Isagwe ya Gago Ke Mang yo o ka E Bolelelang Pele?
GO LEKA go bolelela isagwe pele go motlhofo. Go nepa gone ga go motlhofo. Go fetoga matsapatsapa a bophiri fela fa dipolelelopele di sa diragale, jaaka dikai tse di latelang di supa ka phepafalo.
Fa esale go tloga metlheng ya bogologolo, motho o ile a leka go itse seo isagwe e se tshotseng. Le eleng gompieno, bontsi jwa rona bo na le keletso ya go bona seo se tla diragalang ka moso. Telekiso eno ya kitso kaga ditiragalo tse di tlang e ile ya gogela motho mo go lekeng mekgwa e mentsi. Ka sekai, mmele wa motho o ile wa tlhatlhobelwa bosupi mo dibopegong tsa sefatlhego sa gagwe, matsetsethego a a mo logateng, le ditselana tse di leng mo legofing la seatla. Motho o ile a ithuta diphologolo—metsamao ya dipeba kana dinoga, go fofa ga dinonyane, le eleng mokgwa o mokoko o nopolang ditlhaka tsa mabele tseo di tshetsweng fa fatshe ka one. Ba bangwe ba ile ba leka dilo tse di ntseng jaaka dibolo tsa kirisetale, dikarata tse di tshamekang, ditaese, makakaba a tee, kana mmuru wa kofi. Mekgwa e e dirisiwang e farologane fela jaaka batho, ditlwaelo, le lobaka lwa nako di ntse, mme diphelelo tsa yone di tshwana fela tsotlhe: e a palelwa.
Lefa go ntse jalo, go na le Mongwe yoo o kgonang go bolelela isagwe pele ka nepo. Ke mang? Jehofa Modimo. Jehofa o tlhomologile ka gonne ke yo “o bolèlañ bokhutlō e sa nntse e le tshimologō.” Le eleng fa ditiragalo di ise di diragale ka botlalo, Modimo o kgona go bolelela pele gore di tla felela ka eng. Ee, Jehofa a ka kgona go phutholola isagwe fa pele ga matlho a motho eseng matsatsi a se kae fela esale pele mme makgolokgolo a dingwaga pele ga nako!—Isaia 46:10.
Ka gone, telekiso ya go itse isagwe ga e a tshwanela go nna lefela. Lefoko la Modimo, eleng Bibela, le re tsholetse dintlha tsa botlhokwatlhokwa. Tota le bontsha gore batho ba boloketswe eng.
[Ditshwantsho mo go tsebe 3]
“Dimatšhini tse di fofang tseo di leng boima jo bo fetang jwa moya ga di kgonagale.”—Lord Kelvin, radipalo wa Boritane, moitseanape, le Mookamedi wa British Royal Society, c. 1895.a
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ditsopolo tseno di tswa mo bukeng ya The Experts Speak, ka Christopher Cerf le Victor Navasky.
“Fa e le gore re tshwanelwa ke go simolola go leka go tlhaloganya botshelo ka moo bo ka nnang ka teng ka 1960, re tshwanetse go simolola ka go lemoga gore dijo, diaparo le matlo di tla bo di ja madi a sekae fela jaaka moya.”—John Langdon-Davies, Mmega-dikgang wa Boritane le Modiri-mmogo wa Royal Anthropological Institute, 1936.
“Seno ke selo sa boeleele go gaisa seo re kileng ra se dira. . . . Bomo ga e kitla e thunya le ka motlha, mme ke bua jaaka moitseanape wa dilo tse di thunyang.”—Admiral William Leahy, a gakolola Tautona ya U.S. Harry Truman malebana le go dirwa ga bomo ya atomiki ya U.S., 1945.
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives