Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Kwa Bethania, mo Ntlong ya ga Simone
FA JESU a tswa kwa Jeriko, o leba kwa Bethania. Loeto lo lo tsayang mo e ka nnang letsatsi lotlhe, ereka e le mokong wa dikilometara tse di ka nnang 19 mo tseleng e e maswe. Jeriko e ka nna dimetara di le 250 kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle, mme Bethania e dimetara tse 760 kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle. Bethania, jaaka o ka gakologelwa, ke koo go nnang Lasaro le bokgaitsadie gone. Motse o monnye ono o ka nna dikilometara di le tharo go tswa mo Jerusalema, mme o kafa botlhaba jwa Thaba ya Lotlhware.
Ba bantsi ba setse ba gorogile mo Jerusalema go tla Tlolaganyong. Ba tlile go sa le gale gore ba tle ba iphepafatse. Gongwe ba ile ba tshwara mmele wa motho yo o suleng kana ba dirile sengwe se se ba leswefaditseng. Jalo ba latela thulaganyo e e tlhomilweng ya go intlafatsa e le gore ba ka kgona go keteka Tlolaganyo ba amogelwa. Jaaka bao ba tlileng go sale gale bano ba kgobokana kwa tempeleng, bontsi bo ipotsa gore a Jesu o tla tla Tlolaganyong.
Jesu ke kgang-kgolo mo Jerusalema. Go itsege gore baeteledipele ba bodumedi ba batla go mo tshwara mme ba mmolae. Ebile-tota, ba setse ba laotse gore motho ope yo a ka itseng kwa a leng gone, a ba bolelele. Baeteledipele bano ba ne ba setse ba lekile go mmolaya ka makgetlo a mararo mo dikgweding tse di sa tswang go feta—kwa Moletlong wa Metlaagana, kwa Moletlong wa Boineelo, le fa a sena go tsosa Lasaro. Jalo, batho ba ipotsa gore a Jesu o tla boa a ba itshenolela gape? “Lo gopolañ?” ba a botsana. “A ke go re, ga a ketla a tla mo modihoñ?”
Ka nako eo, Jesu o goroga mo Bethania malatsi a le marataro pele ga Tlolaganyo, eo e tlileng go nna ka Nisane 14 go ya ka khalendara ya Sejuda. Jesu o fitlha kwa Bethania mo maitseboeng a Labotlhano, eo e leng mo tshimologong ya Nisane 8. O ne a ka seka a tsaya loeto lwa go ya kwa Bethania ka Matlhatso ka gonne go tsamaya ka Sabata—eo e simologang ka Labotlhano maitseboa, go fitlha ka Matlhatso maitseboa—ga go dumelelwe go ya ka molao wa Sejuda. Go lebega Jesu a ya kwa ntlong ya ga Lasaro, jaaka a kile a dira pele, mme o robala bosigo jwa Labotlhano koo.
Lefa go ntse jalo, mongwe wa baagi ba Bethania o laletsa Jesu le ditsala tsa gagwe gore di tle go ja nae dijo tsa maitseboa ka Matlhatso. Monna yono ke Simone, yo a kileng a bo a na le lepero, yoo gongwe pelenyana ga foo a ileng a fodisiwa ke Jesu. Lasaro ke mongwe wa bao ba ntseng fa tafoleng le Jesu. Ka go bo e le motho yo o senatla, Maratha o tlhokometse baeng. Mme, jaaka gale, Marie ene o tlhokometse Jesu, mme mo lekgetlong leno o dira ka tsela e e tsosang kgang.
Marie o bula sedibelwana sa alebasetara, kana nkgwana e nnye, eo e ka tshelang lookwane lo lo nkgang monate lwa bokete jo bo ka nnang halofo ya kilogerama, eleng “naredo.” Ke e e tlhwatlhwa-kgolo fela thata. Eleruri, boleng jwa yone bo lekana le tuelo ya modiri ya ngwaga otlhe! Fa Marie a tshela tlhogo ya ga Jesu le maoto a gagwe mme a bo a mo phimola maoto ka moriri wa gagwe, ntlo e tlala ka monko o o monate.
Barutwa ba a galefa ba bo ba botsa jaana: “Ana tshenyo e ke ea go reñ?” Judase Isekariota ene o ne a re: “Ana setlōlō se se ne se sa rekisediweñ sa bōna dipondo di le mashomè mararo, me ga abèlwa bahumanegi?” Me eleruri Judase ga a amega ka bahumanegi, ka go bo o ne a ntse a utswa madi mo letloleng la barutwa.
Jesu o buelela Marie. “Mo leseñ,” o ba laela jalo. “Lo mo chwenyetsañ? O dihile tihō e e molemō mo go nna. Gonne bahumanegi lo na nabō ka metlha eotlhe, me lo ka ba dihèla molemō ka metlha eotlhe kaha lo ratañ ka gōna; me nna ga ke nne le lona ka metlha eotlhe. O dihile kaha o nonohileñ ka gōna: mmele oa me o o tloleditse phitlhō go sale galè. Me amarure kea lo raea, Goñwe le goñwe kwa Mahoko a a Molemō a tla rèrwañ gōna mo lehatshiñ yeotlhe hèla, le shōna se mosadi eo o se dihileñ, se tla bolèlwa gōna, gore e nnè segopodishō kaga gagwè.”
Jaanong Jesu o ne a setse a nnile mo Bethania go feta dioura di le 24, mme go setse go itsege gore o gone. Ka gone, ba bantsi ba tla kwa ntlong ya ga Simone go tla go bona Jesu, mme ba tlile go bona gape le Lasaro. Jalo baperesiti ba bagolo ba batla go bolaya Jesu gammogo le Lasaro. Seno ke ka gonne bontsi jwa batho bo dumela mo go Jesu ka gonne ba bona motho yo o tshelang yo a mo tsositseng mo baswing! Ka boammaaruri, abo baeteledipele bao ba le boikepo jang ne! Yohane 11:55–12:11; Mathaio 26:6-13; Mareko 14:3-9; Ditihō 1:12.
◆ Jesu o goroga leng mo Bethania, mme go lebega a ne a nna kae ka Sabata?
◆ Ke puisano efe e e leng gone kwa tempeleng, mme ka ntlhayang?
◆ Ke eng seo Marie a se dirang seo se tsosang kgang, mme Jesu o mmuelelela jang?
◆ Ke eng seo se supang boikepo jo bogolo jwa baperesiti ba bagolo?