Dibatana Tsa Tshenolo—Di Bolelang?
KA MATLHATSO, Seetebosigo 15, 1985, letsatsi la thapama le ne la galalela mo kagong ya Merafe e e Kopaneng mo New York. Jaaka gale, lesomo la baeti le ne le tlile go bona dikago-kago tseno tse di kgatlhang, mme ba le bantsi ba ne ba sitega go ka tlhoka go supa kgatlhego ya bone mo dilong tse ba neng ba di bona.
Lefa go le jalo, go tla go fitlha jaanong, Merafe e e Kopaneng e bonala e santse e retelelwa ke go kopanya merafe. Ke fela jaaka mokaedi mongwe a ne a bua jaana mo motshegareng oo: “Go ile ga nna le dintwa di le 150 fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe II, mme gaa swa batho ba ka feta dimilione tse 20. Ga go ise go nne le goromente wa lefatshe lotlhe. Go bonala fa seno e le sone se se gaufi-ufi go ka dira seo.” A goromente wa lefatshe jotlhe he, ke toro fela ya maithamako? O tla gakgamalela go itse gore, karabo e ka fitlhelwa ka go tlhatlhoba dibatana tsa Tshenolo.
Batlhalosi bangwe ba Bibela ba fitlhela go sena bokao bope jwa seperofeti mo dibataneng tsa buka ya Tshenolo. Go na le moo, ba di dirisetsa ditiragalo tseo di neng tsa diragala fa moaposetoloi Johane a ne a santse tshela. Ka sekai, The Catholic Encyclopedia, mo tlhalosong ya yone kaga sebatana le Tshenolo, e re: “E ne e le tlwaelo ya bakwadi ba Tshenolo . . . go tsaya diponatshegelo tsa bone jaaka ekete ke dipolelelopele mme ba di kaye jaaka ekete ke tsa nako nngwe e e fetileng.”
Mme moaposetoloi Johane o ne a bolela jaana: “Ka bo ke tsenywe ke Mōea ka letsatsi ya Morèna.” (Tshenolō 1:10) Ee, buka ya Tshenolo ga e lebise mo ditiragalong tse di fetileng, mme e leng mo ‘letsatsing’ le le tlang fa Morena Jesu Keresete a ne a tla bo a simolola go busa a le kwa legodimong. Go ya ka Tshenolo kgaolo 6, “letsatsi ya Morèna” le tshwaiwa ka dintwa tsa lefatshe, tlhaelo e e anameng ya dijo, le malwetsi a a bolayang. Ditiragalo tse di neng tsa bonwa mo lefatsheng mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20 ke bosupi jo bo tlhatswang pelo gore re ntse re tshela mo ‘letsatsing la Morena’ fa e sale ka 1914.—Tshenolō 6:1-8.a
Mo ngwageng eo ya ditiragalo, Jesu Keresete o ne a simolola puso ya gagwe ya Bogosi. (Tshenolō 11:15, 18) Ka gone dibatana tsa Tshenolo di tshwanetse tsa tuma thata morago ga nako eo. Tota ruri, dibatana tseno di tshwantshetsa baba ba Modimo bao ba kgoreletsang batho gore ba ka leba Bogosing jwa Modimo jaaka thulaganyo e le yosi fela e e ka kgotsofatsang keletso ya motho ya go bona kagiso. Baba bano ba akareletsa kgogela le dibatana di le tharo. A re di tlhatlhobeng ka go bonala ga tsone ka tatelano.
Kgogela E Kgolo
“Bōnañ!” Johane a tlhalosa, ‘kgogela e kgolo e khibidu, e e nang le ditlhogo di supa, le dinaka di le some.’ Kgogela eno e kgolo e tshwantshetsang? Johane ka boene o tlhalosa gore ga e emele mongwe o sele fa e se Satane Diabolo. Go ya ka ponatshegelo ya ga Johane, kgogela eno e ne ya ganetsa go tsalwa ga Bogosi Jwa Modimo jwa selegodimo ka mabetwa-e-pelo ka 1914. Phelelo ya nna eng? “Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō.”—Tshenolō 12:3, 7-9.
Johane o bontsha gore seno se tla nna le diphelelo tse di botlhoko mo bathong. “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:12) Lemororo a kganeletswe mo sebakeng sa lefatshe, Satane o santse a ntse a gagamaletse go itlhakanya le Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo. O dira seno ka go tsietsa setho, a dirisa dibatana tse tharo. Akanyetsa tlhaloso ya ga Johane ya santlha mo go tseno.
Sebatana Sa Lewatle
“Me ka bōna sebatana señwe se tlhatloga mo lewatleñ, se na le dinaka di shomè le ditlhōgō di shupa . . . Me sebatana se ke se bonyeñ sa bo se chwana le nkwè, maroo a shōna a bo a nntse yaka maroo a bera, molomo oa shōna o nntse yaka molomo oa tau: me kgōgèla ea se naea thata ea eōna, le setulō sa eōna, sa bogosi, le taolō e kgolo.”—Tshenolō 13:1, 2.
Phologolo eno e e boitshegang e tshwantshetsang? A le tlase ga tlhotlheletso, Johane o re neela tshedimosetso e e botlhokwa: “Sa nèwa taolō mo locoñ loñwe le loñwe, le chaba, le puō, le morahe.” (Tshenolō 13:7) Ke eng seo se laolang motho mongwe le mongwe yo o tshelang mo lefatsheng? Se sengwe fela: tsamaiso ya lefatshe ka bophara ya mmuso wa sepolotiki. A tsamaiso eno eleruri e amogela taolo go “kgōgèla,” ebong Satane? Bibela e araba ka go re ee. Ka sekai, moaposetoloi Johane o ne a re: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Ga go gakgamatse go bo, fa Satane a ne a leka go raela Jesu kwa nageng, a bo a ile a mo solofetsa taolo mo ‘magosing otlhe a lefatshe’ mme a bo a re: “[Taolo eno e] neecwe nna.”—1 Yohane 5:19; Luke 4:5, 6.
Lefa go le jalo, ke eng se se tshwantshediwang ke ditlhogo tse supa tseo? Mo go Tshenolō 17, Johane o ne a bontshiwa sebatana se sengwe se se boitshegang seo tota tota e neng e le setshwano se se feletseng sa seno. Le sone se ne se na le ditlhogo di supa. Ditlhogo tsa setshwantsho di ne tsa tlhalosiwa jaaka tse di emelang “dikgosi di shupa,” kana maatla a lefatshe, ao go one ‘tse tlhano di neng di ole, e nngwe e sale gone, e nngwe e ise e tle.’ (Tshenolō 17:9, 10) Maatla a lefatshe a matlhano a ne a tlhagoga ka ditiragalo tsa Bibela pele ga motlha wa ga Johane: ebong Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, le Gerika. Roma, ebong a borataro, a ne a santse a busa fa Johane a ne a santse a tshela.
Tlhogo ya bosupa e ne e le eng? Ereka jaana ponatshegelo e ne e amana le “letsatsi ya Morèna,” e tshwanetse ya bo e lebisa maatleng a lefatshe ao a emeng mo boemong jwa puso mo metlheng eno ya bofelo fa e sale ka 1914. Ditiragalo di senola fa seno e le maatla a mabedi a lefatshe ao a dirilweng ka Britane le United States of America. Pele ga 1914, Britane e ne e tlhomile mmuso o mogolo wa lefatshe o o iseng o ko o nne gone. Mo lekgolong la dingwaga la bo-19, e ne e bile e dirile dikgolagano tse di nonofileng tsa botsalano mmogo le tsa papadi le United States. Dinaga tse pedi tseno di ne tsa thusanya mo tlhabanong ka Ntwa ya Lefatshe I le II, mme kamano ya bone e e kgethegileng e ile ya tswelelapele go fitlhelela le gompieno. Ka 1982, Tautona wa United States ebong Reagan o ne a bua mo palamenteng ya Britane kaga “botsala jwa dinaga tsa rona tse pedi jo bo gakgamatsang.” Bosheng jaana, ka Tlhakole 1985, tona-kgolo wa Britane o ne a buisa makgotla a Palamente a mabedi mo United States mme a re: “Ekete merafe ya rona e e ntshanyang seinong e ka gatela pele mmogo . . . ya nna maikaelelo a a nonofileng, maikutlo a le mangwe fela, jaaka fa re atamela sekete sa boraro sa motlha wa Bokeresete.”
Ka ntlha ya tlhotlheletso ya one e kgolo mo dikgannyeng tsa lefatshe, maatla a mabedi a Maesemane le Maamerika a tshwantshediwa ka mo go farologaneng mo bukeng ya Tshenolo. Jang? Ka sebatana sa bobedi sa Tshenolo.
Sebatana Sa Lefatshe
“Me ka bōna sebatana se señwe,” ga kwala Johane, “se tlhatloga mo lehatshiñ; me sa bo se na dinaka di le pedi yaka kwana, me sa bo se bua yaka kgōgèla. Ka go iphaka gore one ke a Bokeresete le a a sa tlhabaneng, maatla a lefatshe a Maesemane le Maamerika a ile a ipaya jaaka ekete ke kwanyana. Mme tota a ile a itshwara jaaka kgogela. Jang? Ka go tlhoma mmuso wa one mo merafeng e le mentsi le go thopa ditsompelo tsa lefatshe ka bogagapa. Gape, “se patèlèla lehatshe le ba ba agileñ mo gō yeōna, gore ba ōbamèle sebatana sa pele, se go reñwa ga shōna ga losho go no go hodile. Me se ree ba ba agileñ mo lehatshiñ, se re, ba dihèlè sebatana sechwanchō.” (Tshenolō 13:3, 11-15) Seno se ne sa diragadiwa jang?
Tsamaiso ya lefatshe ka bophara ya sepolotiki ya ga Satane e ne ya tlelwa ke “losho” mo ntweng ya ntlha ya lefatshe. Go kganela selo se se ntseng jalo gore se se diragale gape, Britane le Amerika di ne tsa etleetsa ‘kobamelo’ ya tsamaiso ya sepolotiki. Di ne tsa dira seno ka gore merafe e ‘dire setshwantsho sa sebatana.’ Seno se ne sa diragala jang?
Kwa bokhutlong jwa ntwa ya lefatshe ya ntlha, Tautona Wilson wa United States o ne a tswa letsholo lwa go buelela Kgolagano ya Merafe eo e neng e sa tswa go akantshiwa. Mabapi le seno, o ne a bolelela batla-phuthegong ya Paris Peace Conference ka 1919 a re: “Baemedi ba United States ba ema-nokeng boikaelelo jo bogolo jono jwa Kgolagano ya Merafe. Re le tsaya jaaka motheo wa thulaganyo yotlhe eo e neng e bontsha boikaelelo rona . . . mo ntweng eno. . . . Ka khutshwane, re tlile fano, go go dira gore yone metheo a ntwa eno e tlosiwe.”
Morago ga fa Tautona Wilson a sena go digela o ya gagwe, go ne ga ka ga ema ope o sele fa e tona-kgolo wa Britane ebong Lloyd George, o neng a re: “Ke ema na go ema boitlhomo no nokeng. Morago ga uo e e manontlhotlho ya Tautona wa United States e ikutlwa gore ga go tlhokafale ditshekatsheko dipe pele ga boitlhomo jono bo ka amogelwa ke Kokoano eno, mme ke . . . tlhalosa jaana kafa batho ba Mmuso-mogolo wa Britane ba emeng nokeng boikaelelo jono ka maatla ka gone.”
Moragonyana mo ngwageng oo, mo pokanong nngwe e e neng e le mo Lontone go ema nokeng tlhomo ya Kgolagano ya Merafe, go ne ga balwa lekwalo le tswa kwa go Kgosi ya Great Britain: “Re fentse ntwa. Seo ke phitlhelelo e kgolo. Mme ga e ise e lekane. Re ne ra tlhabana go bona kagiso ya go ya go ile, mme ke tlamego ya rona e e kwa pele-pele go dira maiteko otlhe go e tshegetsa. Ka jalo, ga go sepe se se tlhokafalang thata thata go gaisa Kgolagano ya Merafe e e nonofileng le e e nnetseng ruri. . . . Ke kgothaletsa baagi botlhe ba Mmuso-mogolo tirong eno, gore, ka thuso ya banna botlhe ba bangwe ba ba maikutlo mantle, kago ya phemelo le tshireletso e e tlhomamisegang ya kagiso, kgalaletsong ya Modimo . . . di ka tlhongwa.”
Ka Ferikgong 16, 1920, Kgolagano ya Merafe e ne ya tlhongwa e na le maloko a dinaga di le 42. Ka 1934 e ne ya akaretsa dinaga di le 58. Sebatana tsa lefatshe se se dinaka di pedi se ne se atlegile mo go direng gore lefatshe le ‘dira setshwantsho sa sebatana.’ Setswantsho seno, kana tshwantshetso ya tsamaiso ya lefatshe ka bophara ya ga Satane ya sepolotiki, se kaiwa ke sebatana sa bofelo sa Tshenolo.
Sebatana Se Se Bohibidu Jo Bo Letlhololo
Johane o tlhalosa jaana sebatana seno sa bofelo: “Sebatana señwe se se mmala o o bohibidu yo bo letlhōlōlō, se bile še tletse maina a tlhapaco, se le ditlhōgō di shupa le dinaka di shomè.” Mabapi le sebatana seno, Johane o ne a bolelelwa: “Sebatana se u se bonyeñ, se fe se leeō, me ga se tlhole se leeō; me se tloga se tlhatloga mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me se ea tatlhegoñ. . . . Ke kgosi ñwe efa bohèra mebedi.” (Tshenolō 17:3, 8, 11) Go ya fela kafa tlhalosong eno, Kgolagano ya Merafe e ne ya leka go itshwara jaaka maatla a lefatshe mo ditiragalong tsa lefatshe. Lefa go ntse jalo, le ne la palelwa ke go kganela Ntwa ya Lefatshe II, eo e neng ya simologa ka 1939. Sebatana se ne sa nyelela, jaaka go ka tualo go ya moleteng.
Mo Ntweng ya Lefatshe II, maatla a lefatshe a Maesemane le Maamerika a ne a dira ka thata go tsosolosa lekgotla leo la merafe yotlhe. Ka 1941 tona-kgolo wa Great Britain, ebong Winston Churchill, o ne a tshwara dipuisanyo tsa phiri le Tautona Franklin Roosevelt wa United States mo sekepeng mo lewatleng la Atlantic. Ba ne ba dira maitlamo a a kopanetsweng kaga “ditsholofelo tsa isagwe e e boto a ya lefatshe” le “go tlhongwa ga tsamaiso e e atlabetseng le e e nonofileng ya polokesego ya botlhe.” Mo ngwageng e e latelang mo Washington D.C., merafe e le 26 e ne ya dumalana le maitlhomo ano a Maesemane le Maamerika mo go seo se neng sa bidiwa “Maitlamo a Merafe e e Kopaneng.” Seno se ne sa gogela mo go tsalweng ga lekgotla la Merafe e e Kopaneng ka Phalane 24, 1945. Sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se ne se tlhatlogile mo moleteng ka leina le lesha. Gone jaanong jaana, merafe e tleng leno, leo, ba solofelang gore, le tla tsweledisa tsamaiso ya puso ys sepolotiki ya batho e e leng gone jaanong.
Lefa go ntse jalo, seno sotlhe, se tlhokomologa Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia, jo bo tlhomilweng kwa legodimong ka 1914. Motho mongwe le inongwe mo lefatsheng o tshwanetse go ikgethela magareng ga puso ka Modimo le puso ka motho. Ka bonakonyana, sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo, gammogo le mebuso yotlhe ya batho, di tla tlhabana le Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, ebong Jesu Keresete. Phelelo e tla nna eng? ‘Gonne ke ene Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi, Kwana [Jesu Keresete] o tla ba fenya.’ Ee, sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo gammogo le tsamaiso yotlhe ya mebuso ya batho di tla ‘ya tshenyegong.’—Tshenolō 17:11, 14; bona gape Daniele 2:44.
Abo e tla nna lesego jang go bo o ile wa seka wa timediwa ke kgogela le dibatana tsa gagwe tse tharo! Bao ba ileng ba itshupa e le babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Modimo ba tla falola go nna bontlhanngwe jwa “lehatshe ye lesha.” Modimo “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana; leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (2 Petere 3:13; Tshenolō 21:3, 4) Jalo he, ineele mo Bogosing jwa Modimo, jo e leng jone puso fela ya lefatshe e e tla tswelelang. Mme, le wena o tla bo o siametse go ka ipelela masego ano a go ya go ile.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ne ga tlotliwa ka ntlha eno ka botlalo mo tokololong ya Tora ya Tebelro ya January 1 le January 15.