Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Mo Senagogeng ya Motse wa Gagabo
FA JESU a boela gae, re ka akanya fela kafa go neng ga nna le kgatlhego e e tlhoafetseng ka gone mo Nasaretha. Pele ga a ya go kolobediwa ke Johane mo e ka nnang ngwaga pelenyana, Jesu o ne a itsiwe jaaka mmetli. Mme jaanong o tumile thata jaaka modira-dikgakgamatso. Baagi ba motse ba tlhoafaletse go mmona a dira dingwe tsa dilo tseno tse di gakgamatsang mo go bone.
Tlhologelelo ya bone e a oketsega jaaka Jesu, kafa tlwaelong ya gagwe, a ya mo senagogeng ya lefelo leo. Fa tirelo e ntse e tsweletsepele, o ema ka dinao go bala, mme o neelwa lokwalo lwa ga moperofeti Isaia. O bona golo fa go bolelwang kaga Ene yo o tloditsweng ka moya wa ga Jehofa, golo foo mo Bibeleng ya rona gompieno e leng kgaolo 61.
Morago ga a sena go bala kaga Ene yono a neng a tla rerela bagolegwi kgololo ka gone, go foufolola difofu, le kaga ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa, Jesu o neela motlhanka lokwalo a bo a nna fa fatshe. Matlho otlhe a tlhomilwe mo go ene thata. Go tswa foo o bua le bone, gongwe e le ka lobakanyana, a tlhalosa a re: “Gompiyeno, lokwalō lo, lo dihahetse mo ditsebeñ tsa lona.”
Batho ba gakgamalela “mahoko a a monate” a gagwe me ba raana ba re: “Eo, a ga se morwa Yosefe?” Mme ka go itse gore ba batla go mmona a dira dikgakgamatso dingwe, Jesu o tswelelapele a re: “Rure, loa bo lo tla mpolèlèla sechwanchō se, lo re, Naka, iphodise: cotlhe tse re di utlwileñ di dihilwe kwa Kaperenama, u di dihè le mono lehatshiñ ya ga eno.” Ka phepafalo, bao e neng e le baagelani ba ga Jesu ba ikutlwa gore phodiso e tshwanetse ya simologa mo gae, gore batho ba gagabo e nne bone ba solegelwang molemo pele. Jalo ba ikutlwa gore Jesu o ile a ba tlhokomologa.
Ka go lemoga mogopolo wa bone, Jesu o anela ditiragalo dingwe tse di tshwanelang. Go ne go na le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele mo metlheng ya ga Elija, o a tlhokomedisa, mme Elija ga aa ka a romelwa go ope wa bano. Go na le moo, o ne a ya kwa motlholagading yo o seng Moiseraele kwa Sidona, koo a neng a feta a dira kgakgamatso e e bolokang botshelo. Le mo metlheng ya ga Elisha, go ne go na le balepero ba le bantsi, mme Elisha o ne a ntlafatsa Naamane fela mo Siria.
Jaanong ba gakaditswe ke dipapiso tseno tsa ditiragalo tse di sa ba beeng mo leseding je le ntle mme di senola bopelotshetlha jwa bone le tlhaelo ya tumelo, ba ba mo senagogeng ba a nanoga mme ba kgoromeletsa Jesu ka kwantle ga motse. Fa ba tsena koo, mo tlhoreng ya thaba eo Nasaretha a agilweng mo go yone, ba leka go mo digela kwa tlase. Mme Jesu o tswa mo diatleng tsa bone a bo a falola. Luke 4:16-30; 1 Dikgosi 17:8-16; 2 Dikgosi 5:8-14.
◆ Ke eng fa go na le tlhoafalo e e gakgamatsang mo Nasaretha?
◆ Ke eng se batho ba se akanyang kaga puo ya ga Jesu, mme ke eng he se se ba gakatsang?
◆ Ke eng seo batho ba lekang go se dira mo go Jesu?