LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/1 ts. 3-4
  • A Re Tshela mo ‘Motlheng wa Bofelo’?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Re Tshela mo ‘Motlheng wa Bofelo’?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go ka nna Gone ga Letsatsi la Katlholo
  • Jesu, Daniele, le Bokhutlo jwa Lefatshe
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Go Tlhaola Baobamedi ba Boammaaruri mo Motlheng wa Bofelo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Go Nonotshiwa ke Morongwa wa Modimo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Buka ya Daniele le Wena
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/1 ts. 3-4

A Re Tshela mo ‘Motlheng wa Bofelo’?

“Me wèna, Daniela, cwalèla mahoko, u kanèlè lokwalō, go ea go hitlha hèla kwa motlheñ oa bokhutlō.”​—Daniele 12:4

MOJI o ne a etsaetsega. Jaaka a lebile kwa ntle ka fensetere ya lebentlele la dijo tse di buduleng la Manhattan-bogare le le lebaganyeng le Times Square, New York City, matlho a gagwe a itaya kwa le kwa magareng ga disupa-nako tse tharo tsa dinomoro, tsotlhe di supa nako ka ditlhaka tse dikima. Sesupa-nako se sengwe se ne se re 11:28. Se sengwe, jaaka ekete se belaela go bo nako e ile, se setse kwa morago ka 11:26, fa sa boraro ka go fela pelo se ne se sianetse kwa pele ka 11:29.

‘Motsotso kana e mebedi ga se sepe,’ o ka nna wa rialo. Lefa go ntse jalo, a ke o leke go kgotsofatsa motho jalo, yo o sa tswang go siiwa ke bese, terena, kana sefofane, eseng ka metsotso mme e leng ka metsotswana! Go itse nako ya boammaaruri ke sengwe sa botlhokwa. Go itse fa re leng teng mo lenaneong la Modimo e bile go botlhokwa go feta moo.

Go ka nna Gone ga Letsatsi la Katlholo

Ke boammaaruri, jaaka o ka tswa o itse, batho ba ntse ba bua ka ‘motlha wa bofelo,’​—bangwe ba re ‘bokhutlo jwa lefatshe’ kana ‘letsatsi la katlholo’—​ka makgolo a dingwaga. Moperofeti Daniele o ne a bua ka lone makgolo a a 25 a dingwaga a a fetileng. (Daniele 12:4) Mme mo malatsing ano, go ya ka mokwadi yo o ikemetseng ka nosi James David Besser, “ga go sa tlhole go ikaegile ka bodumedi kana tumelo ya semoya go amogela go ka nna gone ga letsatsi la katlholo; se se tlhokegang fela ke go atamela go dikgang tsa thelebishene.” A ga o dumele?

Kwa ntle ga pelaelo, thelebishene e dira gore dikgang tsa mafatshe di nne gaufi ka go tlisa tiragalo fela mo matlong a rona. E dira gore mathata a lebege a le gautshwane thata le gone a le a botho thata. E re gakolola gore motse-mogolo kana toropo e e sentsweng ke mahumapelo a a ka nnang gone a nuklea, morwa kana morwadi yo o gobetseng setlhogo mo bokebekweng jo bo boitshegang jo bo ka tsogang, mmè kana rre yo o tshwerweng mo tlhaselong ya dirukhutlhi e e ka nnang gone​—go ne go ka diragala gore, mathata ano otlhe e ka bo e nnile a rona. Lefa go le jalo, go ka nna gone ga ditiragalo tseno ka bogone ga go supe gore letsatsi la katlholo le tloga le tla mo go rona. Mme go dira gore go lebege go ka nna jalo, ebile go dira gore potso e e reng, A re tshela mo ‘motlheng wa bofelo?’ e nne e e potlakileng thata.

Jesu, Daniele, le Bokhutlo jwa Lefatshe

Go feta makgolo a dingwaga a a 19 a a fetileng, barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa ba re: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” (Mathaio 24:3) Fa Jesu a ba neela sesupo, o ne a bua ka dikai di le dintsi, tseo ka dikarolo tse dintsi di neng di tla kaya gore re fitlhile mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo.’ Phutholola Bibela ya gago go Mathaio dikgaolo tsa 24 le 25, Mareko kgaolo 13, le Luke kgaolo 21, mme o ipalele ka tsone.

O ka nna wa gakgamadiwa ke go bona gore seo o se balang tota se utlwalega jaaka tshobokanyo ya dikgang tsa gompieno tsa thelebishene. O tla bala ka dintwa, dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetse, le tlhaelo ya dijo​—tsotlhe tse di akaretsang lefatshe lotlhe. Gape o tla bala ka “pitlaganō ea merahe,” le batho ba “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” A o ne o ka nna le mantswe a a botoka go tlhalosa seemo sa lefatshe, seo dithulaganyo tsa thelebishene tsa gompieno di re bolelelang ka sone mo go kana kana?​—Luke 21:10, 11, 25, 26.

Bosupi jo bo nonofileng jo jwa ditiragalo jwa gore re tshela mo ‘motlheng wa bofelo’ ga se gotlhe mo re nang le gone. Jaaka re bontshitse fa godimo, re fitlhela bosupi jo bo tshegetsang seno fa re boela kwa morago ka dingwaga tse dingwe tse di 500 go ya go malatsing a moperofeti wa Sejuda Daniele. Jesu o ne a mmitsa ka leina, mme a supa tirafatsong ya boperofeti jwa gagwe. (Bapisa Mathaio 24:3, 15, 21 le Daniele 11:31; 12:1, 4.) Ka go dira seno, Jesu o ne a bontsha gore o ne a sa lebe mafoko a ga Daniele a “Tesetamente e Kgologolo” e le a a siilweng ke nako kana a a senang bokao bope. Mme le rona re se dire jalo.

A ko o tlhokomele go tshwana ga mafoko a ga Daniele le a ga Jesu jaaka go tlhalositswe fa godimo. Mme o bo o ipotsa ka gore, ‘A ba ne ba sa bue ka selo se le sengwe fela?’

Go phepafetse gore Daniele le Jesu ka bobedi ba ne ba bolelela-pele selo se le sengwe fela, ‘motlha wa bofelo,’ o mo go one Keresete a neng a tla bo a le gone ka thata ya segosi. Kwa bokhutlong jwa lobaka loo, o ne a tla nyeletsa bababa botlhe ba gagwe mono lefatsheng mo sepitleng se segolo. Mme batho ba Modimo ba tla falola.

A o batla go nna gareng ga bafalodi bao? He, tlhokomela bosupi joo Daniele a bo ntshang ka ‘motlha wa bofelo.’ Bo re thusa go itse fa tota re leng teng mo lenaneong la nako la Modimo.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

DANIELE

“Mo motlheñ oa bokhutlō . . . go tla èma Mikaele [Jesu Keresete] . . . me go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe. . . . go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo: . . . me mo motlheñ ouō batho ba ga eno ba tla gololwa.”​—Daniele 11:40; 12:1.

JESU

“Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe? . . .

“Go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe . . .

“Ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: . . . metlha euō e tla khutshahadiwa.”​—Mathaio 24:3, 21, 22.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela