LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 12/15 ts. 8-9
  • Johane O A Ngotlahala, Jesu O A Gola

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Johane O A Ngotlahala, Jesu O A Gola
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Johane O A Ngotlega, Jesu O A Gola
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o a Oketsega Mme Johane o a Fokotsega
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Johane Mokolobetsi—O re Ruta go Direla Jehofa re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • A Johane O Ne A Tlhaela Tumelo?
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 12/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Johane O A Ngotlahala, Jesu O A Gola

MORAGO ga Tlolaganyo ya dikgakologo tsa 30 C.E., Jesu le barutwa ba gagwe ba tloga mo Jerusalema. Lefa go ntse jalo, ga ba boele kwa magaeng a bone kwa Galalea mme ba ya kwa nageng ya Judea koo ba fetang ba kolobetsa gone. Johane Mokolobetsi o ne a ntse a dira tiro e e tshwanang mo e setseng e ka nna ngwaga jaanong, mme o santse a na le barutwa bao ba kopanelang le ene.

Tota, Jesu ka boene ga a kolobetse ope, mme barutwa ba gagwe ba dira jalo tlase ga kaelo ya gagwe. Kolobetso ya bone e ne le botlhokwa jo bo tshwanang le jwa ya ga Johane, ka jaana e supa boikwatlhao jwa Bajuda jwa dibe tse di kgatlhanong le kgolagano ya Molao wa Modimo. Lefa go ntse jalo, morago ga a sena go tsoga, Jesu o laela barutwa ba gagwe gore ba kolobetse ka kolobetso e e nang le bokao jo bo farologaneng. Kolobetso ya Bokeresete ke sesupo sa gore motho o ineela go direla Jehofa Modimo.

Lefa go ntse jalo, mo tshimologong fela ya bodihedi jwa ga Jesu, ene le Johane, lemororo ba dira ka mo go farologaneng, ba ruta le go kolobetsa ba ba ikwatlhayang. Mme barutwa ba ga Johane ba simolola go tlala lefufa ba bo ba mo ngongoregela kaga Jesu: “Rabi, . . . bōna oa kolobetsa, me batho botlhe ba ea kwa go èna.”

Go na le gore a nne lefufa, Johane o ipelela katlego ya ga Jesu mme e bile o batla gore barutwa ba gagwe le bone ba itumele. O ba gakolola a re: “Le lona ka losi lo bashupi ba me, ha ke rile, Ga ke Keresete, ha e se go re, ke romilwe pele ga gagwè hèla.” Go tswa foo o dirisa papiso e ntle e e reng: “Eo o nañ le monyadwi ke monyadi: me tsala ea monyadi, eo o emeñ a mo utlwa, o itumèlèla lencwe ya monyadi thata: me ke gōna boitumèlō yo yoa me bo dihetse.”

Johane, jaaka tsala ya Monyadi, o ne a ile a ipela dikgwedi tse thataro pelenyana fa a ne a isa barutwa ba gagwe kwa go Jesu. Bangwe ba bone ba ne ba nna bao e tla nnang maloko a setlhopha sa monyadi sa selegodimo sa ga Keresete seo se tla dirwang ka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Johane o batla gore barutwa ba gagwe ba jaanong le bone ba latele Jesu, ereka jaana boikaelelo jwa gagwe e le go baakanya tsela ya bodihedi jo bo atlegileng jwa ga Keresete. Fela jaaka Johane a tlhalosa: “Èna o na le go gola, me nna ke na le go nōtlahala.”

Go ise go nne lobaka morago ga seno, Johane o tshwarwa ke Kgosi Herode. Herode o tsere Herodiase, mosadi wa ga Filipo monnawe, go nna wa gagwe, mme fa Johane a senola phatlalatsa fa ditiro tsa gagwe di sa tshwanela, Herode o mo latlhela mo kgolegelong. Fa Jesu a utlwa kaga go tshwarwa ga ga Johane, o tloga mo Judea le barutwa ba gagwe. Johane 3:22–4:3; Ditihō 19:4; Mathaio 28:19; 2 Bakorintha 11:2; Mareko 1:14; 6:17-20.

◆ Bokao jwa dikolobetso tseo di neng di dirwa ka kaelo ya ga Jesu pele ga a tsoga. Mme morago ga tsogo ya gagwe?

◆ Johane o bontsha jang gore ngongorego ya barutwa ba gagwe ga se e e utlwalang?

◆ Ke ka ntlha yang fa Johane a latlhelwa mo kgolegelong?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela