“Tshireletso ya Botsogo Jwa Me”
Se ke se mmeeletsi mongwe go tswa kwa Senegal, West Africa, a neng a se bua ka makasine wa Awake! O ne a kwala jaana:
“Ke boitumelo jo bogolo go bo ke bala Awake! ka metlha ka gore e akaretsa ditlhogo tsa botlhokwa, tse di tshwanelang sentle ebile di tlhokafala mo lefatsheng la rona la segompieno. Ke na le dingwaga di le pedi le sephatlo ke le mmeeletsi. Ka lekwalo le ke rata go leboga barulaganyi le bagatisi ka thuso ya bone ya go sireletsa botsogo jwa me, mme eseng jwa me fela mme le jwa ba bangwe ba bantsi ba ba ileng ba kgona go emisa go goga mme ba sireletsa botsogo jwa bone ka maatla a a tlhokafalang a ba nnang le one ka go bala ditlhogo tse di mo go Awake! Tswee-tswee tswelelang go kwala thuto kaga dikotsi tsa motsoko, ereka ke fitlhela gore boraro mo boneng jwa basha ba ke nang le bone ba a goga, mme seno ga se beye mo kotsing fela botsogo jwa bone le jwa ba bangwe, mme gape se senya madi a bone. Ke lo lebogela sengwe le sengwe se ke se fitlhelelang mo go baleng makasine wa lona.”
Re ikutlwa gore wena, ka mo go tshwanang, o tla solegelwa molemo ke go bala Awake! Amogela peeletso ya ngwaga ka go tlatsa le go romela foromonyana eno le R6,50
Tswee nthomelelang peeletso ya Awake! ya ditokololo tse 24 tsa makasine o (dikaelo tse pedi mo kgweding). Ke tsenya R6,50