Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Bona Boikaelelo mo Botshelong
MO LEFATSHENG leno le le bodileng, le le tlhakatlhakaneng palo e ntsi ya batho ba batla botshelo jo bo nang le bokao le boikaelelo. Ba a botsa: ‘Ke ka baka lang re le mono? Re tswa kae? Isagwe e tshotseng?’ Bantsi ba retologela go Modimo mo go batleng dikarabo, mme ga ba ke ba swabisiwa. (Mathaio 7:7, 8) Joo e ne ya nna boitemogelo jwa mosadi mongwe mo Greece. O re:
◻ “Ke ne ke le dingwaga tse 14 fa ke ne ke simolola go ipotsa kaga motho le boikaelelo jwa gagwe mo botshelong. Morago ga go ithuta ka tlholego ya motho kwa sekolong, ke ne ka akanya gore bongaka e tla nna karabo ya dipotso tsa me, mme ke ne ka tlogela megopolo e e ntseng jalo fa ke ne ke ka se ke ke tlhalosediwe tshimologo ya motho.” O a tswelela: “Mme megopolo ya me e ne ya retologela go tepo-dinaledi, mme ke ne ka ithuta ka ditumelo tsa Botlhaba jaaka Iselamo le tumelo ya Tibet. Ke ne ka simolola go dirisa thuto ya ga Lama mo botshelong jwa me, go tswa foo tirisa-badimo. Fa ke ne ke buisana le meya, ke ne ka ikutlwa gore ke bonye boammaaruri. Ditumelo tsa bophirima di ne di iphaka gore di aegile se di se dumelang ka Bibela, mme ereka morutabana wa me wa bodumedi a ne a ka se arabe dipotso tsa me go tswa Bibeleng, ke ne ka tswelela ka ditlwaelo tsa tirisa-badimo, go dirisana le dinaledi, le go tshereanya.”
Ka 1982 mosadi yono o ne a bonana le Basupi ba ga Jehofa, mme o bolela gore: “Tlhaloso ya bone ya Bibela e ne e le motlhofo thata fa e bapisiwa le dithuto tse di raraaneng tse ke neng ka di ithuta. Mme sengwe se ne sa nna sa nkgotletsa go ithuta ka Bibela. Jalo ka ntlha ya boikgogomoso fela ke ne ka amogela thuto ya Bibela go supa fa Basupi ba le phoso.”
Morago ga go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mo e ka nnang ngwaga, o a tlhalosa: “Jaanong ke leboga Jehofa ka pelo ya me yotlhe go bo a ile a nthusa go ithuta boammaaruri joo eleng jone. Kwa bofelong ke gololesegile mo matlhajaneng otlhe a maaka le mo ditumela-botlhoding. Boammaaruri bo motlhofo thata ebile bo ka bonwa motlhofo fela mo Lefokong ja Modimo, Bibela. Kwa bofelong ke ile ka bona dikarabo tsa dipotso tsa me; jaanong ke itse tshimologo ya motho le boikaelelo jwa botshelo.”
◻ Monna mongwe wa Mogerika wa dingwaga tse 27 yo kwa tshimologong a neng a tseneletse mo bokomanising le ene o ne a bona boikaelelo mo botshelong. O ne a ithuta jaaka moenjeneere kwa Jeremane, go tswa foo a boela kwa Greece mme a ikwadisetsa bosole. Maitemogelo a gagwe e ne ya re ka iketlo a mo tlhatswa pelo gore motho ga a mo seemong sa go ka rarabolola mathata a gagwe le go tokafatsa botshelo jwa gagwe. Pele ga monna yono a ya kwa Jeremane, moagelani mongwe wa Mosupi o ne a bua le ene kaga Bibela, mme jaanong o ne a gakologelwa dipuisano tseo. Ka gone he, dikgwedi di se kae pele ga a ntshiwa mo bosoleng, o ne a bolelela mogolwane wa gagwe yo motona: “Ga ke sa tlhole ke itsaya jaanong jaaka lesole!” Lelapa la gagabo le ne le ikutlwa gore o na le mathata mo tlhaloganyong mme ba mo pateletsa gore a etele dingaka tsa balwala tlhaloganyo. Tseno di ne tsa mo neela melemo e mentsi thata gore a e nwe, e e neng ya mo ama mo mmeleng le mo tlhaloganyong go fitlhelela e ne ya re kgabagare a tlogela go e dirisa.
O ne a bonwa ke Basupi ba le babedi mo bodiheding jwa bone jwa ntlo le ntlo mme a simolola thuto ya Bibela le bone. Morago ga go dumalanya botshelo jwa gagwe le dipatlafalo tsa ga Jehofa, o ne a nna mmoledi yo o tlhaga wa mafoko a a molemo. Ka 1984 o ne a tla Segopotsong ga mmogo le ba bangwe ba losika ba le lesome ba a neng a ba laletsa.
Ee, o ile a bona boikaelelo mo botshelong, mme jaanong o na le keletso ya go direla Jehofa jaaka mmulatsela yo o kgethegileng. Tsholofelo ya gagwe ke go bona botshelo jo bosakhutleng mo Thulaganyong e Ntšha ya tshiamo ya Modimo.—Isaia 65:17, 18.