Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A Jesu mo go Yohane 6:53, o ne a lebisitse fela go Bakeresete ba ba tloditsweng fa a ne a akgela a re: “Amarure, amarure, kea lo raea, Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona”?
Dingwaga tse dintsi tse di fetileng re ile ra tlhalosa gore mafoko ano a raya fela Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tla isiwang kwa legodimong go busa le Jesu Keresete. Lefa go ntse jalo, tlhatlhobo e e oketsegileng ya kgang eno e haka tiriso e e atologileng ya Yohane 6:53.
Go nnile dingwaga re ntse re leba mokwalo ono go ya ka kutlwisiso ya ditemana tseo di dirisang ditlhaloso tse di tshwanang. Ka sekai, tshetla e e reng ‘botshelo mo go lona’ e tshwana le mafoko a ga Jesu go Yohane 5:26, eo e neng e tlhalosa gotlhelele ka Jehofa le Jesu. Lefa go le jalo, jaaka go tlhalositswe mo ditsebeng 11 le 12 tsa makasine ono, kutlwisiso ya Yohane 5:26 e baakanyetsa ka motheo wa go tlhaloganya mafoko ‘botshelo mo go ene’ mo temaneng eo. Mme Yohane 6:53 e ne ya buiwa ngwaga moragonyana mme e na le kutlwisiso e e farologanyeng.
Se sengwe gape se se bakileng pono ya rona ya pele ka Yohane 6:53 e ne e le kakgelo ya ga Jesu kaga ‘go ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe.’ Seno se ne se tshwana le seo Keresete a neng a se bua fa a ne a simolola Sejo sa Morena sa Maitsiboa. Fa a ne a se simolola, o ne a bua kaga nama ya gagwe le madi, mme a laela gore ditshwantshetso tsa tseno (senkgwe se se sa bidisiwang le beine) di jewe ke balatedi ba gagwe ba ba neng ba tla tsenngwa mo kgolaganong e ntšha le mo kgolaganong ya Bogosi. (Luke 22:14-22, 28-30) Lefa go ntse jalo, se sengwe gape ke gore, kutlwisiso ya Yohane 6:53 e tshwanetse ya lemogwa.
Fa Jesu a ne a bua se se kwadilweng go Yohane 6:53, go simolola ga gagwe ya Sejo sa Morena sa Maitsiboa e ne e santse e na le ngwaga e ise e tle. Ga go ope wa ba ba neng ba reeditse Jesu yo o neng a na le mogopolo ope kaga keteko ya ngwaga le ngwaga kaga ditshwantshetso tsa sebele tseo di emelang nama le madi tsa ga Keresete. Go na le moo, setlhogo sa ga Jesu, kana tlhaloso ya gagwe, go Yohane kgaolo 6 ke tse di amanang le nama ya gagwe e e tshwantshanngwang le mana. Lefa go le jalo, go ne go na le pharologano. Nama ya gagwe (mme, a oketsa, madi a gagwe) di ne di feta mana a sebele mo e leng gore nama ya gagwe e ne ya ntshediwa botshelo jwa lefatshe, e kgonisa gore go nne le botshelo jo bo sa khutleng.—Yohane 6:48-51.
Jalo he, patlisiso e e oketsegileng e sa tswa go sedifatsa gore go ne go na le lobaka lwa ngwaga magareng ga mafoko a ga Jesu mo go Yohane 5:26 le dikakgelo tsa gagwe mo go Yohane kgaolo 6; jalo e ne e le ngwaga o mongwe pele ga a simolola Sejo sa Morena sa Maitsiboa. Go ile ga otlelelwa thata gape mo kutlwisisong e e latelang ya Yohane 6:53. Ka gone, setlhogo se se mo ditsebeng 15-20 se neelana ka tiriso e e atolositsweng ya Yohane 6:53, go akareletsa bao ba tsenngwang mo kgolaganong e ntšha ya botshelo kwa legodimong le bao ba nang le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.
◼ Dipolelo tsa Diefangele le dibuka tsa ditshupiso di bonala di farologana gore Jesu o ne a ja leng mo ntlong ya ga Simone wa molepero mo Bethani lefa a ne a tlodiwa ka setlolo se se tlhotlhwa-kgolo. E ne e le leng?
Go bonala fa ditiragalo tseno di diragetse ka Nisane 9 (khalendara ya Sejuda) wa 33 C.E. Mme jaaka fa go kaiwa fa tlase mo mabakeng a phetso e e ntseng jaana, o tla bona gore ke ka ntlha yang fa go tswelela ka go ithuta Lefoko la Modimo go ka tokafatsa kitso ya gago le kutlwisiso.
Ditlhaloso kaga modiro ono di bolelwa mo go tse tharo tsa Diefangele tse nne. (Mathaio 26:6-13; Mareko 14:3-9; Yohane 12:2-8) Mathaio le Mareko ba umaka modiro oo morago ga ba sena go bolela kaga go tsena mo Jerusalema ga ga Jesu a pagame jaaka mofenyi, go hutsa ga gagwe setlhare se se sa ungweng sa mofeige, le go araba potso ya baaposetoloi ba gagwe kaga bofelo jwa tsamaiso ya dilo. Mathaio le Mareko boo-babedi ba latedisa polelo kaga modiro le go dirisanya ga ga Judase le baeteledipele ba Bajuda kaga go oka Jesu. Tsela e moletlo wa dijo o tlhalosiwang ka yone mo dipolelong tse pedi tseno e akantsha gore o ne wa diragala ka Nisane 12, malatsi a le mabedi fela pele ga Jesu a okiwa le go bolawa ka Nisane 14. Jalo modiro o ile wa bewa letsatsing la Nisane 12 mo ditšhateng di le dintsi tse di bontshang ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu, go akareletsa le tse dingwe mo dikgatisong dingwe tsa rona tsa pele.
Go Yohane kgaolo 12 moletlo wa dijo kwa ntlong ya ga Simone o bewa ka tsela e e farologaneng. Yohane 12:1 e bega gore Jesu o ne a goroga mo Bethani gaufi le Jerusalema “malatsi a le marataro pele ga Tlolaganyō,” moo e tla nnang ka Nisane 8. Go tswa foo Joh 12 ditemana 2-8 di tlhalosa selalelo mo Bethani, mme Joh 12 ditemana 9-11 di re bolelela gore Bajuda bao ba neng ba utlwa gore Jesu o ne a le gauti ba ne ba tla go mmona. Joh 12 Ditemana 12-15 di bolela gore “ka moshō” Keresete o ne a tsena mo Jerusalema jaaka mofenyi. (Bapisa Ditihō 20:7-11.) Ka jalo, Yohane 12:1-15 e supa gore moletlo wa dijo kwa ntlong ya ga Simone o ne o le ka Nisane 9 mo maitseboeng, leo go ya ka khalendara ya Sejuda le neng le tla tshwaya tshimologo ya letsatsi je lesha, mme morago go latela karolo ya motshegare ya letsatsi leo (Nisane 9) la go tsena ga ga Jesu mo Jerusalema.
Mo dikgonegong tse pedi tseno, ya bobedi e bonala e utlwala go feta. Ka ntlha yang? Mme kana, a re bapiseng dipolelo le kutlwisiso ya tsone. Mathaio le Mareko ga go ope wa bone yo o fang letsatsi la moletlo mo ntlong ya ga Simone. Lefa go le jalo, ba bontsha gore kwa moletlong oo go ne ga tsoga ngongorego malebana le go dirisiwa ga setlolo se se tlhotlhwa-kgolo ke Maria, ngongorego eo Johane a reng e ne ya tsosiwa ke Judase yo o segagapa. (Mathaio 26:8, 9; Mareko 14:4, 5; Yohane 12:4-6) Jaaka fa re tshwaile, Mathaio le Mareko boo-babedi ba feleletsa modiro ka go bolela kaga go ya ga ga Judase kwa baperisiting go bona gore ba ne ba tla mo duela bokae go oka Keresete. Ka gone e ka nna ya bo e le gore Mathaio le Mareko ba umaka polelo ya moletlo e le ka mabaka a setlhogo fela, ba golaganya bosupi jo bongwe jwa bogagapa jwa ga Judase le go re kgabagare a bo a ile a bo bontsha.
Lefa go le jalo, Johane o fa letsatsi je le tlhomameng ja moletlo, a supa gore o ne a le umaka mo boemong jwa lone go ya kafa tlhatlhamanong ya metlha. Seno se tshegetsa phetso ya gore selalelo kwa legaeng la ga Simone se ne sa nna morago ga Jesu a sena go goroga mo Bethani ka Nisane 8, 33 C.E. Gape, gakologelwa boikitsiso jwa ga Johane jwa gore Bajuda bao ba neng ba ‘tla go itse fa Jesu a le mo Bethani’ ba ne ba tswa Jerusalema go tla go mmona ene le Lasaro, yo le ene o neng a nna kwa Bethani mme bokgaitsadie ba ne ba le kwa moletlong. Loeto lono lwa Bajuda bano ka nako eo ba neng “ba tlhaloganya” fa Jesu a le mo Bethani go bonala sentle fa lo ka ne lo diragetse pele ga a tsena mo Jerusalema, mme gongwe go ile ga tlatseletsa mo kamogelong e e tlhagafetseng ya ga Keresete fa a tla a pagame a tsena mo motseng ‘letsatsing je le latelang,’ mo motshegareng wa Nisane 9.
Patlisiso e nngwe e e kelotlhoko e e gogelang mo phetsong eno e supiwa mo dikgatisong tsa bosheng tsa tšhate ya “Ditiragalo tse Dikgolo Tsa Botshelo jwa Selefatshe Jwa Ga Jesu,” jaaka mo kgatisong ya 1985 ya The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures. Lemororo seno e ka bonala ekete ke ntlha fela e potlana, ya tlhaloso, go supa kafa re ka tswelelang ka gone re gola mo kitsong le mo kutlwisisong ya dintlha tse di molemo mo Lefokong la Modimo.