LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/1 ts. 30-31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/1 ts. 30-31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

▪A go botlhale gore Mokeresete yo o swetsweng ke molekane a nne fela a sa nyala/nyalwa a solofetse go boelana le ene mo isagweng?

Abo go molemo jang ne go bo Mokeresete a tshwanetse go ikutlwa a rata molekane wa gagwe le e leng fa motho yoo a sena go swa! Ba bangwe ba ba leng mo boemong jono ba ile ba nna fela ba sa nyala/nyalwa, eseng ka ntlha ya gore ba kgotsofalela go nna ba sa nyala/nyalwa, mme ba solotetse go nyalana gape morago ga tsogo. Lemororo e se gore ga re sisimoge maikutlo a batho ao a dirang gore ba nne le ditsholofelo tse di ntseng jalo, re kgothaletsa batho ba ba ntseng jalo gore ba sekaseke dintlha dingwe tsa Bibela.

Ka sekai, mafoko a a amanang le kgang eno ke ano a ga moaposetoloi Paulo: “Mosadi eo o nyecweñ o golegilwe ka lobaka lo monna oa gagwè o sa tshedileñ ka lōna; me ha monna a shule, o golocwe, o ka nyalwa ke eo o mo ratañ: me e be e le mo Moreneñ hela. Me kaha tshekatshekoñ ea me, o tla bōna boitumelo bogolo ha a nna yaka a nntse.” (1 Bakorintha 7:39, 40) Seno se bontsha gore sebofo sa lenyalo se khutla fa molekane wa motho a swa. E ne e le bopelonomi go bo Modimo a ile a itsise Bakeresete ka ga seno, gonne ka gone batlholagadi ba ka sekaseka ditlhokafalo tsa bone tsa maikutlo le tse dingwe fa ba dira tshwetso ya gore a ba ka nyala/nyalwa kana nnya; ga baa golegelelwa mo mothong yo o suleng.​—1 Bakorintha 7:8, 9.

Lefa go ntse jalo, a Bibela e supa gore batho ba ba tsositsweng ba tla kgona go nyala kana go boela mo lenyalong la bone le mo nakong e e fetileng leo le neng la khutlisiwa ke loso? Go na le tiragalo nngwe eo e lebegang e amana le potso eno. E ne e kopanyeletsa Basadukai bao, lemororo ba ne ba sa dumele le go dumela mo tsogong, ba ne ba tla mo go Jesu ba leka go mo tshwara. Ba ne ba ntsha bothata jono io bo kopanyeletsang go nyalwa ke morwarraagwe monna: “Go kile ga ne go le bomorwa motho ba shupa; me oa ntlha a tsaea mosadi, me a shwa a sena ñwana; Le oa bobedi a mo tsaea mosadi, Le oa boraro a mo tsaea;a le boo ba shupa, ga nna hèla yalo; ba shwa hèla ba sa tlogele ñwana opè. Me moragō mosadi le èna a shwa. Ke gōna, e tla re mo go cogeñ ga bashwi, e tla nna mosadi wa ga mañ mo go bōnè?”​—Luke 20:27-33; Mathaio 22:23-28.

Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao. mme bothata jo bo tshwanang le joo bo ka nna jwa tsosiwa malebana le bone. Ka sekai: Mokaulengwe le Kgaitsadi C——​ ba ne ba nyalane ebile ba na le bana ba le babedi Mme Mokaulengwe a swa. Kgaitsadi C——​ o ne a mo rata mme o ne a mo tlhologelelwa thata, mme o ikutlwa a tlhoka molekane. go tshegediwa ka madi, le go tlhakanela dikobo, le go thusiwa ka bana. Jalo o nyalwa ke Mokaulengwe M——​, go kopana goo go leng kafa Dikwalong fela jaaka ga ntlha. Moragonyana ga moo Mokaulengwe yoo o a lwala a bo a swa. Fa balekane bao ba ntlha ba ne ba tsosiwa ebile go ne go kgonagala gore go nyalwe, o ne a tla nyalwa ke ofe mo go bone?

Tlhokomela ka moo Jesu a neng a araba Basadukai ka gone: “Bana ba lehatshe yeno baa nyala, ba neelwa nyaloñ; Me ba ba kaiwañ ba chwanetse go bōna lehatshe yele, le go coga ga baswi, ga ba nyale, le gōna ga ba neelwe nyaloñ: Le gōna ga ba kake ba tlhōla ba shwa: ka ba chwana le baengele; me ke bana ba Modimo. ka e le bana ba go coga ga bashwi. Me Moshe le ena o shupile . . . ka a bitsa Yehofa, Modimo oa ga Aberahame, le Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe. Aitse ga se Modimo oa bashwi, ha e se oa batshedi hèla; gonne botlhe ba tshelèla ona.”​—Luke 20:34-38; Mathaio 22:29-32.

Ba bangwe ba ile ba akanya gore Jesu fano o ne a bua ka go tsogela kwa legodimong mme leta go ntse jalo go na le mabaka a go dumela gore karabo ya gagwe e ne e le kaga go tsogela ya mo lefatsheng mo ‘tsamaisong ya dilo,’ (NW), e e tlang. Ke mabaka afe a a tshegetsang pono eno? Bao ba neng ba botsa Jesu ba ne ba sa dumele mo go ene kana gone gore ba ne ba itse kaga go tsogela kwa legodimong. Ba ne ba botsa kaga lelapa la Bajuda ba ba kafa tlase ga Molao. Fa Jesu a ba araba o ne a ba lebisa go Aberahame, Isake, le Jakobe, batho bao ba neng ba solofetse go tshela gape mo lefatsheng. (Genesise 42:38; Yobe 14:13-15; bapisa le Bahebera 11:19.) Bagoiogolwane bao ba lotso, le dimilione-milione tsa ba bangwe, bao ba tsosediwang mo lefatsheng ebile ba itshupa ba ikanyega ba tla “chwana le baengele.” Lemororo go kgonagala gore ba swe, ga ba kitla ba a swa fa tela Modimo a sena go ba bolela jaaka basiami gore ba tshele ka bosakhutleng.

Maikutlo a batho gompieno a ka nna a dira gore tshwetso eno e nne boima go e amogela. Mme go tshwanetse ga lemogiwa gore ga go na gope moo Bibela e reng go tsosa ga Modimo bao ba ikanyegang go kaya go tsosolosa seemo sa bone sa go nyalana. Ka gone, ga go na ope yo o dumelang gore fa e le gore Akwila le Peresila ba ile ba bona botshelo kwa legodimong, ba ile ba boela ba nyalana gape. (Ditihō 18:2) Mme Josefa le Maria kwantle ga pelaelo ba tla tshela mo dibakeng tse di sa tshwaneng​—Josefa mo lefatsheng mono mme Maria kwa legodimong. (Yohane 19:26; Ditihō 1:13, 14) Ereka go sena ope wa rona yoo a kileng a tshela kwa legodimong ga re kake ra bolela gore Akwila, Peresila le Maria ba ka ne ba ikutlwa jang koo, lefa go ntse jalo re ka tlhomamisega gore ba kgotsofetse ka botlalo mo tirelong ya bone ya kwa legodimong.

Ka mo go tshwanang ga re ise re ke re bo re tsamaye re tshele jaaka batho ba ba itekanetseng Ka gone ga re kake ra tlhomamisa ka moo re tla ikutlwang ka gone ka dikamano tsa nako e e fetileng fa re bona botshelo jwa batho ba ba itekanetseng mo paradaiseng. Go molemo gore re gakologelwe gore fa Jesu a ne a bua polelo eo e ne e le motho yo o itekanetseng mme ka gone o ne a le mo boemong jo bo botoka go re feta go ka lemoga ka moo bao ba “kaiwang ba tshwanetse go bona tsamaiso ele ya dilo,” (NW), ba ikutlwang ka gone. Gape re ka ikanya gore Jesu o kgona ‘go tlhomogela makoa a rona a ga jaanong pelo.’ (Bahebera 4:15) Jalo fa Mokeresete a fitlhela go le thata go amogela tshwetso ya gore batho bao ba tsositsweng ga ba kitla ba nyala, a ka tlhomamisega gore Modimo le Keresete ba a utlwisisa. Mme a ka nna a leta fela go bona seo se diragalang.

Ga go na lebaka lepe la go otlelela kgang eno go feta tekano ga jaanong. Mopesalema o kwadile jaana: “Itseñ ha Yehofa e le èna Modimo: ke èna eo o re dihileñ, me re ba gagwè; re batho ba gagwè, le dinku tsa bohulo yoa gagwè. . . . mo ntshetseñ malebogō, me lo bake leina ya gagwè. Gonne Yehofa o molemō.” (Pesalema 100:3-5) Modimo wa rona yo o molemo kwantle ga pelaelo o tla tlamela ka mo go lekaneng ka dilo tseo re di tlhokang eleruri fa e le gore re ‘kaiwa re le ba ba tshwanetseng tsamaiso ele ya dilo.’​—Yobe 34:10-12; Pesalema 104:28; 107:9.

Tshiamo ya Modimo gape e bontshiwa ke go re itsise ga gagwe gore loso lwa molekane le khutlisa lenyalo. (Baroma 7:2) Ka gone ope yoo o latlhegetsweng ke molekane a ka itse gore o gololesegile jaanong go ka nyala/nyalwa gape fa seo se lebega se tlhokafala ebile se le botoka. Ba bangwe ba ile ba nyala/nyalwa gape, ka gone ba thusa go tlatsa ditlhokafalo tsa ga jaanong le tsa lelapa la bone. (1 Bakorintha 7:36-38; Baefesia 6:1-4) Ka gone, Mokeresete yoo a tlhokafaletsweng ke molekane wa gagwe ga a tshwanela go ikutlwa a patelesega gore a nne fela a sena molekane jaanong ka ntlha ya go lebelela gore banyalani ba nako e e fetileng ba tla boelana fa ba tsosediwa botshelong gone mono mo lefatsheng mo tsamaisong e e tlang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa Moiseraele a ne a swa pele ga mosadi wa gagwe a tshola ngwana wa mosimane yoo o neng a ka amogela boswa, morwarraagwe monna o ne a tshwanetse go nyala motlhalagadi yoo ka maikaelelo a go nna le ngwana wa mosimane le ene.​—Duteronome 25:5-10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela