LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 5/15 ts. 8-9
  • Morutwa yo o sa Solofelwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Morutwa yo o sa Solofelwang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morutwa Yo O Sa Solofelwang
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O na Le Maatla a go Leleka Madimona a le Mantsi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Maatla go Feta Madimona
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • A Ruri Badimona ba Teng?
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 5/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Morutwa yo o sa Solofelwang

ABO e le pono e e tshosang jang ne fa Jesu a tswa mo mokorong! Banna ba babedi ba ba bogale jo bo sa tlwaelesegang ba tswa mo diphupung tse di gautshwane mme ba bo ba mo sianela. Ba na le badimona. Ereka mongwe wa bone go bonala a tletse bothubaki thata go feta yo mongwe ebile a bogile lobaka lo loleele ka ntlha ya badimona, ke ene yo o lebilweng thata.

Ka lobaka lo loleele monna yo o tlhomolang pelo yono o ntse a nna mo diphupung a sa apara. Ka dinako tsotlhe, bosigo le motshegare, o goa le go itshegaka ka matlapa. O tletse bothubaki mo e leng gore ga go ope yo o nang le bopelokgale jwa go feta mo tseleng eo. Go ile ga dirwa boiteko jwa go mmofa, mme o kgaola dikeetane le go roba ditshipi a di ntsha mo maotong a gagwe. Ga go na ope yo o nang le maatla a go mo tshwara.

Jaaka monna a atamela Jesu mme a wela fa tlase ga dinao tsa gagwe, badimona ba ba mo go ene ba mo dira gore a goe jaana: “Ke dihañ ka wèna, Yesu. Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke gu ikanisa ka Modimo, u se ka ua ntlhokohatsa.”

“Cwa mo monneñ eo, mōea o o mashwè ke wèna,” Jesu a tswelela a rialo. Mme go tswa foo Jesu o botsa jaana: “Leina ya gago, ga twe, u mañ?”

“Leina ya me ke Mophatō; gonne re bantsi,” o fetola jalo. Badimona ba kgotsofadiwa ke go bona dipogisego tsa bao ba kgonang go nna mo go bone, go bonala fa ba kgatlhwa ke go ipopa ditlhopha mo go bone ka mokgwa wa bogatlapa wa lekoko. Mme fa ba kopana le Jesu, ba kopa gore a seka a ba isa mo moleting. Gape re bona thata e kgolo e Jesu a neng a na le yone go fenya le e leng badimona ba ba setlhogo. Seno gape se senola gore badimona ba itse gore kwa bofelong Modimo o tla ba atlhola gammogo le moeteledipele wa bone, Satane Diabolo ka go ba isa mo moleting.

Serapa sa dikolobe tse di ka nnang 2 000 di fula gautshwane mo thabeng. Ka gone badimona ba re: “Mma re eè mo dikolobeñ, gore re tsènè mo go oōna.” Go bonala fa badimona ba na le mofuta mongwe o e seng wa tlholego, wa go itumedisiwa ke go bogisa ka go tlhasela mebele ya ditshidi tsa senama. Fa Jesu a ba letlelela go tsena mo dikolobeng, tsotlhe tse 2 000 tsa tsone di phadimoga di be di nwela mo lewatleng go tswa fa go leng legaga teng.

Fa ba ba disitseng serapa seo ba bona seno, ba sianela kwa motseng gammogo le naga e e ba dikologileng go bega dikgang. Ka ntlha ya seo, batho ba tswa ba tla go bona se se diragetseng Fa ba goroga, ee, monna yole yo badimona ba duleng mo go ene, o apere o itekanetse sentle mo tlhaloganyong, o ntse fa dinaong tsa ga Jesu!

Ba ba boneng ka matlho ba bolelela batho ka mo monna a ileng a fodisiwa ka gone. Gape ba bolela kaga loso lo lo gakgamatsang lwa dikolobe. Fa ba utlwa seno, batho ba tlelwa ke poifo e kgolo, mme ba kopa Jesu thata gore a tswe mo nageng ya bone. Ka gone o a dumela mme o palama mokoro. Yo o neng a na le badimona pele o kopa Jesu go mo letlelela go tsamaya le ene. Mme Jesu o mmolelela jaana: “Ea kwa ga eno kwa ditsaleñ tsa gago, u ba bolèlèlè dilō tse dikgolo tse Morèna o di gu dihetseñ, le yaka a gu tlhomogetse pelo.”

Ka metlha Jesu o laela ba a ba fodisitseng gore ba seka ba bolelela ope. ereka a sa batle gore batho ba dire diphetso mo motheong wa dipego tse di tsosang dikgang. Mme go bo a sa dire jalo jaanong go tshwanetse ka ntlha ya gore monna yo o neng a na le badimona pele o tla bo a neela bosupi mo gare ga batho ba Jesu jaanong go bonalang a tla seke a bona sebaka sa go ba fitlhelela Mo godimo ga moo. go nna gone ga monna yoo e tla nna bosupi kaga thata ya ga Jesu ya go dira tiro e e molemo, e e ganetsanang le pego epe e e sa siamang e e ka nnang ya gasiwa mabapi le tatlhegelo ya serapa sa dikolobe.

Tumalanong le taolo ya ga Jesu, yo o neng a na le badimona o a tsamaya. O simolola go bolela gotlhe mo Dikapolise dilo tsotlhe tse Jesu a di mo diretseng. mme batho ba gamarega fela. Mathaio 8:28-34; Mareko 5:1-20; Luke 8:26-39; Tshenolō 20:1-3.

◆ Gongwe, ke ka ntlha yang, fa go ne go lebilwe thata ele mongwefela wa ba le babedi ba ba neng ba le gone ba ba nang le badimona?

◆ Ke eng se se supang gore badimona ba itse kaga go tsenngwe mo moleting mo isagweng?

◆ Ke eng go bonala e kare badimona ba rata go nna mo bathong e mo diphologolong?

◆ Ke eng fa Jesu a ne a dira o o neng a na le badimona ka mo go farologaneng, a mo aela go bolelela ba bangwe kaga se a se mo diretseng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela