Kgololesego ya Bodumedi ea Tlhaselwa mo Greece
A O TSAYA kgololesego e le botlhokwa-tlhokwa? Batho ba bantsi ba dira jalo. Ba batla go gololesega go ntsha megopolo ya bone mo dilong tse di tshwanang le dipolotiki, ikonomi, le bodumedi, legale, e le kafa molaong. Mo letlhakoreng le lengwe, motho go bogisetswa megopolo ya gagwe go re gakolola Dipogiso tsa Metlha ya Bogare.
Se se amana jang le Greece, ebong lefatshe le lentle le le mo botlhaba jwa Mediterranean? Go na le seemo se se tlhomologileng mo morafeng oo seo se sa dumalaneng le kgololesego ya puso ya batho-ka-batho.
Go Senya Kgololesego le Leina le Lentle
Go tswa bogologolong Greece e ntse e bidiwa “lefelo leo go simologileng puso ya batho-ka-batho gone.” Ruri, ka 1975 Greece o ne a amogela Molao-theo wa puso ya batho-ka-batho go letlelela batho go nna le dikgololesego tse ba di tsayang di le botlhokwa. Mme mmuso wa Greece o dira ka natla go tshegetsa ditetlelelo tseo.
Lefa go ntse jalo, mo Greece go na le batho ba ba lekang go senya dikgololesego tsa gagwe mme ka go dira jalo ba senya leina la Greece mo go masisi mo lefatsheng lotlhe. Ba ba sa itshwareng sentle bano ba ile ba tlhotlheletsa digopa tse di thubakanyang go tlhasela baagi ba ba kagiso ba Greece, ba ile ba pateletsa badirela-puso go ba tshwara le go ba golega, gape ba ile ba dira ka natla go rontsha Bagerika ba ba utlwang molao bano dikgololesego tsa bone. Jaanong se se ile sa tswelela mo dingwageng tse dintsi, lefa ditumelelo tsa molao-theo di le gona.
Ke eng fa gotlhe go ile ga nna gona? Ke bomang ba ba amegang? Ke bomang ba ba ikarabelelang? Letla baanamisi ba dikgang mo Greece go go bolelela sengwe ka seemo.
Ditlhaselo le go Tshwarwa
Molao-theo wa Greece o bolela gore “batho ba Greece ba tla nna le tshwanelo ya go phuthega ka kagiso ba sa tshola ditlhabano.” Gape o bolela gore “kgololesego ya segakolodi sa bodumedi ga e kgorelediwe,” mme o oketsa jaana: “Bodumedi jotlhe jo bo itsiweng bo tla gololesega le ditirelo tsa jone tsa kobamelo di tla dirwa kwantle ga go kgorelediwa le kafa tlase ga tshireletso ya molao.”
Ka gone, ka Sontaga, June 15, wa ngwaga eno, makgolo-kgolo a Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kopana ka kagiso kwa holong nngwe mo Larisa, mo Greece. Ba ne ba ile go ithuta Bibela le go tlotla ka ditsela tsa go tokafatsa go dirisa melao-metheo ya yone ya Bokeresete mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi.
Mme, tlhokomela se se neng sa diragala. I Larisa koranta ya lefelo leo e ne ya bega jaana: “Makgolo-kgolo a batho, segolo-bogolo maloko a mekgatlho ya toropo ya rona a [Kereke ya Greek Orthodox], ba eteletswe pele ke baperesiti ba sekae, ba ne ba simolola go phuthega, mme ba simolola go bontsha go sa amogeleng ga bone batho ba ba mo holong—e leng Basupi ba ga Jehofa ba feta 700, lesomo leo le ne le lebega jaaka ekete le tloga le tsena mo holong go emisa kopano.”
Se se ne sa tswelela jalo mo e ka nnang dioura tse tharo. Mme la bofelo segopa seo se ne sa phatlaladiwa ke palo e kgolo ya mapodisi. Boikutlo jwa baruti ba ba neng ba tlhotlheletsa segopa seo bo ne jwa lemogiwa ke koranta ya Larisa Eleftheria fa e ne e tsopola mafoko ano a moperesiti wa Greek Orthodox “Fa rra-toropo a ka neela [Basupi] holo e gape, re tla tsaya digarawe tsa rona mme re bo re phatlakanya sengwe le sengwe!” Mme mobishopo mongwe o ne a bontsha kamogelo ya gagwe phatlalatsa mo go se se dirilweng ke segopa seo.
Mo Koranteng ya Larisa ebong I Alithia, Sarantos Vounatsos wa mokwadi o ne a bontsha go sa itumeleleng ga gagwe ditiro tsa baruti. O ne a bontsha gore maitseo a segopa seo a ne e tshwana fela le a matshwiti-tshwiti a a neng a ntse a goeleletsa loso lwa ga Jesu, a re: “Aa bapolwe!” Mabapi le segopa sa Larisa, o ne a kwala jaana: “‘Moeteledipele’ wa bone e ne e le moruti . . . yo o matlho-mahibidu! O ne a bopa, a tlhapatsa, a rera ka go ikgantsha, mme ka nako nngwe . . . a fa botlhe ba ba moteng metsotso e le metlhano go tswa mo holong . . . ‘eseng jalo re tla tsena mo teng mme re bo re phatlakanya ditlhogo tsa bone.’”
Setlhogo sa koranta se ne sa itebaganya le moperesiti mme sa re: “A o batla go dira ditiro tsa bafarasai? Legale, o tlhokomele, ka gore fa o ka tswelela ga o ka ke wa tlhola o amogela mautlwelo-botlhoko [a Modimo] kana tebosego, lefa e le mo go rona.”
Pogiso e e ntseng jalo ga se yone fela. Go ile ga tshwarwa makgolo a ba eseng Ma-Orthodox mo dingwageng di sekae tse di fetileng, “go akareletsa le Basupi ba ga Jehofa bale 890 ka 1983 fela,” ga bolela jalo The Wall Street Journal. Mme mo ngwageng ono, koranta ya Athens Eleftherotipia e ne ya bega jalo, moperesiti mongwe o ne a tlhasela Vasili Kapeleri, Mosupi wa dingwaga tse 76, mo go ileng ga tsala loso lwa ga Kapeleri.
Tlhaloganyo ya Metlha ya Lefifi
Mathata a mo baruting ba kereke ya Greek Orthodox. Ereka e le bodumedi jo bogolo thata jwa Greece, barutwa bano ba ikutlwa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba na tshwanelo ya go nna gone. Ka jalo ba leka go rontsha Basupi dikgololesego tsa bone ka ditiro, ditlhaselo tsa digopa, dikgobatso, go tsenngwa mo kgolegelong, le dikgatelelo mo dikgotla-tshekelong. Tshimologong ya ngwaga eno, go nna kgatlhanong ga baruti go ile ga felela ka gore kgotlatshekelo ya Crete e rontshe Basupi boemo jwa kafa molaong.
Kereke ya Orthodox fa e neela bosupi jwa kgotla-tshekelo, e ne ya tatalala e re Basupi ba ga Jehofa ga se “bodumedi jo bo anameng mme ebile ga bo itsege,” le gone “ga ba na tshwanelo ya go bidiwa Bakeresete.” Ka jalo kereke eo e tlhomamisa gore Basupi ga ba a tshwanelwa ke go nna le dikago tse e leng tsa bone tsa kobamelo kana tshwanelo epe ya go bua ka bodumedi jwa bone le ba bangwe. Mme kakanyo e e ntseng jalo ke ya metlha ya bogare. E supa moya wa Pogiso, eseng wa ‘thari ya puso ya batho-ka-batho.’
Basupi ba ga Jehofa ga ba leke go rontsha Kereke ya Orthodox tshwanelo ya yone go nna le dikereke le go rera se e se batlang. A mme mo motlheng ono wa gompieno, a Kereke eo e tshwanelwa ke go tsenya dipono tsa yone tsa bodumedi mo go mongwe le mongwe? Segolobogolo mo bathong ba puso ya batho-ka-batho moo go nang le pharologanyo e ntsi ya megopolo? Selo se se ntseng jaana ga se diragale gope mo pusong ya batho-ka-batho ya Bophirima.
Basupi ba ga Jehofa ba amogelwa kafa molaong jaaka bodumedi jwa Bokeresete, mo lefatsheng lotlhe. Mebuso e e nang le dipono tse di farologanyeng tsa sepolotiki e ba neetse tshwanelo ya kafa molaong go aga mafelo a kobamelo le go tshegetsa ditumelo tsa bone. Gore ke bodumedi jwa Bokeresete jo bo itsegeng lefatshe ka bophara go ka bonwa ka lebaka la gore ba na le badihedi ba ba tlhagafetseng ba feta didikadike tse tharo, gammogo le ba bangwe ba ba kopanelang le bone ba le didikadike tse tlhano. Mme ba rulagantswe ka diphuthego di le 50 000 mo mafatsheng a a fetang 200.
Ka jalo ke mo go senang tlhaloganyo gore baruti ba ka tatalala gore Basupi ba ga Jehofa ga se ‘bodumedi jwa Bokeresete jo bo itsegeng.’ Boitshwaro jwa baruti bo senyetsa mmuso wa batho-ka-batho wa Greece leina. Gape ke letlhapa mo didikadikeng tsa Basupi mo lefatsheng lotlhe ba e leng Bakeresete ba ba boifang Modimo go itse gore bontsi jwa baobamedi-ka-bone ba ile ba bolaelwa tumelo ya bone.
A ke “Mokgatlho wa Sephiri”?
Go tatalala ga Kereke eo mo kgotla-tshekelong ya Crete gore Basupi ba ga Jehofa ke mokgatlho “wa sephiri” le gone ga go na tlhaloganyo. Kereke e ne ya re: “Tsone ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa ga di itsiwe ka botlalo lefa e le gore di ntshetswa mo pontsheng . . . Ga ba na ‘matlo a thapelo’ lefa e le mafelo a mangwe a phatlalatsa a kobamelo koo mongwe le mongwe a gololesegileng go tsena teng. Lefa e le gore ditirelo tsa bone tsa kobamelo di tle di ntshediwe mo pontsheng.”
Mongwe le mongwe le eleng yo o sa itseng Basupi ba ga Jehofa sentle o itse gore ditatofatso tseo ga di na boammaaruri gotlhelele. Dithuto tsa bone di a gatisiwa gore mongwe le mongwe a di tlhatlhobe, le dipokano tsa bone di tsenwa ke batho botlhe ba ba itshwarang sentle, kwantle ga tefa. Tota, Basupi ba ruta didikadike tsa batho Bibela mo magaeng a bone mo lefatsheng lotlhe go ba tlwaelanya le ditumelo tseo! Mme diofisi tsa makala tsa Watch Tower mo lefatsheng lotlhe di amogela dikete tsa baeti beke nngwe le nngwe.
Mme go itebatsa dilo ke mo. Ke eng fa Basupi ba sa kgone go kopanela mo “matlong a thapelo” mo Greece? Ke ka ntlha ya gore ba ile ba rontshiwa tshwanelo ya go aga! Ereka ba sa rebolelwe diholo tseno, ba tshwanelwa ke go kopanela mo magaeng fela. Jaanong Kereke e bo e re ba nna le dipokano tsa sephiri! Lefa go ntse jalo, mo lefatsheng lotlhe Basupi ba ga Jehofa ba ile ba aga dikete tsa dikago tse dikgolo tsa kobamelo. Mme ga ba kgone go dira jalo mo Greece.
Ka gone, o ka tlhaloganya sentle gore ke eng ditatalalo tsa Kereke “di sa ikuele mo boikaelelong jwa Kereke ya [Greek Orthodox] kana mo ditlhaloganyong tsa letsomane la yona,” jaaka John, Moperofesara wa Molao wa Manoledakis wa Kotlhao kwa Unibesithing ya Thesalonia kwa Greece, a tlhalosa.
Bakeresete ke Bomang?
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba welwa ke dipogiso, ba tlhaselwa ke digopa, ba latlhelwa mo dikgolegelong, le go bolawa. Babogisi ba bone ba bagolo e ne e le bomang? E ne e le baruti ba nako eo.
Ka sekai, tlhokomela seo se ileng sa diragala fa Jesu a ne a tsosa Lasaro mo baswing: “Ditlhōgō tsa baperisiti le Bafarisai . . . ba gakololana gore ba mmolaeè [Yesu].” Ba ntse ba sa kgotsofadiwa ke seo, “ditlhōgō tsa baperisiti ba gakololana, gore ba bolaeè le èna Lasaro; Ka go bo e ne e le ka ntlha ea gagwè ha Bayuda ba le bantsi ba tsamaile, me ba dumèla mo go Yesu.” Mme labofelo, “ditlhōgō tsa baperisiti le bagolwane [ba bodumedi] ba bo ba tlhotlheletsa machutichuti a batho gore ba lōpè Barabase, me ba bolaeè Yesu.”—Yohane 11:47, 53; 12:10, 11; Mathaio 27:20.
Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a ba raya a re: “A bo go latlhèga lona, bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo chwana le diphupu tse di shweuhadicweñ, tse di bōnalañ di le dintlè kaha ntlè, me mo teñ di tletse marapō a bashwi, le boitshekologō yotlhe hèla. Hèla yalo le lona, kaha ntlè lo bōnala mo bathuñ yaka ekete lo siame, me mo teñ lo bo lo tletse boitimokanyō, le boikepo.” (Mathaio 23:27, 28) Gape, ke gantsi baruti ba ne ba e tle ba tlhotlheletse ba bangwe go nna kgatlhanong le barutwa ba ga Jesu.
Ga go na gope kwa Jesu a kileng a laela Bakeresete go bogisa, go latlhela mo dikgolegelong, go gobatsa, kana go tlhotlheletsa digopa go tlhasela bao ba sa dumalaneng le bone. Ka gone, mo lekgolong la ntlha la dingwaga Bakeresete ba boammaaruri e ne e le bone ba ba bogisiwang, e se babogisi. Babogisi e ne e le baruti le bao ba tlhotlheleditsweng ke bone. Go ntse fela jalo mo Greece gompieno.
A ke “Baganetsa-Keresete”?
Kereke ya Greek Orthodox gape e ne ya tatalala jaana: “Basupi ba ga Jehofa ga se fela gore ga ba a tshwanela go bidiwa Bakeresete, ke gore, barutwa ba ga Keresete, mme selo se sengwe gape, ke gore ke . . . baganetsa-Keresete.”
Bibela ya reng kaga “moganetsa Keresete”? Mo go 1 Yohane 2:22 e tlhalosa jaana: “Moaki e mañ ha e se eo o latolañ, go re, Yesu ga se Keresete? Ke èna moganetsa Keresete, eboñ èna eo o itatolañ Rara le Morwawè.”
Ka gone, lebaka le le papametseng la Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ke gore moganetsa Keresete ga a amogele Jesu. Mme Basupi ba ga Jehofa ba a mo amogela! Ba dumela mo go Jesu ka nnang mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwantle ga go amogela Jesu jaaka Morwa wa bomodimo wa Modimo, yo o neng a tswa kwa legodimong, yo o neng a bolawa a ba a tsoga mo baswing, le yo o neng a boela kwa legodimong.
Jalo mongwe le mongwe yo o reng Basupi ba ga Jehofa ke “moganetsa Keresete” o ka nna a tswa a boleletswe maaka, a foufaditswe ke letlhoo, kana a na le maikaelelo a a bosula.
‘A ba Etleetsa Puso ya Sejuda ya Selefatshe’?
Maiphako a mangwe a Kereke ya Orthodox ke gore Basupi ba ga Jehofa ba etleetsa puso ya Sejuda mo lefatsheng. Kereke e bolela jaana: “Maikaelelo a bone a mmatota a boferefere, ao e leng sephiri se segolo se se sa itsiweng ke bontsi jwa maloko a bone, ke go tlhomiwa ga ‘Bogosi jwa Sejuda jwa Bolegodimo jwa lefatshe ka Bophara’ mme Jerusalema e nna motse-mogolo wa jone.”
A ko o botse didikadike tsa Basupi gore a ba dumela se! Ga go lefa a le mongwe fela yo o dumelang seo. Lefa e kile ya re nako nngwe bangwe ba akanya gore dipolelelo-pele dingwe di ka nna tsa tswa di ne tsa dira mo Palasitina wa lefatshe mo lekgolong leno la dingwaga, mogopolo oo o ne wa latlhiwa go feta dingwaga tse 50 tse di fetileng!
Diane 4:18 e tlhalosa gore ‘tsela ya mosiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le le phatsimelang pele.’ Kutlwisiso e e oketsegelang pele eno, e e tiisiwang ke tirafatso ya boperofeti jwa Bibela, e bontsha ka phepafalo gore Repaboliki ya Iseraele ya gompieno ga e ka ke ya amogela Jesu Keresete jaaka Mesia. Ka gone, go bolela gore Basupi ba Bakeresete ba etleetsa puso ya Sejuda ya selefatshe ke botlhoka-tlhaloganyo jo bongwe gape. Pharologanyo le seo, ba godisa bobusi jwa legodimo jwa Bogosi jwa Modimo, jaaka Jesu a ne a ruta.—Mathaio 4:17; 6:10.
Dithuto tse Eseng tsa Bibela
Gareng ga dilo tse di neng di dirisiwa ke baruti go tlhotlheletsa ba bangwe kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa ke lebaka la gore Basupi ga ba amogele dithuto dingwe tsa motheo tsa Kereke. E e tlhomologileng ya tse ke Tharonngwe. Mme ke eng fa e tshwanelwa ke go nna le seabe mo tirisong ya puso ya batho-ka-batho mo Greece? Ke eng fa mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go dumela Tharo-nngwe e le gore a tle a kgone go amogela dikgololesego tsa setho koo?
Basupi ba ga Jehofa ga ba latole bomodimo jwa ga Jesu. Ba amogela seo Yohane 1:1 e se bolelang kaga gagwe, gore ke “modimo.” Lefa go ntse jalo, Kereke ya re ga se fela gore Jesu ke “modimo” mme gore ke Modimo mothata-yotlhe, bontlhanngwe jwa batho ba bararo ba ba senang bokhutlo, ba ba lekanang ka maatla.
Bibela, ebong Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ga e rute seo. Go na le moo, e tlhalosa ka phepafalo jaana: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi.” (Yohane 3:16) Le ka motlha Jesu ga a ise a ke a iphake gore ke Modimo mothatayotlhe. O ne a re o ne a le “Morwa Modimo eo o tsecweñ a le esi.” Mongwe le mongwe yo o balang Dikwalo kafa tshiamong o tla supela seo.—Yohane 3:18; 10:34-36.
Gangwe le gape Jesu o ne a re: “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha.” “Ke hologile kwa legodimoñ, ke sa tle go diha go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” “Thutō ea me, ga se ea me; ke ea eo o nthomileñ.” “Rara o mogolo bogolo go nna.” Mme Lefoko la Modimo le oketsa jaana: “Morwa ōna le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea [Modimo].”—Yohane 5:19; 6:38; 7:16; 14:28; 1 Bakorintha 15:28.
Ka gone Tharo-nngwe ga se thuto ya dikwalo. Mme he, e simologile kae? E ile ya amogelwa kwa Phuthegong ya Nicea ka 325 C.E. fa batenegi ba tsenya mogopolo wa boheitane o o neng o simologile mo Egepeto wa bogologolo le Babelona. Jaaka rra-ditiragalo Will Durant a ile a tlhokomela mo go The Story of Civilization: Part III: “Bokeresete ga bo a ka jwa senya boheitane; bo ile jwa bo dira bontlhanngwe jwa jone. . . . Go ile ga tswa megopolo ya tharo-nngwe ya bomodimo kwa Egepeto.” Mme The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Ga go lefa e le lefoko Tharo-nngwe kana thuto ya motheo e e phepafetseng sentle tseo di bonalang mo Tesetamenteng e Ntšha . . . Thuto eo ya motheo e ile ya gola ka bonya ka makgolo a dingwaga go ralala dikgaruru tse dintsi.”
Lefa go ntse jalo, fa Kereke ya Orthodox e batla go dumela Tharo-nngwe moo ke tshwanelo ya yone. Mme mo lefatsheng la puso ya batho-ka-batho g e na tshwanelo epe ya go bogisa, le go tlhotlheletsa digopa le go latlhela batho mo dikgolegelong, le go rontsha Basupi ba ga Jehofa ditshwanelo tsa bone ka gore ga ba dumele Tharo-nngwe.
Go Tshegetsa Puso ya Batho-ka-Batho mo Greece
Molao-theo wa Greece o phepafetse: “Kgololesego ya segakolodi sa bodumedi ga e kgorelediwe ke sepe. . . . Bodumedi jotlhe jo bo itsiweng bo tla gololesega le ditihelo tsa jone tsa kobamelo di tla dirwa kwantle ga go kgorelediwa le kafa tlase ga tshireletso ya molao.”
Basupi ba ga Jehofa, bao ba itsiweng sentle ebile ba amogelesega kafa molaong mo merafeng yotlhe, ba tshegetsa melao-metheo eo ya puso ya batho-ka-Batho. Ba batla gore Greece, le ene a e tshegetse, eseng go letlelela kereke epe go susumetsa dikakanyo tsa yone tsa Pogiso mo go ba bangwe ka go bogisa ba ba sa dumalaneng le dipono tsa yone.
Baruti ba Kereke ya Greek Orthodox ba tla bo ba dira sentle fa ba ka reetsa kgakololo ya moruti wa molao wa lekgolo la ntlha la dingwaga, ebong Gamaliele. O ne a bolelela baruti ba ba neng ba bogisa balatedi ba ga Keresete jaana: “Me yana, kea lo raea, ka re, Lo ithibè mo bathuñ ba, me lo ba lesè; gonne ha kgakologèlō e, kgotsa tihō e, e le ea batho, e tla senyèga: Me ha e le ea Modimo, go tla lo retelèla go ba henya; e ka tla ea re kgotsa loa hitlhèlwa lo bile lo tlhabana le Modimo.”—Ditihō 5:34-39.
Mo pakeng yone eo, balatedi ba Bakeresete ba ga Jesu Keresete ba ne ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa le bone gompieno ba na le pono e e tshwanang. Ke seo ba tla tswelelang ba se dira mo Greece go sa kgathalesege seo baruti ba se batlang.—Ditihō 5:29.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba raya baruti ba motlha wa bone ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho”