Pego ya Baboledi ba Bogosi
A O Lebogela Bodihedi jwa Phatlalatsa?
BODIHEDI jwa ntlo le ntlo ke jwa Dikwalo, mme Basupi ba ga Jehofa ba itsege go kgabaganya lefatshe ka karolo eno ya tirelo ya bone ya phatlalatsa. (Ditihō 20:20, 21) Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe a re: “E tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō; me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Ditihō 5:42 ebontsha gore Bakeresete bao ba pele ba ne ba ya ‘ka ntlo le ntlo’ kwantle ga go emisa.
Kwa Haiti go ne go na le kganetsano malebana le bodihedi jwa ntlo le ntlo jwa Basupi ba ga Jehofa. Seno se simologile fa mmulatsela mongwe yo o kgethegileng a ne a kopana le mosadi mongwe yo o ikanyegang wa Moprosetanta. Fa motlotlo oo o ntse o tsweletse, mokaulengwe yoo o ne a tlhalosa gore ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba rerang ka ntlo le ntlo jaaka Bibela e bontsha. Mosadi yoo o ne a araba ka gore maloko a kereke ya gagwe a ka ya ka ntlo le ntlo ebile ba dirile jalo ka makgetlo mangwe. Ka boammaaruri, Matlhatso o o latelang, Mosupi yoo o ne a kopana le setlhopha sengwe se ya ka ntlo le ntlo, se eteletswe pele ke mosadi yono. Go ne go na le ba ba ka nnang lekgolo mo setlhopheng seo. Mosadi yoo, ka a ne a le motlotlo ka phitlhelelo eno, o ne a bitsa mokaulengwe yoo gore a bogele tiragalo eno.
Beke moragonyana ga moo, mosadi yoo o ne a eteletse setlhopha se sengwe pele mme o ne a itumelela go bontsha mokaulengwe yoo seno. Lefa go ntse jalo, o ne a tshwaya gore go ne go na le mo e ka nnang halofo fela ya palo ya beke pele ga eo. Ka Matlhatso wa bone setlhopha seo se ne se fokotsegetse go 20, mme ka Matlhatso wa botlhano mosadi yoo ke fa a le esi. Ka boikokobetso o ne a ya go mokaulengwe yole mme a dumela gore: “Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba nang le boammaaruri, ereka e le bone fela bao ba ka tswelang pele ka tiro ya go supa beke le beke.”
Mmulatsela yo o kgethegileng yoo o ne a akantsha mosadi yoo ka thuto ya Bibela eo e neng e tla mo bontsha lebaka la go bo Basupi ba ka tswela pele go rera ka ntlo le ntlo le lebaka la go bo ba bangwe ba sa kgone. Mosadi yoo o ne a e amogela. Ene le monna wa gagwe ba ne ba simolola go ithuta mme ba dira kgatelopele e e molemo. Ka bobedi jwa bone ga jaanong ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa, ba bolela Bogosi ka tlhoafalo phatlalatsa ka ntlo le ntlo!
Mokgwa wa ka ntlo le ntlo le e mengwe ya bodihedi jwa phatlalatsa ke dipaakanyetso tse di molemo le tse di lorato tseo Jehofa a di rulaganyeditseng go batlana le bao ba pelo e ikanyegang le go ba thusa gore ba ithute dipatlafalo tsa gagwe tsa botshelo. Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba nna le seabe mo go seno ka boitumelo le mo dikarolong tse dingwe tsa tirelo ya bone e e boitshepo go Modimo. Boikutlo jwa bone bo tshwana le jwa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a re: “Ke leboga èna eo o nneileñ nonohō, eboñ Keresete Yesu Morèna oa rona, ka a nkaile boikañō, a ntaolèla tihèlō ea gagwè.”—1 Timotheo 1:12.