LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/1 ts. 7
  • Jehofa ‘Oa Ungwisa’ mo Fiji

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa ‘Oa Ungwisa’ mo Fiji
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itsise Bogosi Jwa Modimo Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Fiji
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Boitsholo Jo Bo Kgabisang Bodihedi jwa Rona jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/1 ts. 7

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Jehofa ‘Oa Ungwisa’ mo Fiji

DITSHEGOFATSO tsa ga Jehofa di a bonala mo baboleding ba Bogosi ba ba ikanyegang mo ditlhakeng tse dintle tsa Fiji. Jaanong go na le basupi ba ga Jehofa ba le 1 049 mo ditlhakeng tseno, koketsego ya 10 lekgolong go feta ya ngwaga o o fetileng. Ba jetse ba bo ba nosetsa, mme Jehofa o ungwisitse.a​—1 Bakorintha 3:6, 7.

Ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower e bega gore “batho ba kgatlhegela thuto ya Bibela ka mo go sa lebelelwang” Maloko a phuthego nngwe a ne a bereka mo motseng o o kwa thoko koo pele ba neng ba amogelwa ke ba le mmalwa fela. Mme mo lekgetlhong leno kgosana ya motse oo e ne ya itsise gore batho botlhe ba motse ba nne gone mo magaeng go reetsa Basupi ba ga Jehofa le gore morago ga moo makgarebe a ne a tshwanetse go neela bakaulengwe dilapolosi mo holong ya motse oo. Fa mmulatsela wa ka metlha a boela koo morago ga dibeke di le pedi, o ne a fitlhela batho ba ba 28 ba iketleeleditse go ithuta Bibela. Fa e sale ka nako eo, motse ono o ne o ntse o etelwa ka mafoko a a molemo dibeke dingwe le dingwe tse pedi go thusa ba ba kgatlhegang. Mo leetong lengwe le lengwe “ba ba oketsegileng baa tlalelediwa mo dithutong.”

Yo mongwe wa ba ba 68 ba basha ba ba kolobeditsweng kwa kopanong ya kgaolo ya bosheng jaana e ne e le moruta-bana wa Sekolo sa Sontaga mo dingwageng di le robongwe. O ne a tswa mo lelapeng le le ratang bodumedi tota. O ne a etelwa ke Basupi ba babedi fa ba ntse ba le mo bodiheding jwa bone jwa ntlo le ntlo, mme “morago ga go tlotla nako e telele le maeto a mantsi a go boela, labofelo thuto e ne ya simololwa.” Morago ga dikgwedi di le pedi tsa go ithuta Bibela, o ne a leboga tiro ya gagwe jaaka moruta-bana wa Sekolo sa Sontaga, a emela boammaaruri, mme a kolobediwa ngwaga morago ga moo. Fa a ne a bua mafoko a ga moaposetoloi Paulo ka mafoko a gagwe, o ne a re: “Lo ka ne lo utlwaletse ka tiro ya me ka tlhoafalo mo bodumeding jwa maaka fa ke ne ke tlhoafaletse meetlo ya borre. Mme jaanong ke bone boammaaruri, mme ke itumeletse go bo ke direla Jehofa mmogo le lona.”​—Bapisa Bagalatia 1:13, 14.

Ka 1984 Fiji e ne e na le dikopano tsa kgaolo di le pedi ka lekgetlho lantlha. Bagolwane ba le some-a-mabedi-pedi go tswa mo setlhakeng se segolo ba ne ba ithaopa, ka ditshenyegelo tsa bone, go tshegetsa thulaganyo mo kopanong ya bobedi e nnyane mo setlhakeng se sengwe. Ofisi ya lekala e ne ya rulaganya leeto mme e ne e lebeletse bakaulengwe ba le 90 go tswa mo setlhakeng se segolo go nna gone. Lefa go ntse jalo, ba le 115 ba ne ba tsamaya ka sefofane se se kgethegileng mme ba le 320 ka sekepe se se hirilweng. Ka ntlha ya boitsholo jo bontle jwa Basupi, mokgweetsi mongwe wa sefofane o ne a re: “Ke gakgamaditswe ke boitsholo jwa bone, jwa go nna ba iketleeleditse go utlwa dikaelo. Fa ke ne ke itsise gore ba ne ba tshwanetse go fologa mo sefofaneng ka ntlha ya phoso ya motšhini, ba ne ba fologa mo sefofaneng ka tidimalo kwantle ga go ngunanguna kana go ngongorega. Fa ba palama gape, ba ne ba dira jalo ka boitumelo, ka tidimalo, kwantle ga go tlhodia. Ke eletsa ekete bapalami botlhe ba difofane ba ka bo ba tshwana le lona.”

Moenjineri yo mogolo wa sekepe se se hirilweng o ne a akgela jaana: “Go molemo go nna le lona jaaka bapalami, ka gonne le farologane gotlhelele le setlhopha sengwe sa basha sa Bakeresete se re sa tswang go se isa kwa setlhakeng se sengwe. . . . Lo batho ba ba phepa le batho ba go leng motlhofo go dirisana le bone.” Mopalami ka bone o ne a re: “Ke bone sengwe se ke iseng ke ko ke se bone pele . . . ke ne ke robetse mo boalong jo bo tsididi jwa sekepe fa mongwe wa bokgaitsadi ba lona a ne a naya nna le mosadi wa me materase wa gagwe gore re robale mo go one. Ke kgale ke batlana le bodumedi jo bo ntseng jaana.” Motho yono o ne a ya kopanong go ya go bona le go ithuta mo gontsi.

Tota, boitshwaro jo bo molemo jwa bakaulengwe bano botlhe ke seo motho a tshwanetseng go se lebelela mo Bakereseteng ba boammaaruri. Jesu o rile: “Setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō.” (Mathio 7:17) Goa itumedisa go bona koketsego eo Jehofa a e neelang baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang mo Fiji. Mme kwantle ga pelaelo ba bantsi ba ba oketsegileng ba tla arabela mo mafokong a a molemo fa ba ntse ba reetsa go ya pele le go tswelapele ba elatlhoko boitshwaro jo bontle jwa batho ba ga Jehofa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Kwantle ga pelaelo Jehofa o tla tlisa koketsego e kgolwane jaaka Basupi jaanong ba tshwara dithuto tsa Bibela tsa magae di le 1 107, koketsego ya 42 lekgolong mo ngwageng o o fetileng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela