Kagiso le Polokesego—Di A Tlhokafala
“Ntwa mo lekgolong la dingwaga la bomasome a mabedi e ile ya gola ka iketlo go nna sehologolo go feta, ya senya go feta, ya ferosa sebete go feta ka dibopego tsotlhe tsa yone. . . . Dibomo tse di neng tsa latlhelwa mo Hiroshima le Nagasaki di ne tsa khutlisa ntwa. Gape di ne tsa go phepafatsa sentle-ntle gore re tshwanetse go re le ka motlha re se ka ra nna le ntwa e nngwe gape. Eno ke thuto e motho le baeteledipele gongwe le gongwe ba tshwanetseng ba e ithuta, mme ke dumela gore fa ba setse ba e ithutile ba tla bona kgoro ya botso ya kagiso ya go ya go ile. Ga go na ka tsela e nngwe gape.”—Henry L. Stimson, “The Decision to Use the Atomic Bomb,” Harper’s Magazine, February 1947.
ENE E LE ngwaga fela morago ga popo ya Merafe e e Kopaneng fa Rre Stimson, tona ya tsa ntwa ya U.S. go tloga 1940-45, a ne a bua mafoko a a fa godimo. A mme gone, morago ga mo e ka nnang dingwaga tse 40, motho o ile a ithuta “thuto” nngwe? A Merafe e e Kopaneng e ile ya dira gore go kgonege gore o ipelele botshelo mo ‘kagisong ya go ya go ile’? Kana ebu, akanyetsa tlhotlhwa e kgolo thata e setho se ileng sa e duela ka dintwa le paakanyetso ya ntwa fa e sa le fela Ntwa ya Lefatshe II.
GO SWA GA BATHO: Go swa ga batho go ile ga nna jang fa e sa le Ntwa ya Lefatshe II, mo maitekong a Merafe e e Kopaneng a go tlisa kagiso? “Fa e sa le thulano e kgolo ya Ntwa ya Lefatshe II, go ile ga nna le dintwa tse dikgolo di le 105 ([di lepiwa ka] dintsho tse 1 000 kana go feta ka ngwaga) tse di lolweng mo dinageng le dikgaolo di le 66. . . . Dintwa tsa fa e sa le 1945 di bolaile dimilione tse 16, ba bantsi e le batho ba e seng masole, go feta one masole a a ipapanneng ka dibetsa. (Palo, segolo bogolo ya batho ba e seng masole, ga e a felela; ga go na direkoto tsa kafa molaong tse di bolokwang tsa dintwa tse dintsi.)”—World Military and Social Expenditures 1983 ka Ruth Sivard.
Kagiso le polokesego tota di ntse di katogela kgakala-kgakala—bogolo jwa dintwa bo ntse bo tlhatloga. Go tlhalosa jaana Sivard: “Ka bo-1950 mo palogareng [palo ya dintwa] e ne e le 9 ka ngwaga; ka bo-60, 11 ka ngwaga; mme ka bo-70 . . . , 14 ka ngwaga.”
TLHAKATLHAKANO YA TLHALOGANYO: Fa e sa le Hiroshima, motho o ile a tshelela mo poifong ya ntwa ya nuklea. Aitse, dibetsa tsa nuklea di se kae tsa 1945 di ile tsa gola go nna 50 000 lefatshe ka bophara ka 1983. Mme go sa ntse go ntse go dirwa tse dintsi ntsi! Go phepafetse, jaaka dipalo tsa dibetsa tsa nuklea le merafe e e di tshotseng e ntse e oketsega, go re go ka ikgotlelwa motshitshi wa ntwa ya nuklea. Lefa go ntse jalo, gotweng ka matswela a tlhaloganyo a go tshelela mo poifong ya ntwa ya nuklea?
Buka ya Preparing for Nuclear War—The Psychological Effects e araba jaana: “Matswela a go tshelela mo poifong ya dibetsa tsa nuklea mo maikutlong le maitshwarong a bana le bagodi a tlhoka go tlhotlhomisiwa gape ka potlako . . . Go na le kgonego e kgolo fano, e e tswelelang ya tshenyego mo mekgatlhong ya rona, e tseisiwa phekelo e sele ke kgatlhegelo ya dikokomana tse di golelang mo bogoding. Ke eng se se ferekanyang dikakanyo tsa ngwana?”
Eleruri, basha segolo bogolo ba mo kotsing ya tlhaelo ya isagwe e e babalesegileng. Kanoko ya bosheng ya bana ba sekolo ba Australia ba dingwaga tse di tlogang go 10 go ya go 12 e ile ya tlisa dikakgelo tse di ntseng jaaka tse: “Fa ke gola ke akanya gore go ile go nna le ntwa mme mongwe le mongwe mo Australia o ile go swa.” “Lefatshe le tla tlhatlhamologa—go tla bo go na le ditshedi tse di suleng gongwe le gongwe, mme USA e tla kgakgamolodiwa mo lefatsheng.” Diphesente tse di fetang 70 tsa bana “di ne tsa umaka ntwa ya nuklea jaaka e le yone e e ka nnang teng.” Babatlisisi ba tsa botshelo ba boifa gore tlhaelo ya isagwe e e babalesegileng e ka ikarabelela ka bontlhanngwe go boikutlo jwa basha ba bantsi jwa mma ke itšhebetšhebele gompieno, ka phelelo ya go batla menate.
DITSHENYEGELO TSA MADI: Pele ga bogare jwa bo-1930, ditshenyegelo tsa lefatshe tsa bosole di ne di lekana le dibilione tse $4.5 (U.S.) ka ngwaga. Ka 1982 palo eo e ne ya tlhatlogela go dibilione tse $660. Mme, jaaka o itse, e ile ya nna ya tlhatlogela godimo. Go go thusa gore o kgone go lemoga ditshenyegelo tse di goletsegang, World Military and Social Expenditures 1983 e a tlhalosa: “Motsotso mongwe le mongwe bana ba ba 30 ba a swa ka ntlha ya go tlhoka dijo le melemo e e seng turu mme motsotso mongwe le mongwe madi a a beetsweng bosole jwa lefatshe a fitlha go dimilione tse $1.3 tsa madi a setshaba.” (Mokwalo o o sekameng wa rona.) Mme jaanong, mo dingwageng tse pedi go feta foo, e ile ya fitlha go dimilione tse pedi tsa didolara motsotso mongwe le mongwe.
Fa o akanyetsa tlhotlhwa e kgolo e motho a ileng a e duelelela ntwa le boipaakanyetso jwa ntwa, go na le selo se le sengwe se se tlhomamisegang: Ka boene, motho ga a ka ke a bona “kgoro ya kagiso ya go ya go ile.” Lefa go ntse jalo, ipotse: A go na le tsela ya go bona kagiso le polokesego tsa lefatshe ka bophara mo motlheng wa botshelo jwa rona? Tota e ka tswa motsweding ofe? A o tshwanetse go lebelela go Merafe e e Kopaneng? Fa go se jalo, kagiso le polokesego di tla fitlhelelwa jang?