Batho ba ba Itumetseng—Ka Ntlha Yang?
BAKERESETE ba boammaaruri gompieno ke batho ba ba itumetseng. Kana ebile tota, re direla “Modimo o o itumetseng,” Jehofa. (1 Timotheo 1:11, NW) O re neela moya wa gagwe, mme loungo lwa moya oo ke boitumelo.—Bagalatia 5:22.
Boitumelo jo bo ntseng jalo jo bo boteng ga bo fetoge bo bile bo kgona go emelelana le kgatelelo. Ka sekai, Jesu Keresete o ne a tlhokofadiwa ke go bapolwa le ke ditlhong tsa go bolawa jaaka motlhapatsa-Modimo. Lefa go le jalo, “ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō.” (Bahebera 12:2) Jesu o ne a itse gore kwa pele ga gagwe go ne go na le dipaka tse di molemo le ditshiamelo tse di amanang le tirelo ya gagwe go Jehofa. Go akanya ga gagwe ka ditshiamelo tseno tsa isagwe go ne ga mo thusa go nna a itumetse lefa a ntse a boga.
Jesu o batla gore barutwa ba gagwe le bone ba itumele. O ne a re: “Dilō tse ke di buile le lona, gore boitumèlō yoa me bo nnè mo go lona, le gore boitumèlō yoa lona bo dihalè.” (Yohane 15:11) Seno se supegile se ntse jalo ka Basupi ba ga Jehofa gompieno. Go na le mabaka a mantsi a go bo re le batho ba ba itumetseng. Re itse boammaaruri, jo bo re golotseng mo botshwarong jwa tumela-botlhodi le ditumelo tsa bodumedi tsa maaka. (Yohane 8:32) Gape le gone, re itse fa re leng teng mo thulaganyong ya nako re bile re ipelela tsholofelo ya poloko e e tlogang e diragadiwa. (Luke 21:28) Gape re sireletsegile mo mathateng a mantsi—gareng ga ao go leng malwetsi a dikobo a a tshelanwang—ao ba ba sa diriseng boitsholo jo bo thailweng mo Bibeleng ba lebaneng nao. Re itumelela bokopano jo bo molemo thata-thata le batho ba ba kgatlhegelang go dira thato ya ga Jehofa. Ee, gape re na le tshiamelo e e molemo thata ya go arola mo go reriweng ga mahoko a a molemo a Bogosi le go dira barutwa ba batho ba seka-dinku.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
Mme lemororo se se ntse jalo ka Basupi ba ga Jehofa ka kakaretso, go tweng ka wena ka bongwe? Ke ka ntlha yang fa go ka twe o na le lebaka la go ipela gammogo le batho ba bangwe ba ga Jehofa?
Go Bona Boitumelo mo Tirong ya Boefangele
Bangwe ba bona go le thata go tshwarega mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Gongwe ga ba na sebete sa go atamela batho ba ba sa ba itseng le go simolola motlotlo. Kana gongwe ba ka ikutlwa fela ba tlhaela fa go tla mo go ruteng ba bangwe. A le wena ka dinako tse dingwe o tlo o ikutlwe jalo? Fa go ntse jalo, o ka bona jang boitumelo mo tirong ya boefangele?
Santlha-ntlha, nna le boikutlo jo bo tlhamaletseng. Batho ba le bantsi ba ka itumela thata go thapiwa ke motlotlegi mongwe kana rapolotiki yo o itsegeng thata. Mme abo re tshwanetse go nna le boitumelo jo bogolo jang ne mo go dirisiweng ke “Kgosi e e nntseñ hèla e sena tshimologō leha e le bokhutlō,” Jehofa Modimo ka boene!—1 Timotheo 1:17.
Gakologelwa gape gore, tiro eno ke e e se kitlang e boelediwa. A ko o akanye fela! Baengele ka bobone ba goga le go kaela Bakeresete mono mo lefatsheng mo maitekong a bone a go batla batho ba seka-dinku. (Tshenolō 14:6) A seno ga se itumedise pelo ya gago?
Go Bona Boitumelo mo Koketsegong ya Bogosi
Lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go nna le pono e e tlhamaletseng mo tirong ya go rera ke phelelo e ntle e e nang le yone. Bibela e boleletse-pele gore: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isaia 60:22) Tsholofetso eno ya ga Jehofa e ile ya diragadiwa mo metlheng ya bosheng. Ka sekai, mo ngwageng wa tirelo wa 1986, ba ba 225 868 ba ne ba kolobediwa ba supa boineelo jwa bone jwa moya otlhe go Jehofa Modimo. Go nnile le koketsego ya 6,9 lekgolong mo palogareng ya bao ba arolang mo go anamisetseng ba bangwe boammaaruri jwa Bibela.
Kwantle ga pelaelo koketsego eno e lemotshega mo phuthegong kana potologong ya gaeno. Ba basha ba tla dipokanong le go dira diphetogo tse di tlhokafalang mo matshelong a bone e le gore ba tle ba kgone go direla Modimo. A seno ga se supe boammaaruri jwa gore tiro ya go rera e segofadiwa ke Jehofa? Ka gone go nna le karolo mo koketsegong eno e ka nna motswedi wa boitumelo jo bogolo mo go wena. Ke boammaaruri, wena ka bowena o ka ne o ise o ithute le motho go fitlhelela a kolobediwa. Mme legale re ka seka ra itlotlomatsa ka go lere mongwe mo boammaaruring. ‘Modimo o a ungwisa,’ Paulo a rialo. (1 Bakorintha 3:6-9) Maloko otlhe a phuthego a arola mo go thuseng batla-bosheng. Jang? Ka go nna gone kwa dipokanong, go akgela, go dumedisa batla-bosheng ka kamogelo e ntle, le go itshwara ka tsela eo e dirang gore boammaaruri bo ikuele.
Lefa go ntse jalo, boitumelo jo bogolwane bo ka bonwa fa o arola ka tlhamalalo mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo le tiro ya thuto ya legae ya Bibela. Ngogola, go ya ka palogare, go ne ga tsamaisiwa dithuto tsa beke le beke tsa Bibela di le 2 726 252. Goreng re sa dire boiteko jo bo oketsegileng go arola mo tirong eno e e itumedisang? Laleletsa mongwe yo o mo itseng thuto ya Bibela, gongwe moagelani wa gago kana mongwe yo o mo tsamaiseditseng buka. Kopa thuso mo go Jehofa mo go boneng motho yo o ntseng jalo wa seka-nku.
Go Fenya Dikgoreletsi tsa Boitumelo
Ee gone, fa motho a ikutlwa a tlhaela mo go ruteng ba bangwe, seno e ka nna sekgoreletsi sa mmatota mo go boneng ga gagwe boitumelo mo bodiheding jwa tshimo. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore ‘go kgona ga rona ka botlalo go tswa Modimong.’ (2 Bakorintha 3:5) Mme ka phuthego ya gagwe Jehofa o re neetse dithuso di le dintsi tse di molemo thata go re thusa go tshwanelega jaaka badihedi ba ba duleng diatla.
Santlha-ntlha, go na le ba bantsi gareng ga rona ba ba sa bolong go direla Modimo ka lobaka lo loleele ba bile ba na le boitemogelo jo bogolo mo bodiheding jwa tshimo. Re ka inaakanya le badihedi bano ba ba nang le boitemogelo mo tirong ya bone mme ra ithuta mo go bone. Go feta moo, kgwedi le kgwedi go tlhaga dikakantsho tse di molemo go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gape go na le kgatiso ya Go Fetolana ka Dikwalo, eo e nang le letlotlo la boikitsiso go lootsa botswerere jwa rona jwa go rera. Dirisa didirisiwa tseno o bo o ipaakanyetse bodihedi jwa tshimo fela thata-thata. Akanyetsa ditsela tse disha le tse di kgatlhisang tsa go ikitsise fa o tsena mo tlung. Kana seka-seka ditsela tse di farologanyeng tsa go gogela mong wa ntlo mo motlotlong. Fa o ntse o tswelela-pele mo tshimong, kwantle ga pelaelo, matlhaga-tlhaga a gago le boitumelo mo go rereng a tla oketsega.
Bodihedi bo itumedisa thata fa re kgona go bua le batho. Mo masimong a mangwe go a dumelesega gore seno ke bothata. A o ka rulaganyetsa go arola mo tirelong ya tshimo ka nako eo batho ba bantsi ba leng kwa gae, jaaka mo phirimaneng? Ba le bantsi ba bona go dira jalo go na le matswela tota. Gape o ka nna wa simolola go bua le batho gongwe le gongwe kwa ba ka bonwang teng—mo mebileng, ba ntse mo ditilong tsa diparaka, ba tlhatswa dikara tsa bone. Gakologelwa gore batho ba batla boammaaruri le gore matshelo a a kopanyelediwa. Seno se ka go thusa go go kgoromeletsa go fenya ditshekamelo tsa go tlhabiwa ke ditlhong. Lemororo go le boammaaruri gore bontsi jwa batho ga bo na go arabela sentle, bao ba dirang jalo ba re itumedisa fela thata.
Lefa go ntse jalo, nngwe ya dithuso tse dikgolo tsa go nna re itumetse ke thapelo. Kopa Jehofa moya wa gagwe go go nonotsha le go go kgothatsa. Paulo o ne a re: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” (Bafilipi 4:13) Le rona re ka ikutlwa ka tsela eo, jaaka re ithuta go ikaega thata ka mo go oketsegileng ka Jehofa.
Go Itshoka Re le Batho ba ba Itumetseng
Batho ba le bantsi ga ba anaanele tiro ya rona. Jesu o ne a lemoga gore go ne go tla nna jalo. Jalo fa a ne a romela balatedi ba gagwe go ya go rera, o ne a ba gakolola jaana: “Me leha e le bomañ ba ba se ketlañ ba lo chola, leha e le go reetsa mahoko a lona, e re lo cwa mo tluñ euō, kgotsa mo motseñ ouō, lo itlhotlhorè dithole mo dinaoñ tsa lona. . . . Bōnañ, ke lo roma yaka dinku mo gare ga diphiri: ke gōna lo nneñ botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi.” Gape Jesu o ne a re: “E e leñ meriri tōta ea ditlhōgō tsa lona e badilwe eotlhe hèla. Ke gōna se boiheñ.”—Mathaio 10:11-16, 30, 31.
Mafoko ano a re thusa go itshoka ka boitumelo. A re thusa go lemoga gore fa re kopana le batho ba ba sa anaaneleng maiteko a re a ba direlang, re santse re itsise leina la ga Jehofa; re santse re mmaka. (Pesalema 100:4, 5) Ka mo go kgatlhisang, beng ba matlo bao ka dinako tse dingwe ba ganang go re bulela ba utlwilwe ba raya ba bangwe ba re: “E ne e le Basupi ba ga Jehofa.” Ee, kwantle ga go bo re buile sepe, leina la ga Jehofa le galaleditswe, mme batho ba neetswe sebaka sa go amogela kana go gana boammaaruri. (Mathaio 25:31, 32) Jalo, le eleng masimo a a sa arabeleng sentle a ka itshokelwa ka boitumelo.
Mo godimo ga moo, ga re nke re itse gore batho bano ba tla fetola leng boikutlo jwa bone. Letsatsi lengwe, mosadi mongwe yo o neng a kobile kgaitsadi wa Mokeresete kwa ntlong ya gagwe makgetlo a le mantsinyana o ne a botsa kgaitsadi gore a o ne a na le dibuka dingwe tse disha. Kgaitsadi o ne a gakgamala a bo a akgela ka gore mosadi yo o ne a ise a ko a amogele dibuka tsa Bibela pele. Mosadi o ne a tlhalosa gore monna wa gagwe o ne a bereka le monna mongwe yo o neng a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Monna yoo o ne a ba file nngwe ya dikgatiso tsa Watch Tower Society. Ka go batla go itse, mosadi yoo o ne a e badile mme o ne a lemogile fa molaetsa wa yone e le boammaaruri. Jalo a dira phetso gone fela foo gore fa Mosupi mongwe a mo etela nako e e tlang o ne a tla mo amogela. Go ne ga simololwa thuto ya legae ya Bibela, mme mosadi moragonyana o ne a nna Mosupi yo o ineetseng wa ga Jehofa!
Ka gone re na le tshiamelo e e molemo—tshiamelo e e itumedisang—ya go bolela molaetsa o o leng one fela wa tsholofelo mo lefatsheng. Mme tiro ya go rera ke kabelo e Modimo a e re neetseng mo malatsing ano a bofelo. E tshwanetse go dirwa pele ga bokhutlo bo tla. (Mathaio 24:14) Go setse lobaka lo le kae pele ga bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane e e boikepo? Re itse gore bokhutlo ga bo na go diega. (Bapisa Habakuke 2:3.) Mo nakong e e setseng, go santse go na le nako ya gore ba bangwe ba ithute boammaaruri. A re soleng molemo nako eno e e setseng mme re dire tiro ya rona ya go rera ka bonatla. Gape a re nneng le boikutlo jo bo tlhamaletseng, re bereka thata gore re tle re ‘ipoloke re be re boloke ba ba re utlwang.’ (1 Timotheo 4:16) Ka go dira jalo, re tla nna re le batho ba ba itumetseng re arola mo koketsegong ya Bogosi.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Tiro ya rona ya boefangele ke motswedi wa boitumelo jwa boammaaruri—le eleng fa batho ba sa arabele molaetsa wa Bogosi sentle