LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 1/1 ts. 3
  • Bolelang Kgololesego!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bolelang Kgololesego!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa O a Re Golola
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Jubile ya ga Jehofa—Motlha wa Gore re Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Kagiso e e Tswang Modimong—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 1/1 ts. 3

Bolelang Kgololesego!

MOTHO yo o digetseng palo ya dimilione tse di dikete tse tlhano mo lefatsheng go bolelwa a ne a tsholwa ka July 7, 1986. Ke mofuta ofe wa isagwe e motho yono yo o digetseng palo ya dimilione tse di dikete tse tlhano, tota le e leng batho botlhe, ba lebaneng le yone? A go ka kgonega gore dikete tsa dimilione tsa batho ba ka itumelela kgololesego ya boammaaruri letsatsi lengwe? Ka tumelo, ra re ee. Mme re tshwanetse go tlhaloganya eng ka “kgololesego”? A go raya tetla ya go dira sengwe le sengwe se motho a se batlang? Nnyaa, ereka jaaka mokwadi wa dibuka wa lekgolo la bo-19 la dingwaga Charles Kingsley wa Moesemane a ne a kwala a re: “Go na le dikgololesego di le pedi, ya maaka e motho a gololesegileng go dira seo a se ratang, le ya boammaaruri e motho a gololesegileng go dira se se tshwanetseng.”

Motho o tla bona kgololesego ya boammaaruri fela ka go dira “se se tshwanetseng.” Mme ke eng se a tshwanetseng go se dira? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhalosa ka motlhofo fela gore go na le melao e le mebedi e megoloss​—wa ntlha, motho go rata Modimo ka pelow ya gagwe yotlhe, le ka moya otlhe, le ka tlhaloganyo yotlhe, le ka thata yotlhe, mme lwa bobedi, motho go rata moagelani wa gagwe jaaka a ithata. (Mareko 12:29-31) Kgololesego ya boammaaruri e ka bonwa fela ke bao ka boammaaruri ba bontshang lorato leo la mmannete​—lorato lwa Modimo le la batho ba bangwe.​—Yohane 8:31, 32.

A lefatshe gompieno le bontsha mofuta o o ntseng jalo wa lorato? Ka maswabi, nyaa. Kwantle ga lorato, mofuta wa kgololesego ya maaka oa rena. O ntshetsa kwantle moya wa bogagapa le wa boitaolo. O tatalalela mo go ‘itireleng boithatelo,’ o sena sepe le Modimo kana moagelani. Moya ono o gola go tswa mo mothong go ya masikeng, lotso, le merafe. Fa fela boikutlo jwa semphete-ke-go-fete bo santse bo le gone, motheo ope wa kgololesego, kagiso epe, boitumelo bope mo lefatsheng leno, di tshwanetse go nna tse eseng tsa sepe. Gakologelwa, Jesu o ne a re, “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” Lorato lo lo ntseng jalo lwa boagelani le a tlhokafala mo go itumeleleng kgololesego ya boammaaruri.

Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ne la direlwa go golola setho go dirwa jalo ka go tlisa “kagiso le polokesego” mo boemong jwa sebetso sa ntwa. Mo ngwageng ya lone ya bo-40, UN e ne ya bolela 1986 go nna Ngwaga wa Kagiso ya Merafe-rafe. A mme seno se ne sa tlisa kgololesego ka ditlhomamisetso tsa kagiso? A ditshenyegelo tse di tshosang tsa dibetsa (tse jaanong di fetileng R2,2 bilione ka ngwaga) di fokoditswe? A borukhutlhi le go thuntshiwa ga dikoloi ka dibomo go fokotsegile? A dipolao tse di dirwang ke bodumedi mo Northern Ireland, Botlhaba-Gare, le Asia di fedisitswe? Baeteledipele ba bodumedi ba tsena mo dipolotiking le go bua thata ka kagiso. Mme go bonala gore lephoi la kagiso ya boammaaruri le fofetse kgakala mo le ka sekeng le tshwarwe ke UN le bodumedi jwa lefatshe.

A gona le setlhopha sepe gompieno se se tlogetseng ditsela tsa thubakanyo tsa, semphete-ke-go-fete? Ee, se teng! “Kgōsana ea Kagishō” yo o boleletsweng pele, Jesu Keresete, o ile a phutha bano ‘go tswa mo ditsong tsotlhe, dipuo, batho, le merafe.’ (Isaia 2:3, 4; 9:6, 7; Tshenolō 5:9; 7:9) Baa itumela ka gore Bogosi jwa Modimo ka Keresete bo tloga bo phimola bosula jotlhe le go tlisa paradaise ya kagiso mo lefatsheng lotlhe, koo kgololesego ya boammaaruri e tla nnang gone. Setlhopha seno se itsege jaaka Basupi ba ga Jehofa. (Daniele 2:31-35, 44; Isaia 43:10, 12; 65:17-25) Ka kutlwano, Bakeresete bano ba tlhakanela mo go boleleng ka boitumelo jo bo boleletsweng pele ke dikarolo tsa thulaganyo ya Jubile tse di neng tsa bolelelwa pele mo Iseraeleng wa bogologolo. Mo go lengwe le lengwe la mafatshe a a 200 kana go feta go dikologa lefatshe, ka boipelo ba utlwa taolo ya Modimo e e reng: “Lo bolèlè kgololègō mo lehatshiñ yeotlhe, ea banni botlhe ba yeōna.” (Lefitiko 25:10) A o ne wa utlwa le go reetsa kgoeletso eo ya boitumelo jo bogolo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela