LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/1 ts. 8-9
  • Go Rapela, le go Ikanya mo Modimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rapela, le go Ikanya mo Modimong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thero e e Tumileng Thata e e Kileng ya Neelwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Thero e e Itsegeng Thata ya Kwa Thabeng
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • A Mafoko a ga Jesu a Tlhotlheletsa Dithapelo Tsa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A Leitlho la Gago le “Bōna Sentlè”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/1 ts. 8-9

Botshelo Bodihedi tsa ga Jesu

Go Rapela, le go Ikanya mo Modimong

JAAKA fa Jesu a ntse a tsweletse le thero ya gagwe, o kgala boitimokanyo jwa batho bao ba supang seo ba ithayang ba re ke poifo-modimo. “E re ha u ntsha dikacō,” a rialo, ”u se ka ua letsa lonaka ha pele ga gago, yaka baitimokanyi ba tle ba dihe.”

“Me,” Jesu oa tswelela,” e re ha lo rapèla, lo se ka loa nna yaka baitimokanyi: gonne bōnè ba rata go rapèla ba eme mo matluñ a thutō, le ha makōpaneloñ a mebila, gore ba bōnwè ke batho.” Go na le moo, o a ba laya: “E re ha u rapèla, u tsènè mo ntlwaneñ ea gago e e kwa teñ, me u re u sena go cwala, u rapèlè Rrago eo o mo sephiriñ.” Jesu ka boene o ne a rapela phatlalatsa, ka jalo ga a go kgale. Seo a se nyatsang ke dithapelo tse di dirwang go kgatlha bareetsi le go goga tlotlo ya bone.

Jesu o tswelela ka go gakolola jaana: “Ha lo rapèla, lo se ka loa boaboèla hèla yaka Badichaba ba tle ba dihe.” Jesu ga a reye gore go boaboela ka bogone go phoso. Ka nako nngwe, ene ka boene o ne a boaboela ‘mafoko a le mangwe fela’ fa a ne a rapela. Mme se a sa se amogeleng ke go buiwa ga mafoko a a ithutilweng ka tlhogo ao a boaboelelwang,’ jaaka bao ba boelelang thapelo ya bone ka palo ya dibaga tseo ba di dirisang.

Go thusa bareetsi ba gagwe go rapela, Jesu o fa thapelo ya sekao eo tsenyang ditopo tse supa. Tsa ntlha tse tharo ka tshwanelo di lemosa botlhokwa jwa Modimo le maikaelelo a gagwe. Ke dikopo tsa gore leina la Modimo le itshepisiwe, Bogosi jwa gagwe bo tle, le gore go rata ga gagwe go diragale. Tse nne tse di setseng ke dikopo tsa botho, e leng, tsa dijo tsa letsatsi, boitshwarelo jwa dibe, go sa gogelwe mo thaelong eo mongwe a ka sekeng a e itshokela, le go gololwa mo go yo o bosula.

Fa a tswelela, Jesu o supa kotsi ya go tseela kwa godimo go nna le dilo tse di bonalang. O kgothatsa jaana: “Se iphutheleñ dikhumō mo lehatshiñ, kwa motoutwana o senyañ gōna le morodu, le kwa magodu a phunyetsañ go ucwa gōna.” Ga se fela gore dikhumo tseo di a senyega mme gape ga di direle motho leina le le molemo mo Modimong.

Jalo he, Jesu a re: “Me iphutheleñ dikhumō kwa legōdimoñ.” Mo go dirwa ka go baya tirelo-Modimo kwa pele mo botshelong jwa gago. Ga go na ope yo o ka tsayang leina le motho a le itiretseng mo Modimong kana lefa e le tuelo ya lone. Jaanong Jesu o a oketsa: “Kwa khumō ea gago e gōna pelo ea gago le eōna e tla nna hèla gōna.”

Fa a ntse a tsweletse a supa kotsi ya go rata dilo tse di bonalang, Jesu o fa setshwantsho: “Lobōnè loa mmele ke leitlhō: ke gōna ea re ha leitlhō ya gago le bōna sentlè, mmele otlhe oa gago o tlale lesedi. Me ea re ha leitlhō ya gago le le boshula, mmele otlhe oa gago o tlale lehihi.” Leitlho le le bonang sentle le tshwana le lebone le le tshubilweng mo lefelong le le lefifi. Mme gore le tle le bone sentle, leitlho le tshwanelwa ke gore le be le siame, ke gore, le tshwanelwa ke go leba selo se le sengwe fela. Leitlho le le sa boneng sentle le dira gore go seka ga akanyetswa dilo sentle, gore go bewe telekiso ya dilo tse di bonalang kwa pele ga tirelo go Modimo, mme go felela ka gore “mmele” otlhe o tlale lefifi.

Jesu o konela kgang eno ka setshwantsho se se nonofileng: “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi: ka a tla ila eo moñwe, me a rate eo moñwe; goñwe a ñaparèle eo moñwe, me a nyatse eo moñwe. Ga lo kake loa dihèla Modimo le Dikhumō.”

Fa a sena go neela kgakololo e, Jesu o tlhomamisetsa bareetsi ba gagwe gore ga go tlhokafale gore ba tlhobaele ka ditlhokafalo tsa bone tsa dilo tse di bonalang fa ba baya tirelo-Modimo kwa pele. “Lebañ dinōnyane tsa loapi,” a rialo, “yaka di sa yale, le gōna di sa robe, leha e le go rorèla mo mabolokeloñ: me Rra eno oa legodimo oa di otla.” Jaanong go tswa foo o a botsa: “Lona a ga lo tlhwatlhwa e kgolo thata bogolo go cōna?”

Go tswa foo, Jesu o lebisa go dithunya tsa naga mme a tlhokomedisa gore “le leñ èna Solomone, mo kgalaleloñ eotlhe ea gagwè, o na a sa kgabe yaka señwe sa cōna tseuō. Me,” o a a tswelela, “ha Modimo o apesa yalo boyañ yoa naga . . . a ga o ketla o apesa lona bogolo yañ, lona ba tumèlō e pōtlana?”

Jalo Jesu o a digela: “Ke gōna, se itlhobaeleleñ, loa re, Re tla ya eñ? Kgotsa, Re tla nwa eñ? kgotsa, Re tla apara eñ? . . . Gonne Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe. Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” Mathaio 6:1-34; 26:36-45.

◆ Ke ditaelo dife mo thapelong tseo Jesu o neng a di fa?

◆ Ke eng fa dikhumo tsa legodimo di le botlhokwa segolo, mme di bonwa jang?

◆ Ke ditshwantsho dife tse di filweng tseo di thusang motho go tila go rata dilo tse di bonalang?

◆ Ke eng fa Jesu a ne a re go tlhobaela ga go tlhokafale?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela