Meneelo E e Itumedisang Pelo
MO LEBOKOSONG le le fa tlase go na le dikai tsa makwalo a a kgobokanyang madi a a romelwang ke ditumelo tsa La-Bodumedi. A o a fitlhela a lapolosa? Le eseng! Lefa go le jalo, madi a tlhokafala ka ditsela tse dintsi gompieno go thusa go atolosa bodumedi jo Modimo o bo amogelang. Ka jalo phuthego ya Bokeresete e bona madi jang gore e tle e kgone go dira go rata ga Modimo?
Karabo e ka bonwa ka go tlhatlhoba mekgwa ya phuthego ya Bokeresete ya lekgolo lantlha la dingwaga gammogo le mafoko a Mothei wa yone, Jesu Keresete. “Naeañ, me lo tla nèwa,” Jesu o gakolola jalo mo go Luke 6:38. “Selekanyō se se molemō, se se katecweñ, se se tsikitledicweñ, se se penologañ, batho ba tla se lo naea mo dihubeñ tsa lona. Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.” Abo setshwantsho seo se ne se tshwanela jang ne mo ditsebeng tsa bareetsi ba ga Jesu ka nako eo. Diaparo tsa bone tsa kwa Botlhaba di ne di na le dikgetse tse di rokeletsweng tsa go tshola kana go boloka dilo. Lefoko “sehuba” (ka Segerika, kolʹpos) le raya kgetse e e dirwang ka momeno wa seaparo se se lepeletseng fa godimo ga lebante, mme mo kgetseng e barekise ba ne ba tsenya dithoto tse di kadilweng tse di rekilweng.
Ke bagwebi ba le kae ba ba neng ba ka katela kwa tlase le go tshikinya dithoto tseo e le gore go tle go tsene di le dintsi mo seaparong sa moreki, le e leng gore go be go batle go tshologa? Ke ba sekae fela, fa e le gore ba ne ba le teng! Lefa go le jalo, Bakeresete, ka meneelo ya bone ya bopelotlhomogi go bao ba tlhokang ba tla duelwa mo gogolo ka boutlwelo-botlhoko. Selekanyo seo re tshwarang ba bangwe ka sone, e ka tswa e le sa go fa kana sa bohula, se dirisiwa go lekanya seo re tla se robang kwa bofelong, eseng fela go tswa mo bathong mme, bogolo-bogolo, go tswa kwa go Jehofa Modimo.—Bapisa 2 Bakorintha 9:6; Bagalatia 6:7.
Jesu, o ne a itemogela tirafatso ya molaomotheo o, ka go ineela kwantle ga tlhwatlhwa epe le dilo tsa gagwe. E ne e le motho yo o fang. O ne a rerela bahumanegi mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka tlhagafalo le kwantle ga go ikgopola. O ne a sa duedise batho dilo tse a neng a di ba direla lefa e le go solofela go duelwa ka tsela nngwe. Lefa go le jalo ga sa ise a ke a tlhoke sepe. Ka go ithaopa, batho ba ne ba tshegetsa bodihedi jwa gagwe ka bopelotshweu.—Luke 7:22; 8:1-3.
Go fa ga ga Jesu go ne ga tlhotlheletsa ba bangwe—Simone Petere, Jakobe, Johane, le ba bangwe ba ba 12—go bontsha bopelotshweu jo bo tshwanang ka go tlogela dilo tsotlhe gore ba nne le seabe mo bodiheding (Luke 5:10, 11; 9:1-6) Mofuta o o ntseng jalo wa moneelo o ntsha matswela a a tshwanang gompieno. Basupi ba ga Jehofa ba neelana ka nako ya bone, maatla a bone, le ka dithata tsa bone gore ba bangwe ba tle ba utlwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Matswela e nne gore, jaaka ba bontsha bopelotshweu ka go rera, le ba bangwe ba a tlhotlheletsega go supa bopelotshweu ka go tlhakanela le bone mo go anamiseng mafoko a a molemo.—Diane 11:25.
Lefa go ntse jalo, go na le sengwe gape se se nametsang kwantle ga moneelo o re o ntshang wa thero. Go ntsha moneelo wa madi ka tlhotlheletso e e phepa le ka mabaka a a siameng le gone ke bontlhanngwe jwa kobamelo ya rona ya boammaaruri (2 Bakorintha 9:9-14) Se se ne se dirwa jang ke Bakeresete ba lekgolo lantlha la dingwaga?
Ka moo Bakeresete Bantlha ba Neng ba Dira ka Gone
Mo letsatsing lantlha la go simologa ga phuthego ya Bokeresete ka ngwaga wa 33 C.E., go abalana dijo le merapelo’ go ne ga dirwa ke batho ba le 3 000 ba ba kolobeditsweng ba ba neng ba le basha go sokologa. E le ka lebaka lefe le le utlwalang? Go ba kgonisa go tiisa tumelo ya bone e e santseng e le nnye thata ka go ‘nnela ruri mo thutong, le mo bongweheleng le baaposetoloi.’—Ditihō 2:41, 42.
Bajuda le basokologi ba ne ba tlile mo Jerusalema ka maikaelelo a go tsenelela Moletlo wa Pentekosete fela. Mme ba ba neng ba nna Bakeresete ba ne ba eletsa go nna lobaka lo loleelenyana le go ithuta go le gontsi go nonotsha tumelo ya bone e ntšha. Se se ne sa tsosa mathata a tshoganetso a dijo le borobalo. Bangwe ba baeti ba ne ba sa tshola madi a a lekaneng, mme ba bangwe ba ne ba na le a a fa thoko. Ka jalo go ne ga kgobokanngwa dithuso ka nakwana mme tsa tloga tsa abelwa ba ba tlhokang.—Ditihō 2:43-47.
Go ne go rulaganngwa jang go fepiwa le marobalo a bone? Baaposetoloi, ba dira jaaka setlhopha se se laolang, ba ne ba okametse go phuthwa le go abiwa ga dithoto tsa meneelo. Ka jalo, sekao santlha sa phuthego ya Bokeresete se bontsha maloko a yone a sa akanye gore dilo tsa bone tse di bonalang ke tsa bone fela mme ba di tsaya jaaka sengwe se se ka dirisiwang molemong wa phuthego yotlhe. (Ditihō 2:44; 4:32) Mo godimo ga moo, “botlhe ba ba nañ le masimo kgotsa matlo, ba a rekisa, me ba tlisa madi a dilō tse di rekisicweñ, Me ba a baea ha dinaoñ tsa baaposetoloi: me ga abèlwa moñwe le moñwe, kaha o tlhōkañ ka gōna.”—Ditihō 4:34, 35.
Go rekisiwa ga dithoto le kabalano ya dilo tsotlhe e ne e le ga boithaopo. Go ne go sa patelediwe ope go rekisa kana go ntsha moneelo; le gone se e ne e se go rotloetsa lehuma. Kakantsho e e ntshitsweng ga se ya gore maloko a a humileng a ne a rekisa dithoto tsotlhe tsa bone mme ba bo ba humanega. Boammaaruri ke gore, ka ntlha ya go amega ga bone ka badumedi-ka-bone ba ba neng ba le kafa tlase ga seemo seo ka nako eo, ba ne ba rekisa dithoto mme ba neelana ka dipoelo gore go tle go batliwe se se neng se tlhokafala mabapi le dikgatlhego tsa Bogosi.—Bapisa 2 Bakorintha 8:12-15.
Ka mo go tshwanang gompieno, batho bangwe ba ne ba neela Watch Tower Society dithoto tsa bone kana ba kwala mokgatlho oo mo diwiling tsa bone, ka tsela e e ntseng jalo ba neela tetla Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa madi go dirisiwa kwa tlhokafalo ya Bogosi e leng kgolo teng. Meneelo yotlhe e e tshwanang le eo e thusa mo go anamiseng go tlhaloganya dilo tsa semoya fela jaaka ka Pentekosete. Mme tsotlhe tse ga se tse di pateletsang.
Go Ntsha ka Metlha go Botlhokwa Thata
Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola phuthego ya Korintha ka tlhokafalo ya moneelo mongwe, mo e ka nnang dingwaga di le 20 morago ga Pentekosete ya 33 C.E. O kwala jalo. “Me yana, kaga madi a a phuthèlwañ baitshepi, yaka ke laotse diphuthègō tsa Galatia, le lona lo dihè yalo,” go tswa foo a ba a oketsa ka kgakololo e se kae: “E re ka letsatsi ya ntlha ya weke, a moñwe le moñwe oa lona a beèlè señwe ha thokō, kaha o bonyeñ go bapala ka gōna, gore e tle e re ke tla, go bo go sa tlhole go na le go phutha. Me e tla re ke hitlha, ba lo tla ba kaeañ ka dikwalō, go re ba chwanetse, ke bōnè ba ke tla ba romañ, ba isa dikacō tsa lona kwa Yerusalema.” Mabapi le gore meneelo e ka nna bogolo jo bokae go lebega e ne e le selo se se akaretsang lelapa lotlhe, le ka tswa le humile kana le humanegile, ereka e ne e tshwanelwa ke go nna mo ‘matlong’ a bone.—1 Bakorintha 16:1-3.
Kakantsho ya ga Paulo mo mokgweng wa go ntsha moneelo e ka dirisiwa ke maloko a phuthego gompieno. Jang? Go ntsha ka metlha ke selo sa botlhokwa thata. Fa phuthego ya ga eno e na le go duela rente le ditshenyegelo kgwedi le kgwedi tsa lefelo la bokopanelo kana Holo ya Bogosi, go tla tlhokafala “go ntshiwa ga moneelo, go sa bewa selekanyo, mme e le go beela dikgatlhego tsa Bogosi sengwe fa thoko beke le beke kana kgwedi le kgwedi,” go kwadile jalo ofisi ya lekala mo Peru. A mogopolo oo o ikuela mo go wena? Le e leng bana ba ka rutwa go anaanela gore go ntsha moneelo ka metlha ke karolo ya kobamelo ya bone e e itshekileng.
Ka gone, fa meneelo e dirwa ka tlhotlheletso e e phepa le ka lebaka le le siameng, e itumedisa pelo ya Modimo le ya motho. 2 Bakorintha 9:7 e tlhalosa jaana: “A motho moñwe le moñwe a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō: gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.”
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Mekgwa e e Dirisiwang ke La-Bodumedi
“Ke romilwe ke Morena go go kwalela lekwalo le . . . Ke ne ke ka seke ke kwale lekwalo le le ntseng jaana gope fa Modimo a ne a sa bua le nna go go kwalela lekwalo le le go go bolelela gore fa o ne o ka romela R50.00 ka bofefo go nthuse gone jaanong o ne a tla go segofatsa ka tshegofatso eo o iseng o e bone gope.”—Lekwalo le le akaretsang le le tswang kwa moruting mongwe wa Canada le saennwe, “Moruti wa gago le Molekane.”
“Khurumolola Lookwane lono lo lo Tlotsang lo lo Boitshepo, (o seka wa senya lefa e le lerothodi). Jesu o mo lookwaneng lo lwa tumelo. Tshwaya sefapaano mo phatleng ya gago ka lone, mme ka tumelo o tsene mo kamoreng ya gago o le nosi mme o ntshe madi otlhe ao o nang le one o bo o tshwaya sefapaano mo mading mangwe gore Modimo a fedise mathata a gago a madi, le go a ntsifatsa jaaka mo go Luke 6:38. . . . Fa o tlola madi a o nang le one ka lookwane lono lo lo tlolang lo lo boitshepo, o tlole madi mangwe le mangwe a o nang le one. Tshwaya sefapaano mo mading mangwe le mangwe. Go tswa foo, madi a magolo a o nang le one, fa e le $20,00, $10,00, kana $5,00, a tshwaye sefapaano ka lookwane lo lo tlolang mme o a romela kwa tirong ya Modimo.—Lekwalo le le akaretsang le le tswang kwa go “moruti” mongwe mo United States le saennwe, “Moperofeti wa Modimo ka dingwaga tse 30.”
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Ka Moo Bangwe ba Ntshetsang Tiro ya Bogosi Meneelo ka Gone
◆ DIMPHO: Meneelo ya madi e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740. Dithoto le tsone di ka ntshiwa moneelo. Lekwalo le lekhutshwane le le bolelang gore moneelo oo ke wa boithaopo le tshwanetse go tsamaya le meneelo eo.
◆ THULAGANYO YA MENEELO E E NANG LE MABAKA: Madi, disetoko, dibonto, le dithoto di ka neelwa Watch Tower Society ka mabaka a gore mo nakong ya fa mong a di tlhoka, a di busediwe. Thulaganyo e e ntseng jaana e fokotsa ditshenyegelo le diketsaetsego fa wili e simolola go dira, fa go tlhomamisiwa gore Mokgatlho o tseye dithoto fa mong a sena go tlhokafala.
◆ INŠORENSE: Watch Tower Society e ka nna ya umakiwa jaaka yone e e tla solegelwang molemo ke inšorense ya botshelo. Dipolokelo tsa rona tsa banka le tsone di ka nna tsa bewa mo tlhokomeleng ya Mokgatlho. Mo kgannyeng nngwe le nngwe, Mokgatlho o tshwanelwa ke go itsisiwe.
◆ DIWILI: Dithoto kana madi di ka solofediwa Watch Tower Society ka thulaganyo ya wili e e dirilweng kafa molaong. Sekaelo se tshwanetse go romelelwa Mokgatlho.
Boikitsiso jo bo oketsegileng le kgakololo mabapi le dikgang tse di ntseng jalo bo ka bonwa ka go kwalela Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740.
[Lebokoso mo go tsebe 31]
Ditsela tse Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ileng sa dirisa meneelo ya lona ka gone go atlegisa dikgatlhego tsa Bogosi mo dingwageng tse pedi tse di fetileng:
Go tlhokomela ka madi barongwa le babulatsela ba ba kgethegileng ba ba fetang 12 700
Go aga kana go atolosa didirisiwa tsa makala a le 40
Go tlamelwa ga balebedi ba ba etang ba ba fetang 5 000 le basadi ba bone
Go rekwa ga metšhine e mesha e e gatisang e e bofefo ya rotary e e herang bobedi
Go tlamela ba ba dirang mo magaeng a Bethele ba ba fetang 8 400
Go thusa ba ba wetsweng ke dikodumedi