LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 10/1 ts. 30-31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Lwantsha Tlolomolao ka Tšhaka ya Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Ke Eng Fa go Na le Tlolomolao e e Kanakana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Molao wa ga Jehofa o Itekanetse”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 10/1 ts. 30-31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Mokeresete a ka farologanya jang pipa-molomo (eo e kgalwang ke Bibela) le “go tlhapisa diatla” kana go fa “mpho” ka ntlha ya tiro e e dirilweng?

Re tshwanetse go lemoga gore ditlwaelo di a farologana go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe. Mekgwa eo e amogelwang mo mafatsheng mangwe e a kgopisa kana e ka nna e e sa tshwanelang kwa gongwe. Ka sekai, batho mo nageng e nngwe ba ka ikoba fa pele ga basimegi ba puso, mme mo lefatsheng le lengwe seo se ka lebiwa jaaka kobamelo ya medimo ya disetwa.a Ka mo go tshwanang, mokgwa wa “go tlhapisa diatla” oo o amogelwang mo lefatsheng le lengwe o ka nna wa gamarisa kana ya nna o e seng wa semolao mo go le lengwe. Lemororo Bakeresete ba gakologelwa dipharologanyo tse di ntseng jalo, botlhe ba tshwanetse go dirisa kgakololo ya Modimo kgatlhanong le pipa-molomo

Pipa-molomo ke eng, mme Bibela e a reng ka yone? The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Pipa-molomo e kaya go fa kana go naya motho yo o mo maemong a a ikanngwang sengwe sa botlhokwa, yoo le ene a senyang tiro ya gagwe kana a robang molao e le gore a direle yo o mo neileng mpho molemo.” Ka gone ke pipa-molomo go ta moatlhodi madi (kana mpho) gore o tlhotlheletse tshwetso eo a dirang le gore a sokamise katlholo. Gape ke pipa-molomo go ntsha madi gore o tsietse molao, jaaka go kopa motlhatlhobi wa dikago kana wa dikoloi gore a tlodise tlolomolao matlho.

Modimo o kgala pipa-molomo, a bolelela baatlhodi ba Baiseraela jaana: “U se ka ua shōka katlholō; u se ka ua tlhōkōmèla bomañmañ yoa batho; le gōna u se ka ua amogèla nèō; gonne nèō e tle e houhatse matlhō a eo o botlhale, e shōkamise mahoko a mosiami.” (Duteronome 16:19; bapisa Diane 17:23; Isaia 1:23; 5:23; 1 Samuele 8:3-5.) Jehofa o tlhoma tekanyetso ka namana, ka gonne mo go ene “ga go na boikepō bopè . . . leha e le go tlhōkōmèla bomañmañ yoa batho, leha e le go amogèla dineō.” (2 Ditihalo 19:7; Duteronome 10:17) Bakeresete bao ba eletsang go amogelwa ke Modimo ba gana go amogela pipa-molomo.​—Bapisa Ditihō 24:26.

Lemororo batho lefatshe ka bophara ba kgala pipa-molomo ebile ba na le melao e e leng kgatlhanong le yone, batho ba le bantsi ba lebana le bothata joo bo bontshiwang ke potso e e fa godimo. Ba itse gore go batlega “mpho” kana “go tlhapisa diatla” go dira gore badiredipuso ba ba kwa tlase mo lefatsheng la bone ba dire tiro ya bone kana gore ba e dire ka tshwanelo. Ka sekai, The Wall Street Journal e boletse jaana ka lefatshe lengwe le le tletseng ka infoleishene: “Gore badiredipuso ba bone madinyana a a kwa godimo a a tlhokafalang gore ba tswele pele ba tshela, ba dirisa tsela e e seng kafa molaong ebile e se ya sepe. ‘O tshwanelwa ke go ba duela gore ba go neye foromo lefa e ka nna ya mofuta ope,’ go bolela moeteledipele wa lefapha lengwe la puso jalo. Ka nako e e tshwanang, batlhankedi ba phudugelo ba tshwenya bajanala ka [R50] ba ba akabetseng kwa maemelafofaneng a boditšhaba gore ba ba tempele makwalo a bone a mosepele gore basepedi bao ba seka ba seiwa ke difofane tsa bone.”

Bosheng jaana, U.S. News & World Report e tlhalositse jaana mabapi le ditiego tsa badiredipuso le go busediwa madi goo go nnang gone ka ntlha ya tsone goo go anameng go dikologa lefatshe. Ka sekai, e boletse gore: “Mo malatsing ano Moindia o tshwanetse a naya modiredipuso madi ka bokukuntshwane gore a kwadise ngwana mo sekolong, gore a amogelwe mo kokelong, le eleng go buka mo tereneng.” Dikai tse dingwe tsa seno di akareletsa:

​—Mmapatsi o tlhoka gore a nne le tumelelo pele ga a ka bereka. O duela madi a semmuso, kwa kantorong ya puso, lefa go ntse jalo mongwe le mongwe o itse gore fa a sa ntshe “mpho” dipampiri tsa gagwe di tla bewa kwa tlase ga tse dingwe. Lemororo a sa kope gore a fetisediwe kwa pele ga ba bangwe, fa a ba “tlhapisa matsogo” ka mo go tlwaelegileng, pampiri ya gagwe e tla tshwarwa ka tshwanelo.

​—Kwa lefatsheng lengwe, batho ba itse gore batlhankedi ba pharakano ba duelwa madi a a kwa tlase mme go lebeletswe gore baa tlatse ka “dimpho tsa dinotsididi.” Motlhankedi o emisa mokgweetsi mongwe a bo a re o tlodile molato mongwe, jalo motho yoo o tshwanetse go duelela kotlhao. Fa mokgweetsi a ganela gore o robile molao ope, motlhankedi o mo tlhagisa gore fa kgang eo e ya kwa kgotlatshekelo, o tla duedisetsa monna yoo gape le go gagautlha motlhankedi. Ka gone, ba le bantsi ba duelela “katlholo,” ba e leba jaaka lekgetho leo eseng la semmuso. Ba bangwe ba a gana, ba ikemiseditse go ikarabela.

​—Mmasepala o lebeletswe gore a baakanyetse ka dilo tseo di olelang matlakala. Mme go tlwaelegile gore mmalelapa a neye batho bao ba phuthang matlakala “mpho” nngwe. Fa mongwe a sa dire jalo, matlakala a gagwe a a “lebalwa,” mme a ka nna a atlholelwa maemo a eseng a boitekanelo.

Mathata a a ntseng jalo a bontsha gore ba le bantsi ba ba laolang ba dirisetsa maemo a bone a mo pusong morokotso o o sa siamang. (Moreri 8:9) Bakeresete ba tlhologeletswe tsamaiso e ntšha ya tshiamo ya Modimo, mme go fitlhela ka nako eo ba tshwanetse ba dirisana le tsamaiso ya ga jaanong. (2 Petere 3:13) Seno se ka kaya go lemoga maemo a lefelo la lona koo badiredipuso ba lebeletseng mpho gone fa ba dira tiro ya bone. Le eleng mo mafatsheng ao selo se se ntseng jalo se tlwaelegileng gone, Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa bao ba dirisanang le batlhatlhobi le batlhankedi ba makgetho ba ile ba gana go ba “tlhapisetsa diatla” gore ba bone seo se ba tshwanetseng go ya ka molao. Ka gonne ba itsiwe ka ntlha ya boemo jono, ba tshwarwa ka tsela eo batho ba le bantsi ba e bonang fela ka go e duelela (Diane 10:9) Lefa go ntse jalo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a kaelwa ke segakolodi sa gagwe se se rutilweng ka Bibela go ya ka boemo jwa lefelo la gagwe

Go rata moagelani ke selo se se tshwanetsweng sa akanyediwa. (Mathaio 22:39) E tla bo e se lorato go dirisetsa “mpho” gore o tshwarwe ka tsela eo o batlang ka yone, e e jaaka gore o tlodisediwe kwa pele ga ba bangwe ba ba emeng, go tlhokomologiwa bao ba letileng. Jesu o re gakolotse gore re tshware ba bangwe jaaka re batla go tshwarwa. (Mathaio 7:12) Bakeresete bangwe ba ikutlwa gore fa go tla gore go latele bone mo tereseng, ba ka dira go ya ka tlwaelo ya lefelo leo ya go ntsha “mpho” go dira gore modiredipuso a dire seo tiro ya gagwe e se batlang. Tota gone, kwa mafatsheng ao “dimpho” tse di ntseng jalo di sa tlwaelegang kwa go one kana koo di garamarisang batho ba bangwe gone, Mokeresete yo o lorato o tla dira ka tsela e sa kgopiseng ba bangwe ka yone.​—1 Bakorintha 10:31-33.

Ntlha e nngwe ke go utlwa molao. Jesu o kgothaleditse jaana: “Ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leñ tsa Modimo.”b (Mareko 12:17; bona gape le Mathaio 17:24-27.) Ke selo se sengwe fa Mokeresete yo a sa robang molao a lebeletswe gore a “tlhapise” mothapiwa wa puso kana motlhankedi yo mongwe “diatla.” Mme go tweng fa Mokeresete a robile molao eletota? Mo kgannyeng eo, a ka ntsha pipa-molomo jang ka segakolodi se se siameng gore a tlhotlheletse motlhankedi gore a tlhokomologe tlolomolao eo? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore re tshwanetse go tshaba babusi ba bagolo, bao ba nang le maatla a ‘go bontsha bao ba dirang bosula bogale.’ (Baroma 13:3, 4) Boemo jwa ga Paulo ka namana e ne e le gore: Fa a dirile phoso, o ne a tla amogela kotlhao e e tshwanetseng. (Ditihō 25:10, 11) Ka gone, Mokeresete yo o tlodileng molao wa pharakano a ka nna a tshwanelwa ke gore a duelele kotlhao, go ya kafa motlhankedi kana moatlhodi a laelang ka gone.

Paulo gape o ne a bolela gore mebuso ke ‘badiredi ba lona gore lo bone molemo.’ Go sa kgathalesege bogagapa jwa badiredipuso bangwe, mebuso e baakanyetsa ka ditirelo tseo di solegelang batho molemo. Ka sekai, badiredipuso ba tlhatlhoba dikoloi go bona gore a di mo tseleng, ebile ba tlhatlhoba meago go bona gore a e dumalana le melao ya molelo kana nnyaa. Ka gone, fa Mokeresete mongwe a ne a ikutlwa gore, mo molaong, o ne a ka “tlhapisa“ motlhankedi yoo o neng a lebeletse “tuelo ya tirelo” “matsogo,” go mo pepeneneng gore seno se farologane gotlhelele le go naya motlhatlhobi mpho gore a tlhokomologe ditlolomolao.

Lefa e ka nna kwa lefatsheng lefe leo ba nnang kwa go lone, Bakeresete ba tshwanetse go dirisa botlhale jo bo mosola fa ba dirisana le maemo a lefelo la bone. Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go gakologelwa gore bao ba ‘tla nnang baeng mo motlaaganeng wa Modimo le go aga mo thabeng ya gagwe e e boitshepo’ ga ba kake ba dirisa pipa-molomo. (Pesalema 15:1, 5) Malebana le go “tlhapisa diatla” gore o amogele ditirelo tse di go tshwanetseng kana go tila go tshwarwa ka mo go sa tshwanelang ke badiredipuso, Mokeresete o tshwanetse go dira tshwetso ka seo segakolodi sa gagwe se se dumelelang mme a ikarabele mo mathateng ape a a nnang gone. Kwantle ga pelaelo o tshwanetse go latela tsela eo e mo tlogelang a na le segakolodi se se molemo ka namana le eo e sa leswafatseng leina le le molemo la Bokeresete kana go kgopisa bao ba mmonang.​—2 Bakorintha 6:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Dipotso tse di Tswang go Babadi,” The Watchtower ya June 1, 1968.

b Bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ba ikarabelela mo go berekaneng le ditlolomolao tsa Modimo, tse di jaaka go utswa, go bolaya, le boaka. Mme Modimo ga a ka a batla gore bagolwane ba phuthego ba gatelele melao le ditaolo tsa ga Kaisara. Ka gone, Paulo o ne a sa ikutlwe a patelesega gore a ise Onesemose kwa balaoding ba Roma,yoo e neng e le motshabi kafa tlase ga molao wa Roma. (Filimone 10, 15) Tota gone, fa mongwe a tlola molao wa lefatshe ka mo go phepafetseng, a nna le leina la gore ke motlolamolao, o tla bo e se sekao se se molemo mme a ka nna a bo a kgaolwa. (1 Timotheo 3:2, 7, 10) Fa e le gore loso lwa yo mongwe le bakilwe ka ntlha ya tlolomolao, go ka felelela ka molato wa madi o o batlang go sekasekiwa ke phuthego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela