Dibela Molomo wa Gago!
O KA NNA bogale le go senya fela jaaka sebetsa sa ntwa. Mme gape o ka nna botshe jaaka dinotshe le go thoba jaaka setlolo. O ka tlisa botshelo, ebile o ka tlisa loso. Ke kafa Bibela e tlhalosang ka gone nonofo ya puo.—Diane 12:18; 16:24; 18:21.
Ke mo go sa gakgamatseng he go bo Solomone a ile a re: “Eo o dibèlañ molomo oa gagwè o ipolokèla botshelō: me eo o atlhamolosañ dipounama tsa gagwè thata o tla bōna tshenyègō.” (Diane 13:3) Botho jo bo senyegileng, maikutlo a a botlhoko, dikamano tse di sulafetseng, le e leng kgobalo ya mmele—tseno tsotlhe di ka nna gone ka ntlha ya go bua ka boeleele. Lefa go le jalo, kwantle ga pelaelo o mongwe yo o batlang ‘go ipolokela botshelo jwa gago.’ O ka ithuta jang go dibela molomo wa gago mme o tile tshenyego e e ka go diragalelang?
“Mo bontsiñ Yoa Mahoko . . . ”
Tsela e nngwe e e motlhofo fela ke go sa bue thata! Gongwe o kile wa kopana le monna kana mosadi yo o lebegang a batla go akgela mo kgannyeng nngwe le nngwe. Abo motho yo o ntseng jalo a ka kgopisa jang ruri! “Molomo oa dieleele o [gorometsa] boeleele hela,” Bibela e a bolela. (Diane 15:2; Moreri 10:14) Legale, seno ga se reye gore motho mongwe le mongwe yo o balabalang ke seeleele kana gore mongwe le mongwe yo o sa bueng thata o botlhale. Mme go kotsi go buela ruri. Diane 10:19 e tlhalosa ka tsela eno: “Mo bontsiñ yoa mahoko ga go ko go tlhōkahala tlolō: me eo o thibañ dipounama tsa gagwè o botlhale.”
Tlhatlhanya Pele ga o Araba
Tsela e nngwe ya go dibela molomo wa gago ke go akanya pele ga o ka bua. Fa motho a sa akanyetse go le pele seo a tla se buang, sebui ka bosone le bareetsi ba gagwe ba ka utlwisiwa botlhoko. Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng o ne a bolela jaana: “Go na le go bua ka kgakgabuèlō yaka ditlhabō tsa putlèla.”—Diane 12:18.
Fa e supa kafa puo ya kgakgabuelo e ka nnang bosula ka gone, buka ya Bibela ya Yakobe e tlhalosa jaana: “Sekgwa se segolo yañ se se chuywañ ka molelō o le monnyennye! Me loleme ke molelō: lebopō loa tshiamololō mo dinameñ tsa rona ke loleme, lo e leñ lōna lo leshwèhatsañ mmele otlhe, me lo chube tikologō eotlhe ea tlhōlègō ea rona, me lōna lo bo lo chubilwe ka molelō oa molete [Gehena, [NW].”—Yakobe 3:5, 6.
Gehena e bapetse leina leno la yone go tswa Mogogorong wa Hinoma o o nong o le ka kwa borwa le borwa-bophirima jwa Jerusalema. Ka dinako tse dingwe mo metlheng ya Baiseraele, melelo e ne e tukela ruri koo go ja matlakala otlhe a motse, moo go neng go dira gore Gehena a tshwanelege jaaka tshwantshetso ya tshenyego e e feletseng. Lefa go le jalo, ke jang loleme lo lo sa laolweng lo ka ‘tshubiwang ka Gehena?’ Motho yo o buang maaka, a etleetsang dithuto tse di tlontlololang Modimo, kana gongwe a sa dirise loleme ka tshwanelo, a ka ipakela kana a bakele ba bangwe gore Modimo a se ka a ba amogela. Go felele ka eng? Ka tshenyego ya bosakhutleng! Ka sekai, Jesu Keresete o ne a raya Bafarasai a re: “A bo go latlhèga lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo dikologa lewatlè le lehatshe, gore lo tlè lo ikgapèlè motho a le moñwe hèla oa chaba: me e re ha a sena go hetolwa yalo, lo mo ntshe ñwana oa molete oa molelō eo o bileñ a gaisa lona sebedi.”—Mathaio 23:15.
Ka gone Bibela e re neela kgakololo eno e e mosola: “Pelo ea mosiami e tlhatlhanya go hetola.” (Diane 15:28) Go molemo thata go akanya kaga se o tla se buang, go na le gore o phomesegele ka sengwe seo se ka gobatsang!
“Lehoko, ha le Buiwa mo Lobakeñ lo e Leñ Lōna”
Go bua mo lobakeng lo e leng lone ke tsela e nngwe ya go dibela molomo wa gago. Solomone o ne a tlhalosa jaana: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna . . . motlha oa go didimala, le motlha oa go bua.” (Moreri 3:1, 7) Fa molekane wa gago a lebega a lapile ka ntlha ya nako e telele kwa tirong ya boitshediso kana mo ditirong tsa ntlo, a eo e lebega e le nako ya go mo imetsa ka mathatanyana a e seng a sepe kana dilo tse o di batlang? Gongwe ono e ka nna “motlha oa go didimala.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le “motlha oa go bua.” Re bala jaana go Diane 15:23: “Lehoko, ha le buiwa mo lobakeñ lo e leñ lōna, le molemō yañ!” A o itse mongwe yo o gateletsweng ke raathata le matshwenyego? A motho yoo o ka nna a bo a sa tlhoke lefoko la kgothatso le le buiwang ka nako e e tshwanetseng sentle?
Jesu Keresete le ka motlha o ne a seka a palelwa ke go dirisa sebaka sa go kgothatsa ba bangwe. Nako nngwe o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tlañ lona lo le losi, re cweleñ kwa thokō kwa heloñ ha go senañ batho, me lo itapolosè ka lobakanyana.” Polelo e tswelela ka go re: “Me ba tsamaea ka mokōrō ba ea kwa thokō kwa heloñ ha go senañ batho. Me batho ba ba bōna ba tsamaea, me ba le bantsi ba bo ba ba itse, me ba tabogèla gōna mmōgō, ba cwa mo metsiñ eotlhe, me ba ba raka.” Kafa ponong ya matshwititshwiti, lono ruri e ne e le lobaka lo lo bonalang lo tshwanetse lwa go bona mafoko a kgomotso! Lefa go ntse jalo, kafa tebong ya ga Jesu le barutwa ba gagwe, lobaka lo no lo bonala lo sa tshwanela. “Me a cwa, me a hitlhèla bontsi yo bogolo yoa batho, me a ba tlhomogèla pelo, ka ba nntse yaka dinku tse di senañ modisa: me a simolola go ba ruta dilō di le dintsi.” (Mareko 6:31-34) Ee, Jesu o ne a dibela molomo wa gagwe. O ne a itse lobaka lo a tshwanetseng go bua ka lone le lo a tshwanetseng go didimala.—Bapisa Mathaio 26:63; 27:12-14.
Mme le wena, o ka ithuta go dibela molomo wa gago. Itike ka namana gore o tile go bua thata. Tila go bua ka kgakgabuelo mo go ka senyang botho jwa gago le jwa ba bangwe. Mme senka dipaka tsa go ka abalana le ba bangwe ‘lefoko le le mosola le le buiwang mo lobakeng lo e leng lone.’ Go dira jalo go tla go thusa go “ipolokèla botshelō.”—Diane 13:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
A o itlwaeditse go tsena ba bangwe ganong kana go latlhela tlhware legonyana mo kgannyeng nngwe le nngwe?