelo sa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Se se latelang ke bontlhanngwe jwa karabo e a neng a e amogela:
“Ke tla bua puo phaa fela ke sa go lobele sepe. Ke Mokatoliki. Mme fa mongwe lefa e ka nna mang fela a tla kwa ntlong ya me a tshotse Tora ya Tebelo kana dipampitshana dingwe fela, ke leka gore ke seka ka di amogela Fa ke di patelediwa, ke di latlhela mo selwaneng sa matlakala Bokatoliki bo ne jwa nwediwa mo go nna go tloga fa ke sale ngwana yo monnyennyane.
“Lefa go ntse jalo, ke ne ka kgatlhwa ke buka ya gago ka ntlha ya gore e ne e na le lefoko ‘Paradaise’ mo setlhogong sa yone le ka gonne e ne e balega motlhofo ebile e utlwala. Dipotso tseo di kwadilweng kwa tlase mo ditsebeng di ne di kgothaletsa go e bala, mme ke ne ka kgatlhwa ke ditshwantsho Segolo-bogolo ke ne ke rata tsebe 11 ka gonne ke leka go agela dinonyane le diphologolo paradaise e e ntseng jalo fano. Ke na le kgama, mebutla e mesweu, botshipo, botamoshe, dikgori le dinonyane tsa mefuta yotlhe. . . .
“Ruri o fitlheletse sengwe ka go dira gore Mokatoliki a bale buka ya bodumedi jo bongwe. Ha! Ga ke bone gore a ke tla tsamaya ke sokologela kwa bodumeding jo bongwe. Legale ke e badile buka eo, monna wa me le ene o a e bala jaanong Ke leboga go menagane!”
Buka eno e e molemo e na le ditsebe di le 256, e lekana le makasine ono ka bogolo, mme e tletse ditshwantsho tse di fetang 150, bontsi jwa tsone di na le mmala o montle. Romela R4,50 fela; e potlana ke R2,25.
Tswee-tswee nthomelelang, poso e dueletswe, buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Supa ka go tshwaya lebokoso le le tshwanetseng gore a o batla kgatiso e tona ya R4,50 [ ] kana o batla kgatiso e potlana ya R2,25 [ ], mme o romele madi a a tshwanetseng.