Dibatana Tsa Tshenolo—Ke Goreng O Tshwanetse Go Bala Kaga Tsone?
TSHENOLO! Leo ke leina le le tsosang maikutlo le le neelwang buka ya bofelo ya Bibela. Buka eo e tletse ka ditshwantsho tsa mafoko tse di tsepameng, tse di tlhomologileng mo go tsone e le tsa kgogela le dibatana tse tharo. Bangwe ba tshosiwa ke dibatana tseno. Ba bangwe ba di tlhokomologa fela ba re ke megopolo fela ya monna mogolo. Ke ka ntlha yang, he, fa o tshwanetse go bala ka dibatana tsa Tshenolo! Ke ka go bo boitumelo jwa gago bo a kopanyelediwa.
Gone go ntse jalo, moaposetoloi Johane e ne e le monna mogolo fa a ne a kwala buka ya Tshenolo mo e ka nnang dingwaga tse 1 900 tse di fetileng. Lefa go le jalo a seo se raya gore dibatana tse e di tlhalosang e ne e le ditoro fela tsa tlhaloganyo e e setseng e tsofetse? Nnya, mme Johane e ne e se monna mogolo wa ntlha go bona diponatshegelo tse di ntseng jalo. Monna mongwe yo o neng a bidiwa Daniele le ene o ne a bona diponatshegelo tsa dibatana a setse a tsofetse, mme diponatshegelo tseno di ne tsa itshupa e le dipolelelopele tse di tlhomameng tsa diphetogo mo mebusong ya batho. (Daniele, dikgaolo 7 le 8) Gape, Jesu Keresete ka boene o ne a leba Daniele jaaka yo o tlhotlheleditsweng ke Modimo a bo a mmitsa moperofeti le go tsopola mekwalo ya gagwe.—Mathaio 24:15.
Jesu o ne a supa gore baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tla amogela tao e e oketsegileng ya bomodimo morago ga a sena go swa. (Yohane 16:12, 13) Mme ereka dikarolo tse dintsi tsa buka ya Tshenolo di ile tsa diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang, re ka tlhomamisega gore diponatshegelo tsa ga moaposetoloi Johane tsa dibatana tsa Tshenolo le tsone di ne di tlhotlheleditswe ke Modimo.—2 Timotheo 3:16.
Ketapele ya buka ya Tshenolo e re: “Tshenolō ea ga Yesu Keresete, e Modimo o e mo neileñ, . . . me a roma moengele oa gagwe a e bolèlèla Yohane motlhanka oa gagwè [ka ditshupo, NW].” (Tshenolō 1:1) Jalo he, ditshwantsho tse di mo bukeng ya Tshenolo, go akareletsa le tsa dibatana tsa yone, ke tsa tshwantshetso, e seng tsa sebele. Ga go tlhokafale gore o boife go bala kaga tsone. Dibatana tseno tsa tshwantshetso di baakanyetsa Bakeresete kitso e e botlhokwa-tlhokwa, di ba kgonisa go boloka kamano ya bone le Modimo. Ka gone, moaposetoloi Johane o ne a ka kwala a re: “Go segō eo o balañ, le ba ba utlwañ mahoko a polèlèlō pele e, ba ba ba boloka dilō tse di kwadilweñ mo go eōna: gonne lobaka lo atametse.” Ee, go tlhaloganya ga gago ditshwantshetso tseno go ka go tlisetsa boitumelo gone jaanong le mo isagweng.—Tshenolō 1:3.