Pego Ya Baboledi ba Bogosi
Kgolo ya Bolegodimo mo Venezuela
GO NE ga feta malatsi mogote e le o o bogale ka mo go sa tlwaelegang. Bafeti-ka-tsela ba ne ba gakgamadiwa ke go bona babereki bao ba neng ba bereka ka thata mo mogoteng wa letsatsi fa mongwe le mongwe a ka bo bogolo a itapolositse mo moruting kana mo kamoreng e e nang le sefetlha-moya. Ka bonya ka bonya, ditshipi tse di tshegetsang kago tsa simolola go bonala. Mo dikgweding di ka nna tharo le sephatlo, banna ba ne ba setse ba digetse moago wa matlhatlaganyane a le mane—koketso e ntšha ya kago ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower mo La Victoria, mo Venezuela.
Seno tota e ne e le lekgetlo la bobedi lekala mo Venezuela le atolosiwa fa e sale ka le ne le bulwa ka 1946, fa go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 13 mo nageng eo. Ka 1977 palo ya bone e ne e tlhatlōgetse go 13 000. Kgabagare, kago e ntšha ya lekala e ne ya wediwa mme ya kgakolwa mo La Victoria mo ngwageng oo. Fa e sale, palo ya Basupi mo nageng eo e ile ya menagana sebedi. E ne e le nako ya kgolo e nngwe gape.
Koketso e ntšha (fa morago kafa mojeng mo setshwantshong), ka bodilo jo bo ka feteng 20 000 square feet (1 900 sq m), ke e e fetang gabedi kakaretso yotlhe ya selekanyo sa lekala. Tselana ya dikoloi e e kafa mojeng thata e a go tsena mo karatšheng ya dikoloi di le 15 mo bodilong jo bo kwa tlase. Bogatisetso bo ile jwa fudusiwa mo kagong ya 1977 (moago o moleele o o mo bogareng) go ya mo karolong e e fa fatshe ya koketso e ntšha, koo go nang le matlwana a babaakanyi le babetli gape go na le diofisi. Karolo e e setseng ya kago ke moo go nnang gone balelapa la Bethele.
Kago e ntšha e na le tanka eo e bolokang metsi le motšhine o o fetlhang motlakase fa go na le mathata, ka jaana ditlhaelo tsa metsi le go kgaoga ga motlakase di nna nako le nako mo karolong eno ya lefatshe. Mme go sola molemo ka botlalo letsatsi le le phatsimetseng ruri le moya, matlhatswetso a beilwe kwa godimo ga kago.
Ke eng seo batho ba lefelo leo ba se akanyang kaga moago o mosha? Lemororo bangwe ba hutsafaletse go latlhegelwa ke tshingwana e ntle e pele e neng e le foo, ba le bantsi ba ikutlwa gore kago e oketsa ponalo e e tlotlegang mo lefelong leo. Motlhami wa dikago yo o itsegeng thata, yo o neng a utlwalela thata kaga kago eo mo a neng a tla go e iponela ka boene, o ne a raya bakaulengwe a re: “Eno kwantle ga pelaelo ke kago e e di gaisang tsotlhe mo La Victoria.” Yo o neng a kgatlhega thata thata ka mo go tshwanang gape e ne e le moenjenere wa toropo, yo ka boipelo a neng a ntsha tetla ya go nna mo kagong mme a re: “Ke tlotlo go ntsha tetla ya gore go ka nniwa mo kagong e e ntseng jaaka e.”
Basupi mo Venezuela ba ne ba ipela ka April 21, 1985, fa ba le 15 802 ba bone ba kgobokanetse mo Valencia gautshwanyane go tla kgakolong, mme ba le 38 059 ba ne ba nna gone mo metseng e mengwe e le metlhano go tla go utlwa thulaganyo ka telefounu. Palo ya ba ba nnileng gone e ne e feta kgakala palo-kakaretso ya baboledi mo nageng eo. Ba ipela le go itumelela paakanyetso eno ya bomodimo go ba baakanyetsa sentlentle go rera mafoko a a molemo a Bogosi pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo tla.—Mathaio 24:14.