LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 10/15 ts. 32
  • Molemo wa Ditshwantsho Tse di Rutang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molemo wa Ditshwantsho Tse di Rutang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 10/15 ts. 32

Molemo wa Ditshwantsho Tse di Rutang

Ditshwantsho tse di bonwang gantsi di nna le matswela thata go gaisa mafoko a a kwadilweng mo go ruteng dintlha tsa botlhokwa. Mmè mongwe o tlhalosa ka moo a ileng a gomodiwa ka gone ke setshwantsho se se ntseng jalo:

“Ke ile ka ratisiwa thata ditshwantsho tse di thusang tse di mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ke botswerere jwa tsone mo go lebiseng ka phepafalo mo ntlheng eo e tlotliwang.

“Lefa go ntse jalo, kanaanelo ya me mo bokgoning jwa tsone go tshwanela seemo e ne ya gola Sontaga se se fetileng fa mongwe mo lelapeng la rona a tlhagelwa ke kotsi. Morwa wa rona yo mmotlana, Aaron, o ile a robega lebogo, mme ngaka e ne ya tlhalosa ka gore o ne a tshwanelwa ke go tshwarisiwa bogatsu gore le lomaganngwe. Jaaka morwa wa rona a ntse a kgaramediwa mo setilong sa maotwana, ke ne ka ikutlwa ke robega ditokololo. Fa nako e ntse e tsamaya ka go iketla, go tshwenyega ga me ga gola.

“Mme jaanong ka gakologelwa setshwantsho se se mo go kgaolo 11, mo go tsebe 100. Moko wa mokwalonyana o o fa thoko ga setshwantsho wa re, ‘Motsadi ka lebaka le le utlwalang o tla dumelela gore ngwana wa gagwe yo a mo ratang a ariwe karo e e botlhoko. Modimo le one o na le mabaka a a utlwalang a go dumelela gore batho ba boge ka nakwana.’ Jaaka ke ntse ke akanya ka seo kgapetsa, kagiso ya Modimo ya tla mo go nna, mme ke ne ka nna le gone go wela dibete le go itshwara.”

Ditshwantsho tse di molemo tse di rutang tse di fetang 150, bontsi ba tsone di le mo mmaleng o montle, di fitlhelwa mo kgatisong eno e e molemo-lemo. Ikamogelele sekaelo ka go tlatsa le go romela foromonyana eno, le R4,50.

Tswee-tswee nthomelelang, poso e dueletswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe di le 256 ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ke romela R4,50.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela