Boikgapo Bo Botlhokwa-tlhokwa mo Bakereseteng
MORAGO ga mapodisi a sena go ya go bona tiragalo ya go thuntshiwa ga motho mo torotswaneng nngwe mo New Mexico, U.S.A., ba ne ba fitlhela kitsi ya banyalani ba ba sa leng banana e kgatsegetswe ke madi le go tlala ka dinawa tse di tala. Mmalapa o ne a na le ntho mo mmeleng. Ka ntlha yang? Yo o neng a kaiwa ka polao, ebong molekane wa gagwe, go begwa a ile a raya mapodisi a re: “A o ne o tla bo o se seeleele go ja dinawa malatsi otlhe?”
A go thata go dumela seo? Gongwe. Lefa go le jalo, ka ntlha ya tsone dilonyana tseo batho ba ile ba bo ba bolawa. Ditiragalo tse di ntseng jalo di ntse di tlwaelega. Go ya bokgakaleng jo bogolo, seno se ka ntlha ya tlhaelo ya boikgapo. Ka ntlha ya go palelwa ke go laola maikutlo a bone, batho ba tlala kgakalo—eo e neng ya tlhalosiwa ke moaposetoloi Paulo jaaka “ditihō tsa nama.”—Bagalatia 5:19-21.
Tlhaelo eno ya boikgapo e e ntseng e gola ke bontlhanngwe jwa bosupi jwa gore re tshela mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang,’ ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno e kgologolo ya ga Satane. Fa a ne a tlhalosa metlha eno, Paulo o ne a kwala gore batho ba tla nna “ba ba sa ichwareleñ, . . . ba sena boithibō [boikgapo, NW], ba le bogale.” (2 Timotheo 3:1, 3) Ka phepafalo, ‘metlha ya bofelo’ e mo go rona, mme e ntse e tswelela pele ka thubakanyo.
Ke eng seo Bakeresete ba tshwanetseng go se dira ka ntlha ya seno? Paulo o ne a ba kgothaletsa go Iwantsha “ditihō tsa nama” ka go nna le maungo a moya wa Modimo, ao a akaretsang “boikgapō.” (Bagalatia 5:19, 22, 23) Boikgapo ke eng? Ke ka ntlha yang fa Paulo a hakela seno? Mengwe ya melemo eo bo e tlisang ke efe?
Boikgapo bo ile jwa tlhalosiwa jaaka “boithibo mo ditlhotlheletsong tsa motho, maikutlo, kana dikeletso.” Paulo o ne a bontsha gore boithibo jo bo ntseng jalo bo thusa go lemoga yo o leng Mokeresete wa boammaaruri. Tota, go bontsha boikgapo go thusa go godisa maungo a mangwe a moya wa Modimo, jaaka kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, le bonolo. Bo kgonisa Mokeresete go nnela ruri mo go direleng Modimo le mo go gananeng le dikgatelelo tsa ga Satane, lefatshe, le nama e e sa itekanelang. Ka gone, Paulo o ne a kwalela Bagalatia a re: “Sepelañ ka Mōea, me ga lo ketla lo dihatsa thatō ea nama.”—Bagalatia 5:16.
Seno se tlhokafala segolo bogolo jaanong ka jaana metlha ya bofelo ya rona e tshwaiwa ke go tlhoka boikgapo mo go ntseng go gola. Ka sekai, mapodisi mo mafatsheng a le mantsi a fitlhela gore bakgweetsi ba le bantsi ba ntse ba tlhokomologa melao ya tsela. Ditlolo tse di ntseng jalo gantsi di tlhagisa go goagoana ka mafoko mo go ka gogelang mo dintweng. Aitsane, mmila mongwe mo Houston, Texas, o na le mokgwatlha mongwe o o bidiwang “Mmila wa Dikomang” ka jaana gantsi dintwa di tsoga koo. Jaaka sekai se sengwe, akanyetsa se fa gongwe se diragalang fa bakgweetsi ba letetse go reka peterolo. Tlhaelo ya boikgapo e feletse ka go phamoga ga maikutlo mme le e leng ka polao fa bakgweetsi ba bangwe ka bogagapa ba lekile go tsenelela ba bangwe gore ba tle ba bone peterolo e ba neng ba e batla.
Mo maemong ano le a mangwe a a tshwanang a a gatelelang, Mokeresete o tshwanetse gore a seka a tlhotlhelediwa ke bao ba gakalelang ba bangwe. O tshwanetse ka metlha yotlhe a nne motho yo o boikgapo le yo o bonolo.
Melemo ya Boikgapo
Boikgapo bo lere melemo e le mentsi, mengwe ya yone e le e e iponatsang fela. Ka sekai, Lefoko la Modimo le nyatsa bogagaru le botagwa. (Diane 23:20, 21) Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana: “Leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèle kgalaleco ea Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) Boikgapo bo re thusa go dirisana le seno, mme seno se lere melemo e e tlhamaletseng ya boitekanelo. Lefa go ntse jalo, go nwa thata le bogagaru ga se tse di senyang boitekanelo fela mme di ka nna tsa bo tsa felela ka gore Mokeresete a tlosiwe mo phuthegong ya Bokeresete. Jalo he, boikgapo mo dintlheng tseno bo thusa Mokeresete go atamalana gaufi le Jehofa.
Boikgapo gape bo re thusa go ganana le moya wa boitaolo wa lefatshe jeno. (1 Bakorintha 2:12) Gompieno, boaka, bosodoma, kgokafalo, le mefuta yotlhe ya tshokamo ya kafa dikobong di bolelwa phatlalatsa jaaka tse di amogelesegang, jaaka tse di tlwaelegileng. Lefa go ntse jalo, banna ba Bakeresete le basadi ba ganana le kanamiso e e ntseng jalo mme ba Iwela go ipoloka ba le phepa mo matlhong a Modimo. Ba itse gore “go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Boikgapo bo dira gore ba kgone go ganana le go bodisiwa ke mogopolo wa boitsholo jo bo sa siamang oo o tla ba akantshang gore dilo tse di ntseng jalo di a amogelesega.
Mogopolo o o phoso o anama ka ditsela tse di farologaneng gompieno mme segolo bogolo ka boitlosobodutu, e ka ne seno e le ka thelebishene, dibaesekopo, mmino, metshameko ya mo seraleng, dibuka tse di baIwang, kana metswedi e mengwe. Mokeresete o tshwanetse a bontsha boikgapo malebana le nako eo a e senyang a ipelela boitlosobodutu, a lemoga gore motho o tlhoka fela selekanyo se se rileng sa boitlosobodutu gore a lapologe, mme morago ga selekanyo seo se sena go feta, boitlosobodutu bo nna boitlhapediso le go senya nako. O tshwanetse gape a dirisa boikgapo mabapi le methale ya boitlosobodutu eo a e ipelelang, a lemoga gore bontsi jwa boitlosobodutu jo bo tumileng gompieno bo sedifatsa maikutlo a boitsholo jo bo sa siamang, ditshekamelo tsa thubakanyo, kana go kgatlhwa ke maselamose. Dilo tseno ga di a tshwanela Bakeresete.—Baefesia 2:1-3.
Boikgapo bo Felela ka Tswelelopele
Boikgapo ga se tshireletso fela. Bo thusa gape Mokeresete go dira botswelelopele kafa semoyeng le mo bodiheding jwa gagwe. Moaposetoloi Petere o ne a otlelela seno fa a ne a kwala a re: “Mo tumèloñ ea lona lo tsenyè go diha molemō, le mo go diheñ molemō ga lona lo tsenyè kicō; Le mo kicoñ ea lona lo tsenyè boikgapō.” O ne a re, dinonofo tseno, ga mmogo le bopelotelele, poifomodimo, lorato mo bakaulengweng, le lorato, “di lo diha gore lo se nne bobodu, leha e le botlhōka louñō, mo kicoñ ea Morèna oa rona Yesu Keresete.” (2 Petere 1:5-8) Boikgapo bo re thusa jang go tswelela pele jaaka badihedi ba Bakeresete?
Mokeresete gantsi o dirisa nako e ntsi mo kgweding nngwe le nngwe a bolelela ba bangwe kaga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Lefa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba ka nna ba tlhakanela mo tirong eno ka dipaka tse di rileng fela ka ntlha ya dilo tse dingwe tseo di jang nako ya bone kana ka ntlha ya go kgojwa marapo ke go thulana le tlhaelo ya kgatlhego. Ba ba ntseng jalo ba ka nna ba bo ba na le kitso e e molemo-lemo ya Lefoko la Modimo. Lefa go ntse jalo, mo boemong jwa go tswelela pele, ba boela kwa morago, gongwe go ya ntlheng ya gore ba bo ba ‘tlhoke loungo’ gotlhelele. Ba tshwanetse go dirang?
‘Mo kitsong ya lona lo tsenye boikgapo,’ ga gakolola Petere. Seno e ka nna ya nna boikgapo malebana le nako e e senyediwang mo boitapolosong, mo maitisong a bommogo, kana le e leng mo tirong ya boitshediso. Kana boikgapo bo ka nna jwa kopanyeletsa motho go inonotsha ka metlha yotlhe gore a itshoke go sa kgathalesege go kopana ga gagwe le tlhokomologo. Motho o ka tlhagolela seno ka go ithuta Bibela ka sebele ka metlha, ga mmogo le ka go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete.
Boikgapo gape bo thusa Mokeresete go dira botswelelo pele mo dikamanong tsa gagwe le ba bangwe. Ka go tlhagolela boikgapo, o tla ipelela katlego e e oketsegileng mo go dirisanyeng mmogo le ba bangwe mo phuthegong, mme moya wa boipelo le kagiso o tla rena. (Baefesia 4:3) Mongwe le mongwe, e tla re ka boikgapo, a se ke a batle go nna sekgopi mo go ba bangwe mo phuthegong.—Bafilipi 1:9, 10.
Boikgapo bo kopanyeletsa segolo go laola loleme. Seno se a tlhokafala fa e le gore re tla tila go kgopisa ba bangwe. Mme seno ga se motlhofo. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ.” (Yakobe 3:2) Lefa go le jalo, Jakobe o ne a kgothaletsa Bakeresete botlhe go dira ka thata go laola diteme tsa bone, e le gore ba tle ba di dirisetse go segofatsa ba bangwe. (Yakobe 3:5-12) Ka gone o ne a kwala jaana: “louñō loa tshiamō lo yalwa mo kagishoñ, lo yalèlwe ba ba ratañ kagishō.”—Yakobe 3:18.
Boikgapo fa o Rera
Ka dipaka tse dingwe, Mokeresete fa a le mo tirong ya go rera o ka nna a kopana le motho yo o se nang boikgapo gotlhelele. Mo dipakeng tse di ntseng jalo Mokeresete o tshwanetse a bontsha boikgapo jo bo nonofileng, a nna a wetse dibete mme a sa ipusolosetse e kane e le ka mafoko kana ka ditiro. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a tlhoma sekao se se gakgamatsang mabapi le seno. Mo legaeng ja boraro le a neng a le etela ka Matlhatso mo mosong, mong wa ntlo o ne a bula lebati mme a simolola go mo thuntsha. Lefa go ntse jalo, modihedi o ne a wela dibete fela. O ne a re, “o nthuntshitse.” “Ee,” mong wa ntlo a araba, “ke go thuntshitse,” go tswa foo a tswelapele a ntse a thuntsha. Mosupi o bega jaana: “Marumo a le mabedi a ne a nthuntsha mo lonaong, a le mabedi mo kgetsaneng ya me mme le le lengwefela mo baking ya me. Lerumo le lengwe le ne la nthuntsha mo dinaong. Ke ne ka utlwa ke fisiwa ke mosidi wa lerumo mo maotong a me fa ke leka go fologa mo mathuding.”
Mosadi yono wa Mokeresete o ne a ikgapa fela ka mo go sa tlwaelegang mo boemong jono jo bo lekang. O ne a rapela Jehofa gore a mo thuse go fitlha kwa ntlong e nngwe mme a se ka a wa mo tseleng. O ne a kgona, a e tla a itshwarelela ka diatla tsa gagwe. Mong wa ntlo o ne a mo amogela fa a kokota mme, fa a lemoga gore o thuntshitswe, ka bopelonomi a mo tsenya moteng. Mosadi le morwadie yo motona, yo o leng mooki, ba ne ba mo neela thuso ya ntlha fa morwadie yo mongwe a bitsa mapodisi le ba thuso ya kalafi ka founu. Boikgapo jwa modihedi yono wa Mokeresete bo ne jwa re pele jwa kgatlha mapodisi, go tswa foo, ba thuso ya kalafi, le bontsintsi jo bo neng bo phuthegile, mme labofelo badiri ba sepatela.
Gone go ntse jalo, ga se badihedi ba le bantsi ba Bakeresete ba ba thuntshiwang. Mme gantsi go na le gore ba dirisanye le batho bao ba kgopegileng kana ba gaketseng. Ba tshwanetse go gakologelwa gore “phetolo e e bonolō e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Jesu ke motlhala mo go bone. Petere o ne a kwala jaana ka ene: “Eo e rileñ a kgōywa, a se ka a ba a kgōba; eo e rileñ a boga botlhoko, a se ka a bōpa; me a ineèla hèla mo go eo o atlholañ ka tshiamō.” (1 Petere 2:23) Ee, boikgapo bo hakelwa modihedi wa Mokeresete thata.
Kafa O Ka Tlhagolelang Boikgapo Ka Gone
Ereka jaana boikgapo e le loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo, re tlhoka moya oo go bo godisa. Fela jaaka Paulo a ile a kwala, “sepelañ ka Mōea.” (Bagalatia 5:16, 22, 23) Bakeresete botlhe ba tshwanetse go nna baithuti ba ba tlhagafetseng ba Lefoko la Modimo, leo ka bolone le tlhagisitsweng ke moya o o boitshepo. Go ithuta Lefoko leo ka metlha, le go dirisa seo re se ithutang mo matshelong a rona, go tla re kgonisa go laola megopolo ya rona, re gapèla “megopolō eotlhe mo kgolegoñ ea go utlwa Keresete.” (2 Bakorintha 10:5; Baroma 12:2) Ee, go botlhokwa-tlhokwa gore Mokeresete a ithute go akanya jaaka Jesu a akanya le jaaka Jehofa Modimo a akanya.
Pelo, e e leng yone bonno jwa tlhotlheletso, e tshwanetse ka metlha le yone ya tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo ka jaana boikgapo bo raya gore motho o laola, kana o thiba maikutlo a gagwe kana dikeletso, tseo di tswang mo pelong. (Mathaio 15:19) Gakologelwa, he, kgakololo eno e e molemo: “Dibèla pelo ea gago ka tlhōahalō eotlhe: gonne macō a botshelō a cwa mo go eōna.” (Diane 4:23) Dira gore moya wa Modimo o ame pelo ya gago jaaka o ithuta melao-metheo ya Bibela. Fa go ka kgonega, leka go tshwara ka tlhogo, kgakololo ya Dikwalo eo o ka e dirisang fa o lebane le maemo a a lekang.
Bokopano jo bo molemo le Bakeresetemmogo bo thusa mo go godiseng boikgapo. (Bahebera 10:23-25) Dipokano tse di farologaneng tsa phuthego ya Bokeresete di baakanyeditswe go thusa Bakeresete botlhe go gola mo kitsong le mo kgonong ya go tlhagisa maungo a moya wa Modimo. Mme gape, batla balekane bao ba tlhomang sekao mo kgannyeng ya boikgapo. Ka gone, le wena, o tla kgothadiwa go godisa nonofo eno.—Diane 13:20; 27:17.
Selo se sengwe se se sa tshwanelwang go tlhokomologiwa ke go buisana ka metlha le Jehofa ka thapelo. Mokeresete o tshwanetse ka metlha yotlhe a kopa thuso mo go tlhagoleleng boikgapo. Lopa moya wa gagwe go go thusa. Mme fa o iphitlhela o paletswe ke go bontsha boikgapo mo kgannyeng nngwe, ka boikokobetso le ka tlhoafalo kopa boitshwarelo mo go Jehofa. Jesu o ne a re ruta go rapela jaana: “A u ko u se ka ua re isa mo thaeloñ.” Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba “nnèlè rure mo thapelon.” Jalo, ya go Jehofa “ka go bisa go khutla,” o mo kopa gore a go thuse go leka ka thata go tlhagolela boikgapo mo botshelong jwa gago.—Mathaio 6:13; Baroma 12:12; 1 Bathesalonia 5:17.
A bo boikgapo e le nonofo ya Bokeresete e e molemo-lemo! Tswelela pele go e tlhagolela. Bao ba dirang jalo ba na le boitlotlo jo bo oketsegileng. Ba ipelela kagiso e kgolwane le boitumelo mo malapeng a bone le mo dikamanong le phuthego, ga mmogo le dikamano tse di botoka le ba bangwe mo matshelong a bone a malatsi otlhe. Se se botlhokwa-tlhokwa, boikgapo bo tlhomamisetsa go nna le kamano e e molemo le Mmopi le go ba tlhaola jaaka batlhanka ba Bakeresete ba boammaaruri ba Modimo wa bone, ebong Jehofa.