Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Tumelo e Kgolo ya Molaodi wa Masole
JESU o fitlhile mo e ka nnang bogare jwa bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa, fa a neela Thero ya gagwe mo Thabeng. Mo go raya gore o saletswe ke mo e ka nnang ngwaga le dikgwedi di roba-bongwe fela go fetsa tiro ya gagwe mo lefatsheng.
Jaanong Jesu o tsena mo motseng wa Kaperenama, o o lebegang jaaka boremelelo jwa ditiro tsa gagwe. Fano bagolwane ba Bajuda ba tlisa kopo kwa go ene. Ba romilwe ke molaodi wa masole a Roma wa Moditšhaba.
Motlhanka wa molaodi wa masole yo o rategang o lwala thata-thata mo a leng gaufi le go swa, mme o batla gore Jesu a fodise motlhanka wa gagwe. Bajuda ba mo rapela jaana ka tlhoafalo mo boemong jwa molaodi wa masole: “Ke motho eo o chwanetseñ ha u ka mo dihèla yalo,” ba rialo, “Gonne o rata morahe oa rona, e bile èna ka esi o re agetse ntlo ea thutō.”
Kwantle ga go oka-oka, Jesu o tsamaya le banna bao. Lefa go ntse jalo, fa ba le gaufi, molaodi wa masole o roma ditsala tsa gagwe gore di re: “Morèna u se ka ua itapisa; ka go bo ga kea chwanèla ha u ka tsèna kwano tlhatse ga ditlhomeshō tsa me: Ke gōna ke ikaileñ le gōna ha ke sa chwanèla go ea koñ go wèna.”
A mafoko a boikokobetso a molaodi wa masole yo o tlwaetseng go laola ba bangwe! Mme gongwe o tshwanetse a bo a akanya ka Jesu, a lemoga gore ngwao e iletsa Mojuda go tsalana le ba eseng Bajuda. Fela jaaka Petere a ne a re: “Le lona ka losi loa itse yaka e le mo go sa letlèlèlèlwañ motho eo e leñ Moyuda ha a ka ikōpanya le moñwe oa morahe o sele.”
Gongwe ka go bo molaodi wa masole a ne a sa batle gore Jesu a bogisege ka ntata ya go tlola ngwao eno, o ne a laela ditsala tsa gagwe go mo kopa ba re: “Bua lehoko hèla, me motlhanka oa me o tla hodisiwa. Gonne le nna ke monna eo ke beilweñ mo taoloñ, ke bile ke na le batlhabani ba mo taoloñ ea me: me ke rèe moñwe, ke re, Tsamaea, me a tsamaee; ke rèe eo moñwe, ke re, Ntlo, me a tle; le motlhanka oa me, Diha se, me a se dihe.”
Ruri, fa Jesu a utlwa se o a gakgamala. “Kea lo raea,” a rialo, “Ga ke e se nke ke bone tumèlō e kgolo yana, Nya, leha e le mo Iseraela.” Morago ga fa Jesu a sena go fodisa motlhanka wa molaodi wa masole, o sola sebaka molemo go bolela ka moo batho ba ba nang le tumelo mme e se Bajuda ba tla newang masego ao a latlhilweng ke Bajuda ba ba senang tumelo.
“Batho ba le bantsi,” Jesu a rialo, “ba tla cwa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, me ba tla dula le Aberahame, le Isake, le Yakobe, mo bogosiñ yoa legodimo: Me bana ba bogosi ba tla lèlèkèlwa kwa lehihiñ ye le kwa ntlè: go tla nna selelō le go huranya mènō gōna.”
‘Bana ba bogosi . . . ba ba tla kobelwang kwantle kwa lehihing le lentsho’ ke Bajuda ba tlholego ba ba sa amogelang tshiamelo ya go busa le Keresete e e ileng ya neelwa bone lantlha. Aberahame, Isake, le Jakobe ba emela thulaganyo ya Bogosi jwa Modimo. Ka gone Jesu o bolela ka moo Baditšhaba ba tla amogelwang mo tafoleng ya bolegodimo, jaaka go ka bo go ntse jalo, “mo bogosiñ yoa legodimo.” Luke 7:1-10; Mathaio 8:5-13; Ditihō 10:28.
◆ Ke eng fa Bajuda ba ne ba rapelela molaodi wa masole wa Moditšhaba?
◆ Ke eng fa molaodi wa masole a ne a ka kopa gore Jesu a seka a tsena mo tlong ya gagwe?
◆ Jesu o ne a raya eng ka mafoko a gagwe a bofelo?