Basha—Karolo ya Lona mo Lelapeng le le Itumetseng, Le le le Utlwanang
“Ke ne ke le morwa rrè, ke le tlekeeco, ke ratèga ke le nosi mo matlhoñ a ga mmè.”—Diane 4:3
1, 2. Ke bothata bofe jo bo leng gone mo magaeng mangwe a Bakeresete?
ABO go lapolosa jang ne go tshololela ditlhobaelo tsa gago mo mongweng yo o amegang ka wena, motho yo o lekang go utlwisisa maikutlo a gago, le go go neela kgakololo ka go go utlwela botlhoko! Mme fa motho yoo e le motsadi, ruri oa bo o le sego. Mme o atamalane go le kana kang le batsadi ba gago?
2 Banana bangwe ba le babedi ba batsadi ba bone e leng Bakeresete ba ne ba kwala jaana: “Bothata jwa rona jo bogolo ke puisanyo. Tota ga re kgone go buisana le batsadi ba rona. Ruri re rata batsadi ba rona thata-thata, mme go bonala go pala gore re buisanye. Ke nnile ka rapela ka metlha yotlhe ka kgang eno mme ga ke amogele karabo epe.” Ke ka ntlha yang fa dinako tse dingwe puisanyo e e molemo e tlhaela le e leng mo magaeng a Bakeresete? A go na le tsela e motho a ka falolang bothata jo ka yone?
Lebaka leo go Senang Puisanyo
3, 4. Umaka mangwe a mabaka ao a tsalang go sa buisanye ga batsadi le bana.
3 Babotlana ba ba setseng ba umakilwe ba ne ba sa dumalane le batsadi ba bone ka ntlha ya boitloso bodutu le ditsala tse ba di kgethang. Diphapaang, tseo di patwang ke boikutlo jwa gore megopolo ya gago e a tlhokomologiwa, di ka thibela puisanyo. Mme ke ka ntlha yang fa diphapaang tseno di nna gone? Diane 20:29 e akantsha lengwe la mabaka. E balega jaana: “Kgalalèlō ea makau ke thata ea aōna: me bontlè yoa banna bagolo ke tlhōgō e pududu.” Ka ntlha ya go bo “thata” ya bokau e sa rutintshiwa ke maitemogelo a a tsereng dingwaga a botshelo jo bo boima, lona babotlana lo ka tlhokomologa dikotsi, lo akanya gore ‘ga go na bosula bope jo bo ka diragalang.’ Lefa go ntse jalo, batsadi ba lona, ka ntlha ya botlhale jo ba bo bapetseng ka ntlha ya bogodi jwa bone—kana le e leng ka ntlha ya maitemogelo a a botlhoko—ba leba ka tsela e e farologanyeng. Lemororo ba tlhaloganya maikutlo a lona, ba ka nna ba bo ba lemoga mamena a a iphitlileng a lo sa a boneng.—Diane 29:15.
4 Ka dinako tse dingwe, puisano e ka se nne gone ka ntlha ya go bo o ketefalelwa ke go bua ka ga maikutlo mangwe a a botlhoko. Ka ntlha ya go thulana le ba bangwe kana ka ntlha ya ditlhaelo tsa gago, pelo ya gago e ka nna botlhoko. O ka nna wa itshwara fela jaaka Jobe, yo o neng a gopola gore le eleng bomorwa-rragwe, balekane ba gagwe ba a ntshanyang seinong le bone, ee, le eleng ba ntlo ya gagwe, ba ne ba mo hularetse. (Yobe 19:13-19) Mo mabakeng mangwe, kgaogano e ka nna gone ka go bo motsadi ‘a ikaba ditsebe’ fa mosha a re o leka go mmolelela maikutlo a gagwe a a kwa teng. (Diane 21:13) Mosetsana mongwe yo monana o ne a ngongorega ka go re: “Ke ne ke tlhola ke utlwile botlhoko, ke lela thata mme rre a ntheye a re, ‘Selelo ga sena go go thusa ka sepe,’ jalo ke bo ke bipa maikutlo a me. Ke ne ke ka seka ka lela fa ke le fa go ene, mme e bile re ne re sa buisanye gotlhelele.”
5. Kgato ya ntlha ke efe gore o tokafatse puisanyo e e mosola?
5 Lefa go le jalo, go sa kgathalesege maikutlo a batsadi ba gago, go na le mo go ntsi mo wena o ka go dirang go tokafatsa puisanyo! Simolola ka go tlhatlhoba tota-tota gore kamano ya gago le batsadi ba gago ke e e ntseng jang. Ka motlhala, morafe wa Iseraele o ne wa itshema jaaka e kete o atamalanye le Rra one wa selegodimo, ka go re: “Rara, ke wèna [tsala ya me e ke e ikantseng ya, NW] bokau yoa me.” Mme tota-tota, ba ne ba sena kamano epe e e molemo le ene ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa botsuolodi. (Yeremia 3:4, 5) A ruri ruri batsadi ba gago ke ‘ditsala tse o di ikantseng’? A o kane o dira dilo dingwe, mme gongwe o sa lemoge, tse di kgoreletsang puisanyo? A o ka bua fela jaaka Solomon a buile fa a ne a re: “Ke na ka itshupa ke le morwa rre [le mmè] wa mmannete”? (Diane 4:3, NW) O ka dira eng gore o atamalane le bone?
‘Boutlwelo Botlhoko le Boammaruri’
6. (a) Go ya ka Diane 3:3, ke dinonofo dife tse di ka thusang mosha gore a ‘bone botsalano mo Modimong le batho’? (b) Motho o ka ‘gokelela tseno jang mo thamung ya gagwe’?
6 Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bua ka se se neng se tlhokafala gore mosha a ‘bone botsalano le tlotlego mo ponong ya Modimo le ya motho [go akareletsa le batsadi].’ O ne a araba jang? “Morwaaka, . . . a boutlwèlō botlhoko bo se gu tlogele le boamarure: u di bōhèlèlè mo thamuñ ea gago: u di kwalè mo sekwaleloñ sa pelo ea gago.” (Diane 3:1-4) Boutlwelo botlhoko le boammaaruri di tla go atamalanya le batsadi ba gago. Mme dinonofo tseno di tshwanetse go ama botho jwa gago jwa kafa teng thata, ‘di bofeletswe mo thamung ya gago e bile di kwadilwe mo pelong ya gago.’ Mo metlheng ya Bogologolo, gantsi sekano sa mohitsana se ne se gokelelwa ka thapo mo molaleng. (Genesise 38:18) Tlhwatlhwa ya mohitshana ono e ne e le kgolo thata ka go bo kwa ntle ga go o dirisa, go ne go se lokwalo lope lwa tumalano lo lo neng lo ka tlhomamisiwa. Moapari wa mohitshana o ne a ka seka a o lebala ka go bo ka metlha o ne o mo gakolola ka mosola wa tsone o se kake wa lebalwa. Mme tota o ka bontsha dinonofo tseno jang?
7. Boutlwelo botlhoko bo ka bontshiwa jang gore puisanyo e tokafadiwe?
7 “Boutlwèlō botlhoko,” go ya kafa lefoko la Sehebera la pele pele le neng le ntse ka gone, bo raya “lorato lo lo ikanyegang” mme le kaya boineelo jwa sebele mo kamanong nngwe. Jalo a o ikanyega mo batsading ba gago e bile o ineetse gore o tla atamalana le bone kafa boikutlong? Go Sekaria 7:9, 10, boutlwelo botlhoko bo golaganngwa le kutlwelo botlhoko le tlhomogelo pelo. A o tlhomogela batsadi ba gago pelo ka ntlha ya dikgatelelo tse ba lebaganyeng natso? Boutlwelo botlhoko jwa batho ba bangwe bo “nnetse yaka leru ya ka moshō, le yaka monyō o o tloñ o phakèle o tloge.” (Hosea 6:4) A fa go tsogile kgang nngwe boutlwelo botlhoko jwa gago bo a nyelela kana fa o sa amogele dilo tse o di batlang? Fa o kgopisegile, a o boloka ‘molao wa boutlwelo botlhoko mo lolemeng lwa gago’? Boikanyegi le bopelotlhomogi di tlhokafala thata thata mo puisanyong.—Diane 31:26
8. Mosha o ka bontsha boammaaruri jang?
8 “Boammaaruri” bo tsala katamalano, e reka jaana boikanngo bo tlhokafala thata-thata gore go nne le katamalano e e nonofileng. O seka wa tshwana le ‘batho ba ba senang boammaaruri’ ba ba itimokanyang. (Pesalema 26:4) O ka nna wa raelesega go itira motho wa mefuta e e sa tshwaneng—o mongwe e le fa o na le batsadi ba gago ba Bakeresete mme mongwe e le fa ba seyo. Tsela e e ntseng jalo e ka tlhagisa kotsi, segolo bogolo fa o lebaganye le bothata jo bo masisi mme wena ka sebele o sa nonofela go dirisanya le jone. Gakologelwa gape, kafa o ka sekang wa tlhola o ikanngwa gape fa go tla go lemogiwa gore o motho yo o maaka. “Batsadi ba me ba itse go le gontsi thata go feta seo ke akanyang gore ba a se itse,” ga bolela jalo Mokeresete mongwe yo mmotlana. “Fa ke leka go ba lobela sengwe ke a itsietsa mme ebile ke leka ka go fora Jehofa,” Ee, ikemisetsa go nna motho yo o boammaaruri. A mme go bontsha boammaaruri go felela fela mo go tileng puo le ditiro tse di ‘sokameng’?—Diane 4:20, 24; 10:9.
‘Bua se se mo Pelong ya Gago’
9. Ke bothata bofe jo bo neng jwa fenngwa ke basha ba babedi, mme matswela e ne ya nna afe?
9 Basha bangwe ga ba ntshetse batsadi ba bone se tota-tota se leng mo maikutlong a bone. Ka motlhala, mongwe wa basha ba ba umakilweng mo serapeng sa 2 o ne a ipolela a re: “Gore kagiso e nne gone, re ne ra simolola go bua fela seo re neng re itse gore batsadi ba rona ba ne ba batla go se utlwa, mme re ne re loba maikutlo a mmatota a a mo go rona.” Babotlana bano ba ne ba senka thuso. Ba ne ba kgothalediwa ke mogolwane mongwe go atamela batsadi ba bone le go etsa mosha yo o neng a bidiwa Elihu, yo o neng a re: “Ke tla bua hela se se mo pelong ya me.” (Yobe 33:3, Beck) Morago ga ba sena go rapela ka tlhoafalo, la bofelo ba ne ba bolelela batsadi ba bone se se mo dipelong tsa bone, ba ba tlhalosetsa maikutlo a bone a a botlhoko. (Bapisa Diane 12:18.) Lemororo rraabone a ne a kgaolwa pelo ke go utlwa bana ba gagwe kafa ba neng ba ikutlwa ka gone, o ne a dumalana gore o ne a feteleditse dilo. O ne a itumelela go bo ba ile ba bua. Morwadie o ne a digela jaana: “Seemo sa rona sa mo lapeng se ntse se tokafala ka iketlo mme e bile ka tsela e e nitameng. Fa re sena go simolola go bua re phuthologile, he re ne re kgona go bona gore melao ya bone tota-tota e ne e tlhometsweng. Ba ne ba emisa go bua le rona jaaka ekete ba bua le masea. Re ne ra simolola go utlwisisana botoka.”
10, 11. (a) Go ya ka Diane 27:19, ke eng se se ka oketsang bothitho mo lapeng la Mokeresete? (b) Basha ba ka dirisa temana eno jang?
10 Go phuthologa fa o na le batsadi ba gago go agelela puisanyo e e tswang mo pelong. Fa o bua ka mokgwa o o ritibetseng, o o supang tlotlo, batsadi ba gago ba ka lemoga se se mo pelong ya gago. (Diane 29:11) Mme e bile o kgona go bona dinonofo tse di mo dipelong tsa bone. Neelano maikutlo eno e e tlhamaletseng le e e supang bopelotlhomogi e tla go thusa go itse se se mo pelong ya gago ka tsela e e botoka. Diane 27:19 e tlhalosa jaana: “Yaka mo metsiñ sehatlhōgō se chwantsha sehatlhōgō, pelo ea motho e nntse yalo mo mothuñ eo moñwe.”a Fela jaaka o bona moruti wa sefatlhogo sa gago mo molatswaneng wa metsi a a emeng, jalo ka puisanyo e e tswang mo pelong le batsadi ba gago o ka lemoga gore maikutlo a bone le ditlhotlheletso ga di farologane ka gope le tsa gago. Kamogano eno e dira gore le nne ka kutlwano le ka go akanyetsana, jaaka fa e le dilo tse di tlhokafalang thata gore lelapa le nne je le bothitho.
11 Mme jalo o ikemisetse gore o buisanye le batsadi ba gago le e leng ka dikgang tse di go utlwisitseng botlhoko. Tlhalosa ka ga dipelaelo tsa gago le dithetelelo gammogo le ka boipelo jwa gago le katlego. Bua ka ga mekgele ya gago mo botshelong le kaga dithapelo tsa gago. Ganana le tlhotlheletso ya go ‘itomolola.’ (Diane 18:1) O leke ka metlha yotlhe go senya nakonyana le motsadi wa gago le le nosi fela, gore lo tle lo abalane maikutlo a a boteng. Babotlana bangwe ba fitlhetse gore ba ka kgona go dira seno fa ba ntse ba tsamaya le motsadi wa bone mo tirong ya go rera, fa ba tshwere mosepele o moleele mmogo, kana le eleng fa ba ntse ba tlhakanetse boitapoloso bongwe iwa lelapa.
12. Ke dinnete dife tse basha ba tshwanetseng go lebana natso?
12 Lemororo maiteko a gago a go nonotsha puisanyo e e mosola gantsi a ka nna le diphelelo tse di molemo, ga se gore wena kana batsadi ba gago lo itekanetse. Ka dinako tse dingwe batsadi ba ka nna ba seka ba go direla sentle, ba seka ba akanyetsa maikutlo a ba bangwe, kana ba palelwa ke go tlhoma sekao se se molemo. Gongwe e bile e ka ne e le ba ba sa dumelang mme ka metlha yotlhe ba ka se dirisanye le wena go ya kafa melao-metheong ya Bibela. Bangwe ba lona gongwe lo ka ne lo nna mo legaeng la motsadi a le mongwe fela kana mo lelapeng la bobedi, e le dilo tseo ka bobedi di nang le mathata a tsone fela. Go sa kgathalesege gore o atamalanye go le kana kang le batsadi ba gago, ka dinako tse dingwe o ka iphitlhela o le mo sebakeng fela kafa boikutlong. Botlhoko jo bo ntseng jalo bo ka itshokelwa jang ka boikanyego?
Ithute go ‘Rwala Jokwe mo Bokaung jwa Gago’
13. Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Jeremia go Dikhutsahalō 3:27 a bonala a sa tlwaelesega?
13 Fa moperofeti Jeremia a sena go rongwa ke Jehofa, o ne a bua a re: “Ga ke itse go bua: gonne ke ñwanyana hèla”! Mme Jehofa o ne a mo tiisa le go mo thatafatsa. Ka ntlha ya dipogo tsa gagwe, dipelaelo, le kgobego marapo o ne ka dinako tse dingwe a ikutlwa ekete o ka itlhoboga, mme ka nako nngwe o ne a re: “A letsatsi ye ke tsecweñ ka yeōna le hutsègè.” (Yeremia 1:6, 19; 20:7-9, 11, 14) Moragonyana, o ne a kwala a re: “Go molemō mo monneñ go rwala yokwe mo bokauñ yoa gagwè.” (Dikhutsahalō 3:27) Mme go ne go ka akanngwa jang gore go sikara jokwe ya tlhokofatso go mosola? Sekai sa ga Josefe se tshwantshetsa seno sentle thata.
14, 15. (a) Ke boitemogelo bofe jo Josefa a neng a bo bona fa a sale mosha? (b) O ne a ‘lekwa jang ke lefoko la ga Jehofa’?
14 Fa a ne a le dingwaga tse 17, Josefa o ne a amogela toro e Modimo a neng a solofetsa gore o tla nna le maemo a a kwa godimo. Mme tlhe, bomorwa-rraagwe ba ba lefufa ba ne ba mo rekisa jaaka lekgoba! O ne a felela a le mo Egepeto mme moragonyana a bofiwa ka dikgole mo kgolegelong e e lefifi ka ntlha ya tatofatso ya maaka ya gore o ne a lekile petelelo. (Genesise 37:2, 4-11, 28; 39:20) Mosha yono wa sekao se sentle le mojaboswa wa tsholofetso e e gakgamatsang o ne a tsenngwa mo kgolegelong e e tlisang bohutsana jo bogolo. Jaaka moeng mo lefatsheng la seeng, o ne a sena tsala e e ka mo utlwelang botlhoko kana go mmuelelela.
15 “Dinaō tsa gagwè [Josefa] ba di utlwisa botlhoko ka tse di golègañ; a tseñwa mo diketaneñ tsa tshipi: Ga ba ga tla ga hitlha motlha oa go dihahala ga lehoko ya gagwè; lehoko ya ga Yehofa ya mo leka.” (Pesalema 105:17-19) Josefa o ne a tsaya dingwaga di le 13 a ntse a le legolegwa go fitlhelela tsholofetso ya ga Jehofa e diragala. O ne a ntlafadiwa ke boitemogelo jono. Lemororo e ne e se Jehofa yo o neng a mmakela mathata, o ne a a dumelela ka ntlha ya boikaelelo bongwe. A Josefa o ne a tla tshegetsa tsholofelo ya gagwe mo ‘lefokong la ga Jehofa’ go sa kgathalesege go bo a ne a le mo botlhokong? A o ne a tla godisa dinonofo tsa gagwe tse di molemo, le go tlhagolela bopelotelele jo bo tlhokafalang, boikokobetso, nonofo ya semoya, le go ikemisetsa go tshegetsa kabelo e e boima? Mme kana, Josefa o ne a tlhaga a tshwana le gouta e e tswang mo molelong wa montlafatsi—a itshekile le eleng go tlhokafala thata mo Modimong, yo o neng a mo dirisa ka tsela e e molemolemo morago ga moo.—Genesise 41:14, 38-41, 46; 42:6, 9.
16. Mosha o tshwanetse go leba botlhoko jang?
16 Josefa le Jeremia boo babedi ha ne ba boga ntswa molato e ne e se wa bone. Ba ne ba setse ba tlhagoletse dinonofo tsa bomodimo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba ntlafadiwa le eleng go feta fa ba ntse ba itshokela matlhoko. A bo ntlafatso e e ntseng jalo e tlhokafala thata jang ne mo basheng ba ba fositseng! Kotlhao, eo e ka nnang boima go amogelwa, e tlhagisa tshiamo fa o thapisiwa ka yone. (Bahebera 12:5-7, 11) Thapiso eno e ka godisa nonofo ya kafa teng jaaka tshipi e e thatafaditsweng ka molelo. Fela jaaka “Yehofa [a ne a] nna le Yosefe, a mo shupetsa pelonomi,” o ntse a tla go neela nonofo e e bogolo thata mme a go duele thata thata ka ntlha ya bopelotelele jwa gago.—Genesise 39:21: 2 Bakorintha 4:7.
17. Ke phelelo efe e botlhoko bo ileng jwa nna le yone mo mosetsanyaneng mongwe? O ne wa ithutang mo go seno?
17 Ka sekai, mosetsanyana mongwe yo rraagwe wa bobedi yo mosha a neng a lebega a gagamaditse marapo thata mme e bile a sena sepe le gore o ikutlwa jang ka ga rraagwe yo o tlhokafetseng yo a neng a mo rata o ne a akanya gore a o ka tshaba mo gae. Ka go lemoga gore seno se ka oketsa mathata fela, o ne a nna—mme a itshoka. Mme jaanong, mo e ka nnang dingwaga tse 13 moragonyana, o digela jaana: “Kotlhao ya ga rre wa bobedi e ne ya ntira motho yo o botoka. Fa ke sa ntse ke nna le mmè fela, ke ne ke itirela boithatelo e bile ke tsuolola. Ke ne ke batla gore ka metlha yotlhe dilo di dirwe kafa ke ratang ka gone. Ke ne ka ithuta go akanyetsa ba bangwe. Jehofa gape o ne a arabela dithapelo tsa me di le dintsi tsa gore ke fiwe nonofo ya go fenya bohutsana jwa leso la ga rre le go atamalana thata le ntate wa bobedi.” Ee, fa o ka ithuta go itshokela mathata o tla atamalana thata le Jehofa. Ka gone o ka nna Tsala ya gago, ‘boikanyo jwa gago mo bokaung jwa gago.’—Pesalema 71:5.
18. (a) Ke eng se se tla tlhomamisang gore botshelo jwa mosha bo tla felela jang? (b) Ke ka ntlha yang fa basha ba tshwanetse go tsaya batsadi ba bone jaaka ba ba tlhokafalang thata?
18 Le ka motlha o seka wa lebala gore ditikologo tsa legae la gago di le tsosi ga se tsone tse di tla tlhomamisang botho jwa gago kana gore botshelo jwa gago bo tla felela jang. Go na le moo, “ñwanyana o tla a itshenole ka ditihō tsa gagwè, bo tihō ea gagwè e ntlè, le go re, a e siame.” (Diane 20:11) Ditiro tsa gago tse di siameng di tla go ratisa Modimo mme di dire gore botshelo jwa gago bo itumedise le go nna le mosola. Ga go na lelapa lepe le le itekanetseng, mme senka dinonofo tse di molemo mo legaeng la ga eno. Akanya fela ka setlhabelo se batsadi ba gago ba se intshitseng gore ba go fe dijo, diaparo, lefelo la go nna, kalafi, le dilo tse di tshwanang. Go na le go ba duela ka go sa ba leboge, “tlotla rrago le mmago.” Ba tseye ba le botlhokwa-tlhokwa, e le ba molemo o mogolo.—Baefesia 6:1-3; Diane 16:20; 17:13.
19. Ke dituelo dife tse di nnang gone fa motho a utlwa batsadi ba gagwe?
19 Puisano e e mosola le batsadi ba gago e tla oketsa lorato lwa gago mo go bone. Kutlo he e tla tswa fela mo pelong ya gago. “Morwaaka [kana, morwadiaka], u se ka ua lebala molaō oa me; me a pelo ea gago e tshegetsè ditaolō tsa me,” go kgothatsa jalo rre yo o botlhale, yo jaanong a supang gore dituelo ke dife, “Gonne di tla gu okeletsa bolele yoa malatsi, le dinyaga tsa botshelō, le kagishō.”—Diane 3:1, 2.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Motlhalosi ebong A. Cohen o ne a tlhalosa jaana malebana le temana eno: “Mo pelong ya tsala ya rona re kgona go bona setshwantso sa botho jwa rona. . . . Re kgona go ikitse sentlentle mo botsalanong jwa rona jo bo tsepameng le jwa bopelotlhomogi, le go lemoga se se mo go rona.” (Proverbs, The Soncino Press) Thanolelo eno ya Bibela ka W. F. Beck e tlhalosa jaana ka bontlhanngwe: “Jalo o ka bona setshwano sa gago mo pelong ya motho yo mongwe.”
A O A Gakologelwa?
◻ Ke eng se se ka bakang go sa buisanye?
◻ Mosha o ka bontsha boutlwelo botlhoko jang?
◻ Boammaaruri bo ka tokafatsa puisano ya lelapa ka ditsela dife?
◻ Ke eng seo go sikara jokwe ya botlhoko go ka se direlang mosha?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Fela jaaka jokwe ya botlhoko e ne ya ntlafatsa botho jwa ga Josefa, jalo fela fa o itshokela mathata o sale mosha botho jwa gago bo tla ntlafadiwa